Dipeeletso tsa 2010
Dipeeletso tsa 2010 di ne di tshwanetse go bo di duetswe fa Mopitlwe e fela. Fa e le gore ga o ise o duelele tsa gago, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya SATI kwantle ga go dia nako (office@translators.org.za). Lenaane la baromelelwa le tla ntšhafadiwa kwa bofelong jwa Motsheganong mme maina a maloko a a sa duelang a tla ntshiwa mo lenaaneng la batho ba re ba romelelang dilo ka poso. Maloko a a neilweng tetlelelo-semmuso  a gakololwa gore tetlelelo-semmuso ya one e amogelesega fa fela e le gore ga jaanong ke maloko a Setheo.  Fa e le gore ga o kgone go ntšhafatsa boleloko jwa gago ka ntlha ya bothata jwa madi, tsweetswee gakologelwa gore maloko a ka dira kopo ya gore a thusiwe ka SATI Development Fund
Sejana sa Lefatshe sa 2010
Ereka go setse mo e ka nnang kgwedi fela pele ga tiragalo e kgolo eno, baranodi le batoloki ba tlwaetse potso eno jaanong – “Lo tshwanetse lwa bo lo na le tiro e ntsi ka gonne go tla batho ba bantsi mo Aforika Borwa ka Seetebosigo. Re batla go itse gore ke dipuo dife tse di nang le tiro e ntsi ka ntlha ya Sejana sa Lefatshe. Ga re a lebelela gore o re bolelele diphiri tsa kgwebo ya gago, lefa go ntse jalo tsweetswee re romelele tshedimosetso e khutshwane fela go office@translators.org.za kaga tiro epe ya go ranola/go toloka e o ka tswang o tshwaragane le yone (kgotsa e o setseng o e feditse) e e amanang le tiragalo eno.
Ditiragalo tsa SATI tsa go golagana le ba bangwe
Bongwe jwa boikaelelo jwa go gatela pele  ga Khansele ya SATI ke go rulaganyetsa ditiragalo tsa go golagana le ba bangwe. Tiragalo ya ntlha ya tsone mo ngwageng ono, e e neng e tshwerwe ke leloko la Khansele e leng Michelle Rabie, e ne ya diragala ka Moranang kwa Blue Crane Restuarant mo Pretoria. Michelle o ne a bolela ka ditlhabobotlhale tsa go ipapatsa jaaka moranodi yo o iperekang mme botlhe ba ne ba itumelela maitseboa ao.
Leloko la khansele e leng Manzo Khulu o ne a tshwara kopano ka Motsheganong a le 14 mo Johannesburg e remeletse mo malokong a a dirang ka dipuo tsa Se-Nguni. Manzo o solofela gore kwa bofelong o tla tlhama Tšhapotara ya SATI e ntšha, maloko a a nang le mogopolo o o tshwanang a ka tlotla ka metlha ka dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone fa ba dira ka dipuo tseno.  Tsweetswee ikgolaganye le ene mo go manzo@translators.org.za go bona tshedimosetso e nngwe gape.
Re rulaganyetsa go nna le ditiragalo tse dingwe tsa mofuta ono mo nageng yotlhe. Tsweetswee re itsise fa e le gore o batla gore re tle kwa toropong ya gago le gore ke ditlhogo dife tse o batlang gore go tlotliwe ka tsone ka nako eo.
Dikgang tse di tswang go FIT
Kopano ya Khansele ya  FIT e tlile go tshwarelwa kwa Moscow Motsheganong a le 28 le 29. Marion Boers o tlile go nna teng kwa go yone jaaka Tautona ya FIT. 
Kitsiso ya ntlha kaga XIXth FIT World Congress, e e tla tshwarwang ka Phatwe 2011 kwa San Francisco, e tla itsisiwe mo nakong e khutshwane. Nna o e lebeletse mo webosaeteng ya FIT: www.fit2011.org 
Pontsho ya Dibuka ya kwa Lontone ya 2010
Ka maswabi, molora wa lekgwamolelo la kwa Iceland o sentse dithulaganyo tsa SATI tsa go nna teng kwa LBF: Loeto lwa sefofane la Moemedi wa SATI, Wilna Liebenberg le ne la khanselwa malatsi a sekae pele ga tiragalo eo. Lefa go ntse jalo, re ne ra emelwa ke setheo se re dirisanang mmogo le soen e leng, PEG, mme pego kaga tiragalo eno e tla tsenngwa mo tokololong e e tlang ya Muratho.
