﻿Letsatsi la Thanolo la Boditšhabatšhaba la 2010
Setlhogo sa ITD monongwaga e ne e le "Boleng jwa Thanolo ya Dipuo ka go Farologana". Kgololo ya boradikgang e e ntshitsweng ke FIT e ka bonwa mo webosaeteng ya SATI (www.translators.org.za>Int. Translation Day).
SATI e ne ya keteka le go tsenya seatla mo go tlhatloseng porofaele ya porofešene eno ka ditsela di le dintsi.
Tšhapotara ya kwa Boland e ne ya keteka letsatsikgopotso la yone la bo 20 ka Lwetse a le 18 kwa Welgemeend mo Cape Town o mo go one go neng go na le dijo tsa motshegare tsa monate wa go itoma monwana le seminara e e neng ya ipelelwa ke botlhe ba ba neng ba le gone mo go yone e e neng e le malebana le setlhogo sa ITD sa 2010. Dibui e ne e le maloko a  SATI eleng Sharon Tabraham, Barbara Bohle, Alta van Rensburg, Johan Blaauw le Anne-Marie Beukes. Dikhopi tsa dipuopontsho tsa seminara eo di ka bonwa mo webosaeteng ya SATI. Ikgolaganye le Wilna Liebenberg (wilna@lieben.co.za kgotsa leletsa 082 824 8910) go bona tshedimosetso ya tsela ya go tsena mo tšhapotareng eno.
Leloko la Khansele e leng Manzo Khulu o ne a ema baithuti ka lefoko mo Letsatsing la Thanolo kwa Tshwane University of Technology e e kwa khamphaseng e e ka fa Borwa jwa Soshanguve ka Lwetse a le 22. Dibui tse dingwe di ne di akaretsa leloko la SATI Mashite Mogale wa GCIS le Dr Rolse Masebulele wa UNISA. Tiragalo eno e ne e le karolo ya ditlapele tsa Letsatsi la Boswa la Lwetse a le 24 mme setlhogo sa konokono e ne e le gore go botlhokwa thata gore Ba Aforika Borwa ba dirise le go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa kwa magaeng a bone ka go farologana.
Modulasetulo wa SATI Anne-Marie Beukes o ne a botsolotsiwa mo SAfm ka Lwetse a le 30 kaga thanolo le botoloki mo Aforika Borwa, mo bareetsi ba neng ba bolela fa ba tshwenyegile segolo thata ka boleng kwa go toloka mo dikgotlatshekelong.
SATI le Van Schaik Publishers e ne ya nna baamogedi kwa go gololweng ga buka ya Veeltalige Vertaalterminologie/Multilingual Translation Terminology e e kwadilweng ke  Anne-Marie Beukes le Marné Pienaar (yo le ene e leng leloko la SATI) ka Lwetse a le 30 kwa moletlong wa dino kwa Yunibesithing ya Johannesburg. 
Motlatsa-Modulasetulo wa SATI, ebong Johan Blaauw, o ne a naya pontsho kaga SATI kwa moletong wa ITD ya North-West Provincial Language Service ka Lwetse a le 30. Dibui tse dingwe di ne di akaretsa Moporofesara S. Sebate yo o neng a naya kakaretso ya se tota se kaiwang ke thuto ya thanolo mabapi le go ranolela mo dipuong tsa Aforika mme Edwin de Klerk ene o ne a dira pontsho kaga Trados.
Johan o ne a tshwaragane le meletlo ya ITD ya PanSALB North West le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima kwa Potchefstroom ka Diphalane a le 9. Karolo ya ntlha ya porokeramo e ne e le ka dikgang tsa semolao tsa go tlhoma lekgotla la baranodi le batoloki kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima (mo nakong eno le tla bidiwa North West Language Practitioners’ Association). Karolo ya bobedi ya porokeramo e ne ya remelela mo setlhogong sa ITD 2010, segolobogolo mabapi le go ntlafatsa boleng ka go dirisa ditsompelo tse di ka bonwang ke baranodi ba ba iperekang. Senthara ya Thekenoloji ya Mokwalo (Centre for Text Technology [CtexT]) ya YBB le National Language Body for Afrikaans ba ne ba naya dipuo-pontsho tsa dipuisano kaga dinetefatsa-mopeleto tsa dipuo tsa Se-Aforika le porokeramo ya serweboleta se se sa duelelweng sa thanolo, Autshumato.
