Dipeeletso tsa 2010
Dipeeletso tsa 2010 di ne di tshwanetse go bo di duetswe fa Mopitlwe e fela. Fa e le gore ga o ise o duele ya gago, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya SATI kwantle ga go diega mo atereseng ya (office@translators.org.za) gore o se ka wa ntshiwa mo lenaaneng la rona la go romelela maloko dilo ka poso. Maloko a a neilweng tetlelelosemmuso a gakololwa gore tetlelelosemmuso ya one e amogelesega fa fela ba sa ntse ba le maloko a Setheo 
Dikgang go tswa go FIT
Tokololo ya bofelo ya lekwalodikgang la FIT, e leng Translation, le le ntshang pego ka kopano ya ngwaga o o fetileng ya Khansele kwa Instabul le ditiragalo tse di amanang le dikomiti le dikgaolo, e ka bonwa mo webosaeteng ya FIT. Leba http://www.fit-ift.org/en/translatio-e.php > Mopitlwe  2010 go laisolola PDF ya teng. 
Maloko
Maloko a maša: Paula Avramidis, Pamina Bohrer, Thailys Freites-Valcárcel, Leila Henderson, Anya Klages, Melusi Mnikathi, Mbuyiseni Molalose, Sedric Motha, Grace Noge, Wendell Peters, Kara Smith
Dintlha dingwe tse di kgatlhang
SATI e ntshitse kgololo ya pegodikgang go tshegetsa tshwetso ya Mopitlwe 16, 2010 e e dirilweng ke Kgotlatshekelo e Kgolo e mo go yone puso e neng ya laelwa gore e dire tumalanong le maikarabelo a yone go ya ka molaotheo wa yone malebana le tiro ya dipuo tsa semmuso mo dingwageng tse pedi tse di tlang. SATI e ne ya gatelela gore e ikemiseditse go tshegetsa puso ka botlalo malebana le go dirisa pholisi ya dipuo-dintsi gore dipuo tsa semmuso di dirisiwe ka go lekalekana. Maloko a bontshitse fa a itumeletse taolo eo mme ba ne ba itumelela go bo SATI e lemotshitse batho ka ntlha eno.
Leloko la SATI e leng Wilna Liebenberg o tlile go emela SATI ka go dira pontsho  kwa London Book Fair (Moranang 19-21, 2010, Earls Court). Pontsho ya, “South African Translators’ Institute: Unlocking South Africa's Multilingual Treasure Trove”, e tla nna ka 20 Moranang mo Market Focus Pavilion. 
SOS Talk ke tsamaiso ya boditšhabatšhaba ya go toloka dipuo ka mogala, e e  dirang gore badirelwa ba tiro eno ba kgone go dirisa batoloki ka mogala kwa dikopanong tsa kgwebo, mo malatsing a boikhutso kgotsa gope fela. Batoloki ba ka ikwadisa mo webosaeteng ya, www.sostalk.com. 
Serweboleta le Diwebosaete
Langmates ke kgola di le ditheo tsa boranodi mo badirisi ba kgonang go buisana mmogo teng ka inthanete, ba tlhabana botlhale ka tiro ya go ranola le go ranolela dirweboleta mo dipuong tsa dikgaolo tsa rona le go gapa dintlha tse di ka dirisiwang mo webosaeteng. Leba http://www.langmates.com/home.php 
Lingoproz.co.za ke lenaneo la webosaete e ntšha la batho bao ba tlamelang ka dipuo tsa Aforika. Thulaganyo eno e dira gore badira-ka-dipuo ba kgone go phasalatsa ditirelo tsa bone le go akaretsa mo phasalatsong eno lefelo le maloko a ka tshwarang dipuisano mo go lone ka mareo le dikgang tse dingwe tse di amanang le dipuo, le makasine wa mo inthaneteng. Leba http://www.lingoproz.co.za. 