Maloko
Maloko a maša: Eduardo Arques Esteve, Wena Coetzee, Deborah Dawson, Linda de Wet, Theresa Engeström, Tertius Franzsen, Ilze Hattingh, Jo-Mari Huisamen, Nico Käber, Morné Kotze, Bernie Kruger, Fanny Lacroix, Melanie Law, Diemut Magon, Phakamani Mbatha, Jorge Milazzo, Monnapula Molefe, Mila Naccari, Brilliant Ndubane, Oupa Nkuna, Ana Cristina Nunes Escaleira, NWU CTrans (maloko a khamphane), Lindsay Palmer, Laurent Roux, Benjamin Shongwe, Yvane Stanford, Anne Strauss, Jan Vink
Barolatiro: Noelle Lawson, Cathy Fazey, Hanelle Fourie, Frances Esterhuizen, Ciaran MacCarron
Banewatetlelelo-semmuso ba baša: Julia Pedro: Moranodi yo o ikanisitsweng wa Seesemane-Sepotokisi; Antoinette van Rooyen: Moranodi wa Seesemane-Se-Aforikanse; Eugene Seegers: Moranodi wa Seesemane-Se-Aforikanse 
Dintlha dingwe tse di kgatlhang
Ofisi ya Yuropa ya go Tlhopha Badiri (European Personnel Selecton Office) e ka nna ya simolola kgaisano ka Phukwi ya go thapa baranodi ba puo ya Seesemane ba ditheo tsa Kopano ya Mafatshe a Yuropa. Bakopatiro e tshwanetse ya bo e le baagi ba Naga ya Leloko la EU, ba na le dikerii tsa bachelor mo tirong eno e bile ba kgona go ranola go tswa go dipuo tse pedi tsa semmuso tsa EU ba ranolela mo Seesemaneng sa seemo se se buiwang mo lefelong leo. Etela webosaete ya http://www.eu-careers.eu kgotsa amogela kitsiso ya tshimololo ya kgaisano eo ka go tsena mo setlhopheng sa Facebook se se bidiwang ‘We are waiting for the 2010 EU English-language translation competition’ mo go:
http://www.facebook.com/home.php?#/group.php?gid=189470229968&ref=mf.
Sebaka sa Sekgele sa Boditšhabatšhaba sa Motshodi wa Two Holy Mosques Abdullah bin Abdulaziz International Award sa Thanolo (The Custodian of the Two Holy Mosques Abdullah bin Abdulaziz International Award for Translation) jaanong se simologile. Sekgele se ke sa ngwaga le ngwaga sa go tlotlomatsa dibuka tsa thanolo le ditheo tse di kwa godimo ka ntlha ya seabe sa bone sa botlhokwa mo tirong ya boranodi tse di tswang le tse di mo mafatsheng a Searabea.  Go tlhophiwa ga bone go tswalelwa ka 20 Phatwe 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe gape, leba: www.translationaward.org 
Dirweboleta le Diwebosaete
Prolingua, mokgatlho wa badiri ba dipuo tsa Se-Aforikanse le Seesemane o gape e leng mokgatlho o o tsalanang le SATI, o simolotse webosaete ya one: http://www.prolingua.org.za. 
Lefapha la Botsweretshi le Setso (Department of Arts and Culture [DAC]) o rulaganyeditse manaane a mararo a a ka bonwang mo webosaeteng ya one (www.dac.gov.za). Lenaane leo le ka nna la laisololwa kgotsa batho ba le ikgatisetsa go le dirisa ka bobone kgotsa go ruta ka lone. Tsweetswee bona webosaete ya DAC go bona manaane a a latelang: Multilingual Soccer Terminology List, Multilingual ICT, Multilingual Mathematics, Multilingual Natural Sciences (Nguni), Multilingual Natural Sciences (Sesotho), Multilingual Natural Sciences (Tshivenda/Xitsonga), Multilingual Parliamentary/Political Terminology
 
Infoterm, e leng International Information Centre for Terminology, e ne ya tlhongwa ka 1971 ka konteraka key UNESCO, ka boikaelelo jwa go ema nokeng le go okamela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba mo ditirong tsa go dira lenaanefoko la mareo. O ka kgona go buisa lekwalodikang la bone la bošeng mo atereseng ya http://infoterm.info/pdf/activities/INL/INL_135.pdf.
