
Dirisa letshwaomoono la SATI ka metlha
Letshwaomoono la semmuso la  Pholisi ya SATI le konoseditswe. Jaaka leloko la SATI, seno se go letla go bontsha gore o motlotlo go emela porofešene eno. O ka dirisa letshwaomoono le mo dikarateng tsa kgwebo, ditlhogo tsa makwalo a gago, dipampishana tsa ditumediso, dipampiri tsa dikopo-tlhwatlhwa, manaanetuelo, diboroutšhara, dibukana, mo webosaeng ya gago, mo tshaenong ya gago ya imeile le mo dipapatsong. Kwalela Marion Boers kwa atereseng ya office@translators.org.za gore a go romelele Pholisi ya Letshwaomoono la SATI ka botlalo le khopi ya gago ya semmuso ya letshwaomoono leno.
Ditiragalo tsa SATI tsa go golagana le ba bangwe
Leloko la Lekgotla la SATI e leng Michelle Rabie o tla bo a tshwere kokoano ya go tlhabana botlhale le ba bangwe e e ratwang ke ba le bantsi ya "Tsela ya  go Ipapatsa jaaka Modira ka Dipuo yo o Iperekang" kwa Durban ka Lwetse a le 17, 2010 le kwa Bloemfontein ka Diphalane a le 22, 2010. Ofisi ya SATI e tlile go romela diforomo tsa go ikwadisa mo bogautshwaneng.  O se ka wa tlolwa ke tshono eno ya go ithuta sengwe se seša, go kopa le batho ba ba akanyang jaaka wena le go ipelela diseneke tse di monate.
Leloko la Khansele e leng Manzo Khulu o ne a tshwara kokoano e e atlegileng mo Johannesburg ka Motsheganong go batlisisa ka kgonego ya go tlhoma tšhapotara ya go tshegetsa maloko a a dirang ka dipuo tsa Seaforika. Kokoano ya go latedisa seo e tla tshwarwa ka Phwatwe, e ntse e le mo Johannesburg. Dintlha ka ga letlha le lefelo di tla itsisiwe mo bogautshwaneng.
Moletlo wa SATI wa Letsatsi la Boditšhabatšhaba Thanolo la 2010 le tla tshwarwa ka Labone, Lwetse a le 30 kwa Yunibesithing ya Johannesburg. Setlhogo sa letsatsi leo e tla nna tlhomamiso ya boleng mme tiragalo eo e tla akaretsa go gololwa ga buka ya mareo a thanolo ya dipuontsi ka modulasetulo wa SATI Anne-Marie Beukes le leloko la SATI Marnè Pienaar.
SATI Boland e tla keteta letsatsi la ngwaga wa bo 20 monongwaga, mme seminara le moletlo wa tsalano o tla nna ka mafelobeke a Lwetse a le 18/19. Dintlha di tla latela.
Tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya SATI fa e le gore o kgona go naya khoso kgotsa o na le megopolo mengwe kgotsa dikopo tsa ditiragalo tse o batlang gore Setheo se di tshwara.
Sejana sa Lefatshe sa 2010
A o ne o le koo? Fa e le gore o ne o tshwaragane le tiro ya go ranola/go toloka e e mabapi le tiragalo nngwe (pele ga sone, fa se tsweletse kgotsa morago ga sone), tsweetswee re bolelele ka yone. Re batla go digela pego e khutshwane kaga mofuta wa tiro ya puo o Sejana sa Lefatshe se neng sa e direla Ma-Aforika borwa. Romela tshedimosetso go Marion kwa office@translators.org.za.  
Maloko
Maloko a maša: Marisan Blignaut, Danielle Boxshall-Smith, Ronny Diatezoya, Nosipho Dlomo, Siya Lokwe, Priscilla Mahlangu, Lizé-Marie Marais, Nomfanelo Matlatse, Malungi Mbhele, Boitumelo Phalatse, Ben Steyn
Ba ba tlhokafetseng: Malgorzata Johnson, Pieter de Kock
Meneelo ya Development Fund: R Harm, W Nolting
Ntlha Nngwe e e Kgatlhanong
Leloko la SATI, e leng Olivier Fléchais o ne a botsolodiwa mo lenaneong la radio SAfm  la “Word of Mouth” ka Phukwi a le 4 ka ga go dira jaaka motoloki le moranodi.. Kgaso e e ka reediwang e ka bonwa mo go www.safm.co.za.   