Leloko la SATI ebong Tammy Baikie o kwadile athikele kaga thanolo mo go Mail & Guardian (e e tlileng go tswa ka Diphalane a le 15). 
Go Tsalana ga Puo le Badiri ba Bobegadikgang (LAMP)
SATI e kopanetse le PEG (Professional Editors’ Group), Safrea (Southern African Freelancers Association) le WGSA (Writers Guild of SA) go tlhoma tirisanommogo e e sa gagamalang ya puo le badiri ba bobegadikgang. Fa nako e ntse e tsweletse, go tla buisanngwa le ditheo tse dingwe tse di tshwanang gore di tsene mo tirisanongmmogo eno. Boikaelelo jwa seno ke go kopanya ditsompelo tsa go tlhotlheletsa mafapha a bobegadikgang, go tlhatlosa diporofaele tsa morafe le go abelana boitseanape, mme go ntse go bolokilwe boemanosi jwa setheo sengwe le sengwe. Go sa ntse go kwarinngwa memorantamo wa tumalano mme maloko a tla itsisiwe kafa o tsweletseng ka teng fa nako e ntse e tsweletse. 
Go newa tetlelelo-semmuso ya go toloka ga go sala sebui morago
Re leboga maloko otlhe a rona a a neng a tsaya kgato mo patlisisong e e seng kafa molaong malebana le go newa tetlelelosemmuso ya go toloka ga go sala sebui morago. Re amogetse ditsibogelo di feta 100 mme go lebega go na le palo e e lekaneng ya batho ba ba batlang gore re akanyetse go simolola mofuta ono wa go newa tetlelelo-semmunso.  Kgato e e latelang ke go bona gore re ka dira jang go tlhatlhoba ba ba batlang go newa tetlelelo-semmuso eo.
	Gakologelwa gore SATI e setse e ntse e naya tetlelelo-semmuso ya go tolokela gongwe le sebui, thanolo ka kakaretso, thanolo ya baranodi ba ba ikanisitsweng, mareo le tseleganyo ya puo, gammogo le go newa tetlelelosemmuso ya kgwebo ya diofisi tsa puo le baemedi. Ikgolaganye le ofisi ya go naya tetleelosemmuso o atereseng ya (exams@translators.org.za) go bona tshedimosetso e nngwe gape.
Maloko
Maloko a maša: Laetitia Allen, Michelle Andrews, Evert Beukes, Joanne Davies, Rachel Mashala, Siphiwe Mkhatshwa, Estelle Neethling, Gangonde Pidi Pidi, Celeste Ruiters, Sylvia Scholz
Ba baša ba ba neilweng tetlelelosemmuso: Gail Zizzamia: Moranodi yo o ikanisitsweng wa Italian-English
Dikgang tse di tswang go FIT
FIT EC e tla tshwara kopano ya yone e e laelang kwa Macau ka Ngwanatsele a le 4 le 5 ka 2010. Marion Boers (Mokaedi wa khuduthamaga wa SATI) o tla bo a le teng a le mo maemong a gagwe a modulasetulo wa FIT.
Tokololo ya bošeng ya lekwalodikgang la FIT, Translatio, jaanong le ka bonwa mo atereseng ya http://www.fit-ift.org/cms/uploads/file/infofit_documents/17921_Translatio_No3_2010_WEB.pdf. Tokololo eno e bega ka ditiragalo tse di rulagantsweng ke maloko a ditheo mo New Zealand, Cuba, Venezuela le Argentina le kaga baranodi ba dikwadiwa mo Finland. Gape e tlhalosa go tswa ga FIT Secretariat go tswa kwa Montreal go ya go Basel, Switzerland le go tlhongwa ga Mokaedi wa Khuduthamaga yo moša wa FIT, Jeannette Ørsted. 