Dikgatiso
Go sekaseka boleng jwa Thekenoloji ya go Ranola, ka Walter Daelemans le Véronique Hoste (ISBN 9789054876823), e e gatisitsweng ke Linguistica Antverpiensia New Series – Themes in Translation Studies, lekwalopaka la Lefapha la Baranodi le Batoloki, Kholetšhe ya Yunibesiti ya Artesisi kwa Antwerp. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.aspeditions.be/article.aspx?article_id=EVALUA051P&langue=en-gb
Translator’s Agency, e e tselegawntsweng ke T. Kinnunen le K. Koskinen, ke diathikele tse di kokoantsweng tse di buang ka seabe sa setlamo sa go ranola sa tiro ya baranodi le batoloki. Bolumo eno, e e leng ka ga boithuta boranodi, e na le mekgwa e le mentsi ya disaense tsa loago. Diathikele di tlhomolola kgopolo ya setlamo mo gare ga mekgwa e e farologaneng ya tsone: Kgopolo ya tiro, kgopolo ya setlamo, patlisiso ka go golagana le ditlamo tse di dirang tiro eno le ditlhaloso tsa batho mo loaong di tlotlwa ka mo go tseneletseng fa go dirwa dithuto tsa thanolo.  Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://tampub.uta.fi/english/tulos.php?tiedot=340 
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Linguistica Antverpiensia NS – Themes in Translation Studies 10/2011: Kopo ya go romelwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa go diretswe tokololo ya Sedimonthole 2011, “Thanolo ya baagi: Thanolo ya tiro ya mo loagong le diphelelo tse di ka nnang teng tsa yone”. Thanolo e lebane le dikgwetlho tse di bakwang ke thekenoloji ya mefuta e e farologaneng malebana le ‘go dirwa ga yone ka tshosologo’ le “go e tlhakanela’ le ‘go dirisana mmogo’, e leng se se dirang gore badirisi ba thanolo ba nne le seabe mo go tirong eno ya seporofešenale e e itsetsepetseng sentle. Go kopiwa gore ka 20 Seetebosigo 2010 go bo bo setse go rometswe ditshitshinyo tse di amanang le setlhogo seno (bontsi jwa mafoko a le 500) kwa motseleganying e leng, Minako O’Hagan at minako.ohagan@dcu.ie.
 
Non-professionals translating and interpreting: Participatory and engaged perspectives, motseleganyi wa moeng mo go yone key Şebnem Susam-Sarajeva le Luis Pérez-González, e e tlileng go gatisiwa key Bagatisi ba St Jerome. Boikaelelo jwa kgatiso eno ke go dira patlisiso ka boranodi le botoloki jo e seng jwa seporofešenale ka boikaelelo jwa go ithuta mo bathong ba ba dirang tiro ya boranodi/botoloki; ditlamo tse ba di direlang; mokgwa wa go tlhofofatsa kanamiso ya dithanolo tseno tse e seng tsa seporofešenale; le mafelo a baagi a ditiro tseno di dirwang mo go one.  Ditlhogo (tsa bontsi jwa mafoko a le 500) di tshwanetse go bo di rometswe ka 30 Phukwi 2010 go s.susam-sarajeva@ed.ac.uk or luis.perez-gonzalez@manchester.ac.uk.  