Go kgona go tsweledisa le go tsamaisa mareo a a kgethegileng mo mafelong otlhe a dipuo tsa semmuso mo Aforika Borwa, Lefapha la Botsweretshi le Tlhago le tlhomile Kwadiso ya Boditšhabatšhaba ya Diporojeke tsa Mareo (National Register for Terminology Projects). Banaleseaba botlhe ba mareo ba rotloediwa go kwadisa diporojeke tsa bone mo go lefapha la Ditirelo Tsa Bosetšhaba Tsa Puo, go tila gore ditlhopha tse di farologaneng tse di dirang mo dikarolong tse di tshwanang di se ka tsa boeletsa diporojeke. Boikaelelo jwa Kwadiso eno ke go tlhomamisa gore go na le boremelelo jwa diporojeke tsa mareo, jo badirisi botlhe ba ka kgonang go tsena mo go jone. Kwadiso eno e ka bonwa mo webosaeteng ya Lefapha. www.dac.gov.za/http://terminology.dac.gov.za/. Dipotso di ka lebesiwa kwa Mohumagatsana Alet Oelofse (012 441 3827), Rre Lutamo Ramuedzisi (012 441 3844) kgotsa Rre Solly Mnisi (012 441 3851).
Lekwalodikgang la Infoterm la bošeng le ka bonwa mo inthaneteng mo atereseng ya  http://infoterm.info/pdf/activities/INL/INL_136.pdf. Lekwalodikgang leno ke la semmuso la kotara ya ngwaga nngwe le nngwe la International Centre for Terminology (Infoterm), le le itsiseng babadi ba lone kaga ditswelelo tsa bosheng mo karolong ya mareo. Gape le naya tshedimosetso kaga ditiro tsa bosheng le ditiragalo tsa nako e e tlang tsa maloko a Infoterm le badirammogo.
Dithomelo tsa makwalokopo a khoso ya dikerii ya Wits BA Publishing Studies Honours ya 2011 di buletswe. Khoso eno e tshwanela ba ba nang le kgatlhego mo tirong ya digatisiwa, kgotsa ba ba setseng ba thapilwe ke bagatisi, kgotsa ba ba batlang go nna badiri ba ba iperekang mo intasetering eno. Thomelo ya makwalokopo a 2011 e tswalelwa ka Ngwanaatsele a le 30,  2010. go bona tshedimosetso kaga diteng tsa khoso eno, ikgolaganye Colleen Dawson mo atereseng ya colleen.dawson@wits.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 011 615 2335. Go bona tshedimosetso kaga tsamaiso ya go romela lekwalokopo, ikgolaganye  Merle Govind mo atereseng ya merle.govind@wits.ac.za kgotsa 011 717 4140. Go bona tshedimosetso e nngwe gape, leba: http://web.wits.ac.za/Academic/Humanities/SLLS/Disciplines/PublishingStudies
Serweboleta sa khomphiutha le Ditsha tsa Inthanete
WikIdioms, e leng bukafoko ya diane ya dipuo tse di farologaneng, e golotswe ka dipuo tse di fetang 30, e e kwadilweng key bakwadi ba le 100 mme e na le mareo a le 30 000. Leba http://www.wikidioms.com.
Wordfast LLC, e e tlamelang ka serweboleta sa khomphiutha sa memori wa go ranola, e dirile gore batho gongwe le gongwe ba kgone go dirisa Wordfast Anywhere, e leng sedirisiwa sa memori wa go ranola se se leng mo webong se se diretsweng go thusa baranodi mmogo le ditlamo tsa go ranola go kgona go bula didirisiwa tsa TM mo lefelong le le sireletsegileng, mo lefelong la go ranola mo inthaneteng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.wordfast.com
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Synthesis Vol. 4 (2011): Translation and Authenticity in a Global Setting. Boikaelelo jwa tokololo ya jenale eno ke go tlhoma mogopolo mo tirong e e botlhokwa e e dirwang ke thanolo mo go tsa tlhaeletsano ya ga jaanong lefatshe ka bophara, le go tlhoma mogopolo mo dilong tse di boammaaruri le boitshupo jwa lefatshe lotlhe/selegae. Go kopiwa gore go romelwe ditlhogo tse di amanang le dipolotiki tsa thanolo, kgololesego ya go ranola, mefuta ya thanolo, thanolo le go dirwa ga dilo ka go tshwana mo lefatsheng lotlhe, thanolo le go paralala melelwane, le (go sa) go ranolega(e). Ditshitshinyo tsotlhe (tsa mafoko a le 800–1000) tsa ditlhogo tseno le dipotso dife fela di tshwanetse go romelwa ka imeile kwa Batseleganying ba babedi ba Tokololo eno: Dionysios Kapsaskis (d.kapsaskis@roehampton.ac.uk) le Lucile Desblache (l.desblache@roehampton.ac.uk). Letlha la bofelo la go romela ga ditlhogo ke 30 Ngwanaatsele 2010 mme letlha la go romela ditlhogo ke 30 Lwetse 2011. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba: http://www.enl.uoa.gr/synthesis/about.htm 
Puisno, Setso le Leina le Setlamo sa Gago le Itiretseng Lone: Kokoano ya go tlhabana botlhale ya letsatsi le le lengwe kwa Tikatikweng ya Dipuo ya Yunibesiti ya Stellenbosch, ka di 26 Phatwe 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za 
TM-Europe 2010 Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Bolaodi Jwa Thanolo: Krakow, Poland, 30 Lwetse–1 Diphalane 2010. Setlhogo: Bolaodi Jwa Porojeke le Thekenoloji, le Go Tokafatsa Kgwebo ya Intaseteri ya Thanolo le Thanolelo mo Dipuong Tsa Selegae. Dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa pele ga khonferense ka 29 Lwetse 2010. Go ka ikwadisiwa jaanong. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.tm-europe.org  
Khonferense ya Boditšhabatšhaba: Seabe sa Thanolo mo go Ageng Setšhaba, Moya wa go batla go ipusa le mokgwa wa go dira ditshwetso fa gare ga ditlhopha tse di farologaneng tsa sepolotiki: Motse-mošate o Moša wa Delhi, kwa India, 16–19 Sedimonthole 2010. o rulagantswe ke Setlamo sa Baranodi ba Ba-India le Mokgatlho wa Puo ya Se-India, khonferense ya teng e tla bua ka seabe sa thanolo ka Se-India. Leba http://www.itaindia.org/itaindia2010.php go bona tshedimosetso e nngwe ya se go tla bong go tlotlwa ka sone le ditlhogo tsa teng. Ditlhogo tsa dipuo tse di tlileng go neelwa di tshwanetse go bo di rometswe go Mokwaledi wa ITAINDIA ka 30 Phatwe 2010 kwa atereseng ya info@itaindia.org. 