Dikgatiso
Translating Promotional and Advertising Texts, e e kwadilweng ke Ira Torresi (ISBN 1-905763-20-4), e rulaganyeditswe go dirisiwa e le buka ya thuto mo phaposiborutelong kgotsa e le buka e e dirisiwang fa motho a ithuta. Thanolo ya mafoko a go poromouta dilo kgotsa go bapatsa e tlhoka gore go dirisiwe botegeniki jo boikaelelo jwa jone jotlhe e leng go boloka thotloetso ya yone. Seno gantsi se tlhoka gore mokwalo o o dirisiwang e nne o o tsamaisanang fela thata le setso le gore ka dinako tse dingew o kwalwe sešwa. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba: http://www.stjerome.co.uk/page.php?id=541&doctype=Translation%20Practices%20Explained&section=3
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Go Tlhama Diboroutšhara jaaka Moporofešenale: Kopano ya letsatsi le le lengwe ya go tlhabana botlhale e e tlileng go tshwarelwa kwa Stellenbosch University Language Centre, Motsheganong a le 5, 2010, e naya dintlha le maele a kgwebo ya go tlhama diboroutšhara tsa seporofešenale. Letlha la bofelo la go romela kopo ke Moranang a le 28, 2010 (go ka tsewa fela batho ba le 20). Tshedimosetso e nngwe: www.sun.ac.za/languagecentre kgotsa ikgolaganye le  Audrey Poole kwa 021 808 2167 kgotsa mo go taalsentrum@sun.ac.za
Khonferense ya Batseleganyi ba Seporofešenale: Go tseleganya dibuka tsa ditlhamane le dikanelo tsa boammaaruri: Franschhoek, Motsheganong 13-14, 2010, go tsamaisana le  Franschhoek Literary Festival. Karolo ya konokono ya khonferense ya PEC e tla nna dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa Aforikanse, Seesemane le SeXhosa, tse di tla tshwarwang ka nako e le nngwe mo malatsing a khonferense ka bobedi.  Tsone di tla nayaba bal eng teng boitemogelo le botlhale malebana le se se tlhokegang go tseleganya mekwalo ya pele ga kgatiso mo mefuteng e mebedi eno ya tiro. Mo godimo ga moo, maloko a a tlotlegang a intaseteri ya Aforika Borwa ya kgatiso a tla bo a abelana maitemogelo. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke Motsheganong a le 3, 2010. Dipotso di tshwanetse go romelwa kwa atereseng ya ellynbarry@telkomsa.net. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba: http://www.editors.org.za/event.asp?p=856. 
Khonferense ya Borobedi ya Boditšhabatšhaba kaga Phetolelo ya Dipuo mo Bobegadikgannyeng jwa Dibadiwa le Direediwa: Bobegadikgang jo Boša – Diteng tse Dintšha - Diporofaele tsa Baranodi ba Baša? Berlin, Germany, Diphalane 6-8, 2010. Khonferense e tla remelela mo dikgannyeng tsa konokono tse di tshwanang le kafa Facebook, MySpace le dikgolagano tse dingwe tsa botsalano di amang bobegadikgang jwa dibadiwa le direediwa, go tsongwa ga batho le phetolelo ya metshameko ka teng. Ditshitshinyo, dikakantsho le megopolo di tshwanetse go romelwa ka Motsheganong 3, 2010 go info@languages-media.com. Tshedimosetso e nngwe:
http://www.languages-media.com/conference_cfp.php 
Go Kwalwa ga Dibukantswe: Dibukantswe – thuto le tiro ya go kwala dibukantswe: Khamphase ya Yunibesithi ya Pretoria, Motsheganong 10-11 kgotsa Khamphase ya Yunibesithi ya Stellenbosh, Motsheganong 13-14, 2010. Kommuniko e laletsa ba ba dirang ka bontsi jwa dipuo tse di farologaneng ba ba tla batlang go itse go le gontsi ka diteng, thulaganyo le ditiro tsa dibukantswe tse di gatisitsweng le tse di mo inthaneteng gore ba nne teng mo go epe ya dikokoano tsa go tlhabana botlhale. Letsatsi la bofelo la go ikwadisa ke Motsheganong a le 5, 2010. Ikgolaganye le Dr. Amanda Lourens (084 514 8111; alou@iafrica.com) go bona foromo ya go ikwadisa, kgotsa etela webosaete ya (www.kommunico.co.za). 