Multidisciplinarity in Audiovisual Translation, motseleganyi wa moeng mo go yone ke Rosa Agost, Elena Di Giovanni le Pilar Orero: Kopo ya go romelwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa go diretswe tokololo ya bo 4 (Ferikgong 2012). Go rotloediwa ditsela tsa go nna le seabe mo go tlhatlhobeng dithulaganyo tsa thanolo ya dilo tse di reediwang le tse di lejwang tsa ditiro tsa mefuta e e farologaneng. Go tla amogelwa ditshitshinyo tse di amanang le diphelelo tsa kgatelopele tsa ya thekenoloji ya go tlhama didirisiwa tse diša le mekgwa-tiro e meša, tse di sekasekang go bona gore bareetsi ke ba mefuta efe le go dira diphetogo (tsa setso mo loagong, boithutatlhaloganyo, boithutaboboko, jj). Ditshitshinyo tsa mokwalo o o tletseng di tshwanetse go lebesiwa go MonTI Secretary (monti.secretaria@ua.es) ka 30 Mopitlwe 2011. go ka nna ga ikgolaganngwa le batseleganyi ba tsone ba baeng mo atereseng ya agost@trad.uji.es, elenadigiovanni@unimc.it or pilar.orero@uab.cat.
Bokgoni Jwa go Kwala Ditshwetso Tse di Mosola Tsa Ditshwetso Tsa Kokoano: Kokoano ya go tlhabana botlhale ya letsatsi le le lengwe kwa Tikatikweng ya Dipuo ya Yunibesiti ya Stellenbosch, ka di 28 Motsheganong 2010. Letsatsi le bofelo la go amogelwa ga dikopo key 21 Motsheganong 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za 
Bokgoni jwa go dirisa khomphiutha jwa baidiri ka puo le badiri mmogo le baithuti ba mafapha a puo: Yunibesiti ya Stellenbosch, 7-9 Seetebosigo. Kommuniko o tlile go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhake tse di tsayang halofo ya letsatsi ka MS Word, MS PowerPoint le Ms Excel, tse di tla bong di lebagantswe ba ba simololang go di dirisa le ba ba leng mo seemong se se mo magareng sa go di dirisa. Dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale di tla tshwarwa ka Aforikanse, mme batho ba letleletswe go botsa dipotso ka Seesemane. Ikgolaganya le Amanda Lourens mo atereseng ya alou@iafrica.com kgotsa mo nomoreng ya 084 514 8111.
Sekolo sa Selemo sa kwa Hong Kong sa Boranodi: Yunibesiti ya Baptist ya kwa Hong Kong, 12-23 PhukwiJuly 2010. TRSS (HK) e tshwara lenaneo le le tshwanang le leno kwa TRSS ya UK e e itsetsepetseng sentle mme baithuti ba ba tshwanelegang go tswa mo lefatsheg lotlhe ba ba nang le dikirii ya MA ba setse ba simolotse kgotsa ba akanyetsa go dira patlisiso ka tsa thanolo le/kgotsa patlisiso ka ditso tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.researchschool.org/index.php?module=content&task=view&id=26 
AGM ya Society for Editors and Proofreaders (SfEP) le khonferense ya ngwaga le ngwaga ya bo 21: Yunibesiti ya Strathclyde, kwa Glasgow, UK, 4–6 Lwetse 2010. Khonferense eno e tla akaretsa diseminara tsa ditlhogo tse di jaaka kamano fa gare ga morulaganya-mokwalo-khopi-motseleganyi, go dirisa ditsha tsa seporofešenale tsa inthanete tsa go tsalana le ba bangwe, le melao ya boitshwaro le go kopa mekgwa ya kgatiso, le dikokoano tse di farologaneng tsa go tlhabana botlhale. Go dira dithulaganyo tsa go nna teng mo go yone go tswalelwa ka 9 Phukwi 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.sfep.org.uk/pub/confs/conf10/conf2010_advance.asp  
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka ga Thanolo le go Bula Dibidio Tsa Metshameko le di-Virtual World: Universitat Autónoma de Barcelona, Spain, 2-3 Sedimonthole 2010. Boikaelelo jwa khonferene eno ke dira gore botlhe ba ba kgatlhegelang go ranolela metshameko ya khomphiutha mo dipuong tsa bone ba e dire le gore e kgone go tshamekwa le go nna le seabe sa go ranola di-virtual world. Ditshitshinyo tsa ditlhogo (bontsi jwa mafoko a le 300) di tshwanetse go bo di rometswe ka di 15 Phukwi kwa atereseng ya VG.VW.translation.accessibility@gmail.com. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://jornades.uab.cat/videogamesaccess/ 
Segoke se se Botlhokwa sa Khonferense ya 2010: Go toloka ka fa tlase ga maemo a a fetogang, Aston University, Birmingham, UK, 26-30 Phukwi 2010. Boikaelelo khonferense ke go sekaseka dikarolo tsa tirelo tsa sepolotiki, semolao, ditshwanelo tsa botho, ditirelo tsa ditšhelete, ikonomi, tsa loago le setso mmogo le tsa puo mo setshabeng tsa go tolokela badiredi-puso kgotsa baaagi. Go bona tsheidimosetso e e oketsegileng leba Segoke 6 se se Botlhokwa sa webosaete mo atereseng ya  http://www.aston.ac.uk/CL2010 or contact Prof. Christina Schaffner at c.schaeffner@aston.ac.uk.