Kgaisano ya ITD ya Thekenoloji ya Boranodi  A o dirisa serweboleta se se sa duelelweng se se dirang gore o kgone go dira o na le matswela kgotsa o natefelelwe thata? Fa e le gore go ntse jalo, romela tlhaloso ya serweboleta, kafa e go solegelang molemo ka teng jaaka moranodi le kafa baranodi ba bangwe ba ka e bonang ka teng. Leina la gago le tla tsenngwa mo go itekeng lesego mo go rulagantsweng ke Komiti ya Thekenoloji ya Boranodi ya FIT. Go tla dirwa gore mongwe le mongwe a kgone go bona tshedimosetso ya tsotlhe tse di rometsweng. Mofenyi o tla bontshiwa mo webosaeteng ya FIT, gammogo le porofaele e khutshwane ya boitseanape jwa gagwe. Go tsenelela kgaisano eno ga go duelelwe. Ba ba e tsenelang ba tshwanetse gore e bo e le maloko a mokgatlho wa maloko a FIT ba bo ba neye leina la mokgatlho oo le tshedimosetso ya go ikgolaganya le bone. Letlha la go romela ditsenngwa ke Labotlhano, Morule a le 3, 2010. Ditsenngwa di tshwanetse go romelwa e le bogare jwa imeile kwa go FITtrantech@gmail.com. Mofenyi o tla bolelwa ka Ferikgong 2011.
Ntlha nngwe e e kgatlhang
Translating Information, e e tseleganngwang ke Roberto A. Valdeón. ISBN 978-84-8317-815-7. Leloko la SATI ebong Alet Kruger ke mongwe wa ba ba tsentseng seatla mo bolumong e, e e  "kokoanyang tiro ya bakwadi ba le mmalwa ba ba tlhomologileng mo tirong eno, botlhe ba bua ka thanolo ya mafoko a a nayang kitso, e ka tswa e le dikgang tsa boitekanelo, mafoko a a kwadilweng a bojanala kgotsa disilabole tsa yunibesithi. Mme se se tlhomologileng mo bolumong eno ke diathikele tse di buang kaga karolwana e e kgatlhang thata ya thanolo ya dikgang" (Luc van Doorslaer). Tshedimosetso e nngwe e mo atereseng ya: http://www.monabaker.com/tsresources/newpubs_more.php?id=3595_0_4_0_M 
The Role of Translators in Children’s Literature: Invisible Storytellers ka Gillian Lathey. Buka eno e sekaseka hisitori  ya dibuka tsa konokono tsa bana tse di ranotsweng, tse di tshwanang le mekwalo ka mainane a ga  Hans Christian Andersen le Grimms. Lathey o latedisa seabe sa moranodi le kafa baranodi ba amileng hisitori ya dibuka tsa bana tsa puo ya Seesemane ka teng go simolola ka lekgolo la borobabongwe la dingwaga go ya pele. Dipuisano kaga mafoko a a itsegeng thata mo motlheng mongwe le mongwe di senola go fetofetoga ga kafa dibuka tse di kwaletsweng bana, mmogo le makgetlo a baranodi le batoloki ba nnileng le thuso ka one mo ngwaong. Tshedimosetso e nngwe e mo atereseng ya: http://www.routledge.com/books/details/9780415989527/
Translation, Resistance, Activism, edited by Maria Tymoczko. ISBN 978-1-55849-833-4. Bolumo eno ya ditlhamo ya seabe sa bafetoledi jaaka baemedi ba ba tlisang diphetogo e tlotla ka ditsela tsa go buisa dithanolo jaaka direkoto tsa go lwantsha setso le go kgaratlha ga mogopolo. Dithanolo di lejwa e le mefuta ya tiro ya boitshwaro, ya sepolotiki le kgopolo fela go na la go lejwa jaaka sedirisiwa sa puisano kgotsa ditiro tsa bokgoni jwa go tlhama tsa puisokwalo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.umass.edu/umpress/spr_10/tymoczko10.htm  
Kuranta ya Rapport e tllhagisitse diathikele dingwe tse di kgatlhang ka ga thanolo ya puisokwalo mo kgweding e e fetileng. Leba 
http://www.rapport.co.za/Boeke/Nuus/Kreatiewe-proses-stel-talle-uitdagings-201009033(ka ga thanolo ya ga Daniel Hugo ya Koning van Katoren go tswa mo puong ya Se-Dutch) le http://www.rapport.co.za/Boeke/Nuus/Ander-lande-se-psige-kry-lewe-in-Duits-201009033(ka ga setlamo sengwe sa kwa Jeremane as bodirrelo jwa go gatisa se se fetoletseng dibuka tsa Ba-Aforika Borwa e leng Lebogang Mashile, Sello K. Duiker le Ivan Vladislavic mo Sejeremaneng).