Go Kwala Dipego tse di Nang le Matswela: Kokoano ya go tlhabana botlhale e e tla tshwarelwang kwa Language Centre ya Yunibesithi ya Stellenbosch, ka Motsheganong 17-18, 2010. Go tla buisanngwa ka dikgang tsa togamaano mabapi le go kwala diego, seabe se di nnang le sone mo khamphaneng le tsela ya go tlhalosa batho ba ba kwalelwang dipego tseno, mmogo le setaele se se kgethegileng sa go kwala pego le dikaelo tsa go kwala pego e e lomaganeng le e e utlwalang sentle.  Letlha la bofelo la go romela dikopo ke Motsheganong a le 6, 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba:
http://www0.sun.ac.za/taalsentrum/index.php?id=158 kgotsa ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za
Khonferense ya TM-Europe 2010 International Translation Management: Krakow, Poland, 30 Lwetse–1 Diphalane 2010. Setlhogo: Project and Technology Management, and Business Optimisation for the Translation and Localisation Industry. Dikhonferense tsa pele ga kokoano ya go tlhabana botlhale tsa Lwetse a le 29, 2010. Go lalediwa gore go romelwe Ditshitshinyo tsa dipontsho, tsa diphanele le tsa dikokoano tsa go tlhabana botlhale. Letsatsi la bofelo la go romelwa ga tsone ke: Motsheganong 7. Go bona tshedimosetso e nngwe, leba: http://www.tm-europe.org
Khonferense ya Maastricht-Łódź Duo ya Boditšhabatšhaba ya bo 5 ka Thanolo le Bokao ya 2010: Lenaneo la Maastricht: Sekolo sa Maastricht sa Tlhaeletsano ya Boditšhabatšhaba, kwa Netherlands, 19–22 Motsheganong 2010. Boikaelelo jwa khonferense eno ke go tshwara kokoano ya boditšhabatšhaba ya motlotlo fa gare ga dikgopolo tsa thanolo/go toloka le badiri ka bokao jwa thanolo le go toloka.    Lenaneo la Maastricht le tla tlhoma mogopolo mo go dirweng ga tiro eno. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: Ngaka Marcel Thelen (m.m.g.j.thelen@hszuyd.nl) kgotsa http://www.translation-and-meaning.nl 
Sekolo sa Boditšhabatšhaba sa Selemo sa 2010 sa Mareo (TTS ka Seesemane): Yunibesiti ya kwa Vienna, ya kwa Australia, ka 24–28 Motsheganong 2010, se se rulagantsweng ke TermNet (International Network for Terminology) le Tikatikwe ya Dithuto Tsa Thanolo. TSS ke khoso e e tsayang beke e le nngwe ya go ithuta go dira ka mareo. TSS e diretswe badira ka puo, baithuti le baitsesaense ba ba batlang tiro e  e tseneletseng ya maemo a a kwa godimo ya matseno go kgopolo le tiro ya mareo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.termnet.org/english/events/tss_2010/index.php   
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Thanolo e Setegeniki: Universidade Nova, Lisbon, Portugal, 28-29 Motsheganong 2010. Khonferense eno e e rulagantsweng ke Tradulínguas le ke baporofešenale ba bangwe ba thanolo ya setegeniki e tla tsaya malatsi a mabedi a a tletseng a mananeo a go ithuta ka go dira tiro ka tsela ya mmatota - thanolo le kokoano ya go tlhabana botlhale ka tsa mareo (ka Sepotokisi, Seesemane le Se-Spain, le ka dipuo tse di oketsegileng fa go kgonega) – e mo go yone baranodi le batoloki ba seporofešenale ba tla bong ba ranola le go toloka dilo tsa setegeniki, boenjenere, saense le intaseteri. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.tradulinguas.com/conf-tech/ 