Konkerese ya Boditšhabatšhaba ya Bakwadi le ya Baranodi ya bobedi (Writers’ and Literary Translators’ International Congress [WALTIC]): Bilgi University, Istanbul, Turkey, 2-5 Lwetse 2010. Konkerese eno e tla tlotla ka dikgwetlho tse go kopanwang le tsone tsa puisokwalo, kgololesego ya puo, ditshwanelotsa bakwadi le go berekana le dilo tsa dijitale. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.waltic.com/
Khonferense ya Borobedi ya Boditšhabatšhaba le Kokoano ya Boditšhabatšhaba ka go Toloka kwa China: Sichuan University, Chengdu, 15-16 Diphalane 2010. Setlhogo: Go Toloka mo Motlheng wa Kopanyo ya Dinaga Tsa Lefatshe Lotlhe. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.kouyi8.org, www.tac-online.org.cn kgotsa www.fltrp.com   
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atrereseng ya bneethling@uwc.ac.za.
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Morago ga Boalogane mo go tsa Thanolo le Go Toloka (IPCITI ka Seesemane) ka 2010: Go Akanya le go Fetola Dilo – Teboseša, dithulaganyo tse diša le matswela a maša: Yunibesiti ya Manchester, UK, 29–31 Diphalane 2010. Eno ke khonferense ya borataro mo motseletseleng ono, e boikaelelo jwa yone e leng go naya babatlisisi ba ba botlana tshono ya go bolelela ba bangwe ka patlisiso ya bone le go nna le seabe mo tiragalong e kgolo ya go kopana le batho ba dinaga di sele. Dipotso di ka lebesiwa go ipciti2010@manchester.ac.uk. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ipciti.org.uk/   
Go Ranola le go Toloka Dipuo Tse di Farologaneng: Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka Thanolo le go Toloka: Bangkok, Thailand, 1–3 Ngwanaatsele 2010. Go bona Tshedimosetso e e Oketsegileng, leba: http://www.ictithailand.com/  
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka Cologne ka Thanolo ya Puisokwalo: A lo a Kwalelana? Thanolo ya Puisokwalo le Baagi: Victoria University ya Wellington, kwa New Zealand, 11–13 Sedimonthole 2010. Boikaelelo jwa khonferense eno ke go sekaseka go bona gore thanolo ya dipuisokwalo rotloetsa batho jang gore ba nne le kitso le go anaanela ditso tse di farologaneng, gape e tla e ntse e dira gore batho ba ba mo mafelong a selegae le ba dinaga di sele ba ikutlwe ba le seoposengwe – kgotsa ka fa go sa amaneng ga bone ka gope go dirang gore ditso tsa bone tsa puisokwalo di se ka tsa amana ka gope. Gape, go tla tshwarwa dikokoano tsa go tlhabana botlhale le mananeo a go buisa. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.victoria.ac.nz/victoria-onferences/default.aspx
Thanolo ya Sendeble:Thomas Ntuli
Thanolo ya Aforikanse:Johan Blaauw, Eugene Seegers 
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe, Pauline More 
Thanolo ya Sezulu: Manzo Khulu 
Thanolo ya Sesotho: Abel Mphanya 
Thanolo ya Sexhosa: Sonwabile Cotiyana, Thokozile Mabeqa 
Thanolo ya Sefora:Jean-Christophe Courbin
Thanolo ya Sepedi:Mapule Moswane 
__________________________________________________________________________________________________________________
Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:
     Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za
     Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za