Wordfast LLC, e e tlamelang ka serweboleta sa go ranola se se bolokang memori (TM), e tlhamile serweboleta sa mahala sa go ema nokeng thanolo mo go iPad mo teng ga tiriso ya Wordfast Anywere. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.wordfast.com/products_wordfast_anywhere.htmll
Setlamo sa Puo ya Segompieno (Modern Language Association) se kopa gore go tsenelwe kgaisano ya sone e e tlang y ditlhwatlhwa tsa dibuka. Go tla tlhagisiwa ditlhwatlhwa di le 17 tsa dibuka kwa kopanong ya MLA ka Ferikgong 2012, go akaretsa le Awate ya Lois Roth ya thanolo e e di gaisitseng tsotlhe go ya mo Seesemaneng ya puiso-kwalo.  Thanolo e tshwanetse go bo e le e e gatisitsweng ka 2010, baranodi ga ba tlhoke go bo e le maloko a MLA. Letsatsi la bofelo la go tsenelwa ga yone k 1 Moranang 2011. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba awards@mla.org  or http://www.mla.org/resources/awards/awards_submissions/awards_competitions/biennial_prizes2011/prizeinfo_rothh
Serweboleta sa khomphiutha le Ditsha tsa Inthanete
Dibukamantswe tsa Pharos, tse di gatisitsweng ke NB Publishers, bošeng jaana ba golotse serweboleta se seša sa Multilingual Illustrated Dictionary, go dira gore go ithuta tlotlofoko go nne monate le go feta. CD-ROM, e e theilweng mo bukeng e e kwadilweng ke John Bennet le Nthuseng Tsoeu, e ne ya tlhamiwa ke Senthara ya Thekenoloji ya Mokwalo (CTexT®) kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (khamphase ya Potchefstroom). Dipuo tse e kwadilweng ka tsone ke Seesemane, Sezulu, Sesotho sa Borwa, Sexhosa, Setswana, Aforikanse le Sepedi. CD-ROM e ka bonwa mo go On The Dot (orders@onthedot.co.za : ka go leletsa nomore ya 0800 220 224) kgotsa Bowline (021 550 9700). Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le: Moira Müller (Moira.Muller@nwu.ac.za). 
Baranodi ba le bantsi ba amogela diimeile go tswa kwa bathong ba ba reng ba batla baranodi go ba naya tiro ya go ranola, mme gantsi ba iphitlhela ba tsieditswe. Leba athikele ya Proz.com Wiki e e buang ka go lemoga le go tsibogela batho ba e seng ba ba batlang baranodi ka mmatota go ba naya tiro ya go ranola le ditsietso tse dingwe, go bona dintlha di le dintsi ka ga seno, leba: http://wiki.proz.com/wiki/index.php/Detecting_and_reacting_to_false_job_offers_and_other_scams. 
Go simolotswe webosaete e ntšha e e leng ya baranodi fela le ditlelaente. E akaretsa go ikwadisa mo inthaneteng, tsela ya go botsamaisi jwa porojeke, tirelo ya Escrow le go tlotla mmogo le go kwalelwana melaetsa. Leba www.bewords.com. 
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Go kwala pego le ditshitshinyo: Kokoano eno ya go tlhabana botlhale e e tsayang malatsi a le mararo kwa Stellenbosch University Language Centre, ka di 26–28 Diphalane 2010, e tla go tlhomelela gore o kgone go kwala ditokumente tse di botlhokwa ka tsela e e tla go tswelang mosola thata le ka go itshepa. Letlha la go bofelo la go ikwadisa ke di 15 Diphalane 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe, ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za. 
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Leina, Setho: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atrereseng ya bneethling@uwc.ac.za. 