Dipuo Tsa Dinaga di Sele: Setso, Tlhaeletsano le Thanolo ya Dipuo Tsa Dinaga di Sele: Leeds Metropolitan University, UK, 3–5 Sedimonthole 2010. Ditlhogo tsa Khonferense ya bo 10 ya Ngwaga le Ngwaga ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Dipuo le Puisano fa Gare ga Ditso Tse di Farologaneng di tshwanetse go bo di rometswe kwa go Jane Wilkinson mo atereseng ya IALIC2010@leeds.ac.uk ka 1 Seetebosigo 2010. Tshedimosetso e e oketsegileng: www.leeds.ac.uk/german/ialic_conference_2010.htm 
Khonferense ya Bosupa ya Boditšhabatšhaba ka Thanolo: Dikarolo tse di farologaneng tsa se go buiwang ka sone mo thanolong le Simposiame sa Ntlha sa Boditšhabatšhaba sa Babatlisisi ba ba botlana mo go Tsa Thanolo, Go Toloka le Dithuto Tsa Ditso Tse di  Farologaneng:  Yunibesiti ya Autonomous ya kwa Barcelona, kwa Spain, 21-23 Seetebosigo 2010. Khonfense e tla bua ka dikgang tse di amanang le dikarolo tse di farologaneng tsa se go buiwang ka sone mo dithutong tsa thanolo mme simposiamong se tla naya babatlisisi ba ba botlana ba ba simololang mokgele wa bone wa borutegi tshono ya go bontsha tiro ya bone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.fti.uab.es/departament/
congres-simposi/international-conference-on-translation/  
Mekgwa e e Farologaneng yaThanolo: Yunibesiti ya Portsmouth, UK, 6 Ngwanaatsele 2010. Gantsi thanolo e ka ga lefoko le le kwadilweng, mme mo motlheng wa gompieno wa mekgwa e e farologneng ya go ranola, baranodi ba tshwanetse go ela tlhoko dikarolo tse dingwe tse di farologaneng tsa thanolo (ditshwantsho tse di sa tshikinyegeng le tse tshikinyegang, ditshwantshothalo, mmino, thulaganyo-kgabô ya tsebe). Go kopiwa kabo ya ditlhogo ka ga dikgwetlho tse baranodi ba mefuta e e farologaneng ya thanolo ba lebanang le tsone. Dipotso le/kgotsa ditlhogo tsa mafoko a le 300 di bo di rometswe kwa go Carol O’Sullivan mo atereseng ya carol.osullivan@port.ac.uk ka 30 Seetebosigo 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.port.ac.uk/translationconference.    
AGM ya Society for Editors and Proofreaders (SfEP) le khonferense ya ngwaga le ngwaga ya bo 21: Yunibesiti ya Strathclyde, kwa Glasgow, UK, 4–6 Lwetse 2010. Khonferense eno e tla akaretsa diseminara tsa ditlhogo tse di jaaka kamano fa gare ga morulaganya-mokwalo-khopi-motseleganyi, go dirisa ditsha tsa seporofešenale tsa inthanete tsa go tsalana le ba bangwe, le melao ya boitshwaro le go kopa mekgwa ya kgatiso, le dikokoano tse di farologaneng tsa go tlhabana botlhale. Go dira dithulaganyo tsa go nna teng mo go seno go tswalelwa ka 9 Phukwi 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.sfep.org.uk/pub/confs/conf10/conf2010_advance.asp 
Segoke se se Botlhokwa sa Khonferense ya 2010: Go Toloka ka fa Tlase ga Maemo a a Fetogang, Aston University, Birmingham, UK, 26-30 Phukwi 2010. Boikaelelo jwa yone ke go sekaseka dikarolo tsa tirelo tsa sepolotiki, semolao, ditshwanelo tsa botho, ditirelo tsa ditšhelete, ikonomi, tsa loago le setso mmogo le tsa puo mo setshabeng tsa go tolokela badiredi-puso kgotsa baagi. Lenaneo le le kgwarintsweng le tla bo le le teng ka 1 Phukwi 2010. Go bona tsheidimosetso e e oketsegileng leba Segoke 6 se se Botlhokwa sa webosaete mo atereseng ya  http://www.aston.ac.uk/CL2010 kgotsa ikgolaganye le Porof. Christina Schaffner mo atereseng ya c.schaeffner@aston.ac.uk.