Khonferense ya IALB-Tradulex – Dipuo le Dikgwebo Tsa Gompieno le Ditharabololo Tsa ka Moso: Lisbon, Portugal, 1–2 Diphalane 2010. E rulagantswe ke Setlamo sa Boditšhabatšhaba sa Puo le Kgwebo (IALB) le kokoano ya boditšhabatšhaba ya Tradulex, khonferense e tla bua ka diphetogo tse di nnileng gone mo intasetering ya puo ka ntlha ya mathata a bošeng jaana a ditšhelete a a amileng lefatshe lotlhe. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ialb-tradulex.org/ 
Khonferense ya Borobedi ya Boditšhabatšhaba le Dipontsho Tsa Go Ruta Puo ka Tiriso ya Dilo Tse di Kgonang go Reediwa le go Bogelwa:  Diphetogo Tse di Tlisitsweng ke Thekenoloji ya Dijethale ya Didirisiwa Tse di Kgonang go Reediwa le go Bogelwa - A ke Tshegofatso kgotsa Phutso? Berlin, Germany, 6–8 Diphalane 2010. Batsayakarolo ba tla tlotla ka diphetogo le ditlhamoseša ka tiriso ya dilo tseno fa go rutwa puo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.languages-media.com/index.php 
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atrereseng ya bneethling@uwc.ac.za.
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Morago ga Kalogo mo go tsa Thanolo le Go Toloka (IPCITI ka Seesemane) ka 2010: Go Akanya le go Fetola Dilo – Teboseša, dithulaganyo tse diša le matswela a maša: Yunibesiti ya Manchester, UK, 29–31 Diphalane 2010. Eno ke khonferense ya borataro mo motseletseleng ono, e boikaelelo jwa yone e leng go naya babatlisisi ba ba botlana tshono ya go bolelela ba bangwe ka patlisiso ya bone le go nna le seabe mo tiragalong e kgolo ya go kopana le batho ba dinaga di sele. Dipotso di ka romelwa go ipciti2010@manchester.ac.uk. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ipciti.org.uk/     
Sekolo sa se se Tshwarwang Selemo sa Dithuto Tsa Thanolo mo Aforika: Yunibesiti ya Stellenbosch, 29 Ngwanaatsele–4 Sedimonthole 2010. Se tshwarwa ke Lefapha la Dithuto Tsa Aforika le Asia, la Puo ya Diatla le la Go Dira ka Puo kwa Yunibesiting ya Foreisetata le Lefapha la Aforikanse le Se-Dutch kwa Yunibesiting ya Stellenbosch, Sekolo seno se se Tshwarwang Selemo ke sa baithuti ba gerata ya bongaka le/kgotsa batlhatlheledi ba dithuto tsa thanolo ka boikaelelo jwa go tlhama ajenda ya Se-Aforika ya dithuto tsa thanolo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ufs.ac.za/SSTSA  
Khonkerese ya Lefatshe Lotlhe ya FIT ya bo XIX: Kwa San Francisco, kwa USA, 1–4 Phatwe 2011. Setlhogo sa Khonkerese ke “Go Kopanya Ditso”. Letlha la bofelo la go romelwa ga dipuo tse do tshitshintsweng gore di neelwe ke 10 Sedimonthole 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.fit2011.org
Thanolo ya Sexhosa: Thokozile Mabeqa, Angelinah Dazela 
Thanolo ya Seswati: Benjie Shongwe 
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe, Pauline More 
Thanolo ya Sezulu: Manzo Khulu 
Thanolo ya Sesotho sa Borwa: Mike Mahase
Thanolo ya Sesotho sa Borwa: Mapule Moswane
Thanolo ya Aforikanse: Ettienne van Zyl,Anne-Marie Beukes
Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:
Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za
Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za