Kokoano ya go tlhabana botlhale ya go ranola le go tseleganya: Yunibesiti ya Stellenbosch/Kommunico, 1–5 Nngwanaatsele 2010. Lenaneo leno le tlotla ka kgopolo ya go ranola, kgopolo ya go tseleganya, go kwala ditshupiso, thanolo ya semolao, botseleganyi jwa semolao, dithanolo ka tsa ditšhelete, botseleganyi jwa tsa ditšhelete, mokwalo wa webosaete le thanolo ya puiso-kwalo. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke di 28 Diphalane 2010. Ikgolaganye le Amanda Lourens go bona tshedimosetso e nngwe, mo atereseng ya: alou@iafrica.com kgotsa mo nomoreng ya 084 514 8111
Mekwalo ya webo le diwebosaete: Pakete e e feletseng: Kokoano ya go tlhabana botlhale ya malatsi a le tlhano kwa Stellenbosch University Language Centre, ka di 8-12 Ngwanaatsele 2010, e tla tlotla ka go kgabisa, go tlhama le go tlhokomela webosaete. Letlha la bofelo la go romela dikopo ke di 28 Diphalane mme go ka amogelwa batsaya-karolo ba le 20 fela lenaneo ka lengwe. Go bona tshedimosetso e nngwe, ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za. 
Didiriswa tsa Patlisiso mo Dithutong Tsa Boranodi II: Manchester, 29 Moranang–2 Motsheganong 2011. Boikaelelo jwa khonferense ke go dira gore go nne le tshono ya go tshwara kgang ya moruthutha ka dikgang tsa konokono ka ga didirisiwa tse diša tse di dirilweng tsa patlisiso le go sekaseka ka mo o tseneletseng  dingwe tsa dikgopolo tsa dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Letlha la go ikwadisa go sa le gale ke 1 Ngwanaatsle 2010. Ikwadise mo atereseng ya http://www.llc.manchester.ac.uk/ctis/activities/conferences/researchmodels2/registration/. 
Setlhopha sa Seporfešenale sa Batseleganyi (Professional Editors’ Group [PEG]) se tla bo se tshwere tiragalo ya go itsane le ba bangwe ka di 12 Ngwanaatsele 2010 kwa Zoo Lake Sportsmans Club in Parkview ka 2 pm. Lia Marus o tla bo a bua ka setlhogo se se reng “Ka fa o ka dirang ka gone webosaete ya DIY”. Dikete tsa teng tsa maloko a PEG di ja R30 mme tsa ba e seng maloko a PEG di ja R40 mme botlhe ba ba leng teng ba tla ituelela dino le dijo. Romelela Joan Fairhurst imeile kwa atereseng ya joanfair@global.co.za gore a go beele manno. 
Lekala la kwa Cape Town la PEG le tlile go tshwara dikokoano di le pedi tsa go tlhabana botlhale mo ngwageng ono, e leng tsa: Go tolokela Khonferense ya PEG ka ga ‘Masetase ya go Tseleganya le Dipego Tsa Bongaka le Setlhogo sa Pego: Mokgwa wa Boitshwaro le go akanyetsana ka tshwanelo (13 Ngwanaatsele 2010 kwa Royal Cape Yacht Club kwa Table Bay Harbour) le Go dikgang ka ga go bua puo e e phepa le go e dirisa (11 Sedimonthole 2010 mo go lone lefelo leno). Leba peg@editors.org.za go bona tshedimosetso e nngwe.
Khonferense ya Ntlha ya Porothokholo mo Aforika (First Annual Protocol Conference of Africa [APCA]): CSIR International Convention Centre, Pretoria, 17–19 Ngwanaatsele 2010. Khonferense e tla bua ka ditlhogo tse di jaaka mekgwa-tsamaiso e e tshwanetseng ya porothokholo, go dira dilo tumalanong le porothokholo e e amanang le pharologano ya ngwao le setso sa ditšhaba tsa Ba-Aforika, diketelo tsa semmuso, direto le mokgwa wa go bua le batho ba maemo le go dirisana le ba metswedi ya dikgang, mmogo le lenaneo le le amanang le baranodi le batoloki, e e tlang bong e tshwerwe ke Johan Blaauw yo e leng motlatsa-modulasetulo wa SATI. Go bona tshedimosetso e e nngwe, leba: http://www.protocolconference.net/
Sekolo sa Bobedi se se Tshwarwang ka Dikgakologo sa Dithuto Tsa Thanolo mo Aforika: Yunibesiti ya Stellenbosch, 29 Ngwanaatsele–4 Sedimonthole 2010. Se tshwarwa ke Lefapha la Botsamaisi Jwa Puo le Go Dira ka Puo kwa Yunibesiting ya Foreisetata le Lefapha la Aforikanse le Se-Dutch kwa Yunibesiting ya Stellenbosch, SSTSA ke sa baithuti ba gerata ya bongaka/masetase le/kgotsa batlhatlheledi ba dithuto tsa thanolo le puisano fa gare ga ditso tse di farologaneng go tswa mo Aforika yotlhe ka boikaelelo jwa go tlhama ajenda ya Se-Aforika ya dithuto tsa thanolo. Go bona tshedimosetso e e nngwe, leba: http://www.ufs.ac.za/SSTSA. 