Khonferense ya 2010 ya Mareo le Kitso ya Boenjenere: Yunibesiti ya Dublin, kwa Ireland, 12-13 Phatwe 2010. Khonferense eno e bua ka go rotloetsa go nna le kitso le go ruta ba bangwe thekenoloji ya puisano ka puo e e kgethegileng go ya ka dithulaganyo tsa mareo le tshedimosetso. E tla tlhoma mogopolo segolobogolo mo setlhogong se se leng ka ga didirisiwa tsa boejenere tsa mareo le kitso mo inthaneteng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.dcu.ie/fiontar/conference/home_baile.shtml
Khonferense ya Maastricht-Łódź Duo ya Boditšhabatšhaba ya bo 5 ka Thanolo le Bokao ya 2010: Lenaneo la Łódź: Yunibesiti ya Łódź, kwa Poland, ka 16–19 Lwetse 2010.  Boikaelelo jwa khonferense eno ke go tshwara kokoano ya boditšhabatšhaba ya motlotlo fa gare ga dikgopolo tsa thanolo/go toloka le badiri ka bokao jwa thanolo le go toloka.    Lenaneo la Łódź le tla tlhoma mogopolo mo kgopolong. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: Porof. Barbara Lewandowska-Tomaszczyk (duoduo@uni.lodz.pl) kgotsa http://www.translation-and-meaning.nl
Khonferense ya Borobedi ya Boditšhabatšhaba le Kokoano ya Boditšhabatšhaba ka go Toloka kwa China: Sichuan University, Chengdu, 15-16 Diphalane 2010. Setlhogo: Go Toloka mo Motlheng wa Kopanyo ya Dinaga Tsa Lefatshe Lotlhe. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.kouyi8.org, www.tac-online.org.cn kgotsa www.fltrp.com   
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atrereseng ya bneethling@uwc.ac.za.
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Morago ga Boalogane mo go tsa Thanolo le Go Toloka (IPCITI ka Seesemane) ka 2010: Go Akanya le go Fetola Dilo – Teboseša, dithulaganyo tse diša le matswela a maša: Yunibesiti ya Manchester, UK, 29–31 Diphalane 2010. Eno ke khonferense ya borataro mo motseletseleng ono, e boikaelelo jwa yone e leng go naya babatlisisi ba ba botlana tshono ya go bolelela ba bangwe ka patlisiso ya bone le go nna le seabe mo tiragalong e kgolo ya go kopana le batho ba dinaga di sele. Dipotso di ka lebesiwa go ipciti2010@manchester.ac.uk. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ipciti.org.uk/  
Go Ranola le go Toloka Dipuo Tse di Farologaneng: Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka Thanolo le go Toloka: Bangkok, Thailand, 1–3 Ngwanaatsele 2010. Go bona Tshedimosetso e e Oketsegileng, leba:
http://www.ictithailand.com/  
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka Cologne ka Thanolo ya Puisokwalo: A lo a Kwalelana? Thanolo ya Puisokwalo le Baagi: Victoria University ya Wellington, kwa New Zealand, 11–13 Sedimonthole 2010. Boikaelelo jwa khonferense eno ke go sekaseka go bona gore thanolo ya dipuisokwalo rotloetsa batho jang gore ba nne le kitso le go anaanela ditso tse di farologaneng, gape e tla e ntse e dira gore batho ba ba mo mafelong a selegae le ba dinaga di sele ba ikutlwe ba le seoposengwe – kgotsa ka fa go sa amaneng ga bone ka gope go dirang gore ditso tsa bone tsa puisokwalo di se ka tsa amana ka gope. Gape, go tla tshwarwa dikokoano tsa go tlhabana botlhale le mananeo a go buisa. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.victoria.ac.nz/victoria-conferences/default.aspx 
Thanolo ya Sepedi: Mapula Moswane 
Thanolo ya Sefora: Jean-Cristophe Courbin
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe, Pauline More
Thanolo ya Sesotho: Mike Mahase
Thanolo ya Sexhosa: Angelinah Dazela, Sonwabile Cotiyana
Thanolo ya Aforikanse: Anne-Marie Beukes,Ettienne van Zyl
Thanolo ya Sezulu: Manzo Khulu
__________________________________________________________________________________________________________________
Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:
     Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za
     Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za