Sekolo sa Seesemane sa Dinaga Tse di mo Borwa Jwa Aforika: Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya 2011 ya Golden Jubilee – Padi, Puisokwalo le Puo: Cape Town, ka di 27–30 Lwetse 2011. Khonferense e laletsa babatlisisi ba ba sa bolong go nna gone le ba ba fatlhogang, barutabana le badiri ba dipholisi go mekamekana le dikgwetlho le mathata a dikarolo di le tharo tsa padi ya Seesemane, puisokwalo le thuto ya puo ya Seesemane. Dipuo tse di tlhophilweng tse di neng di le ka ga seno di tla gatisiwamo jenaleng e e neilweng tetlelelo-semmuso le e e boeleditsweng ke dithaka tsa bakwadi ba tsone ya Sekolo sa Seesemane sa Dinaga Tse di mo Borwa Jwa Aforika, e e bidiwang The English Academy Review. Ditshobokanyo tsa dipuo tse di tlileng go neelwa (tsa mafoko a a sa feteng 300) di tshwanetse go romelwa kwa mo Mohumagatsana Naomi Nkealah kwa atereseng ya englishacademy@societies.wits.ac.za ka di 30 Ngwanaatsele 2010. 
Khonkerese ya Lefatshe Lotlhe ya FIT ya bo XIX: Kwa San Francisco, kwa USA, 1–4 Phatwe 2011. Setlhogo sa Khonkerese ke “Go Kopanya Ditso”. Go kopiwa gore go dirwe ditshitshinyo (tsa mafoko a a sa feteng 300) tsa mananeo le phanele e e tla bong e bua ka ditlhogo tse di farologaneng. Letlha la go romelwa ga tsone ke 1 Sedimonthole 2010. Dipuo, tse di tla neelwang ka Seesemane, di romelwe kwa atereseng ya tarek.shamma@uaeu.ac.ae . Go bona tshedimosetso e nngwe le go ikwadisetsa khonkerese eno, leba: www.fit2011.org. 
E ranotswe! Moletlo wa go tshwara motlotlo ka thanolo ya puiso-kwalo: Yunibesiti ya Monash, kwa Melbourne, Australia, 7–12 Tlhakole 2011. Boikaelelo jwa moletlo ono ke wa baranodi ba ba sa ntseng ba fatlhoga go fitlha ka ba ba mo maemong a a fa gare mo mokgeleng wa bone wa tiro mme o tla tsaya sebaka sa beke e leng nako e ka yone go tla bong go tshwerwe lenaneo la go ba katisetsa thanolo ka go e dira ka tlhamalalo, mmogo le go tshwara metlotlo e e leng ka ga dikarolo tsa kgopolo, tiro ya thanolo ya puiso-kwalo. Go bona tshedimosetso e e nngwe, leba: http://www.arts.monash.edu.au/translation-interpreting/translated.php
Thanolo ya Aforikanse: Mariènne Botha, Leona Labuschagne, Johan Blaauw
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe, Pauline More
Thanolo ya Sezulu: Manzo Khulu
Thanolo ya Sesotho sa Borwa: Mike Mahase
Thanolo ya Sexhosa: Sonwabile Cotiyana, Angelinah Dazela
Thanolo ya Seswati:Benjie Shongwe
__________________________________________________________________________________________________________________

Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:

     Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za

     Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za

