     

IX / 5 (2009)

____________________________________________________________________________





Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe

Tiragalo ya go keteka Letsatsi le Boditšhabatšhaba la Thanolo la 2009 le go aba Meputso ya Sati e ne e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Johannesburg ka 2 Diphalane. 



Bafenyi ba 2009 ke:

Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe ya Puisokwalo: Michiel Heyns yo o ranotseng Agaat, thanolelo kwa Seesemaneng ya padi ya ga Marlene van Niekerk ya Agaat [Bagatisis: Jonathan Ball Publishers & Tafelberg]

Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe ya Buka-Tlhamane: Elsa Silke yo o ranotseng Charlize: Life’s one helluva ride, Thanolelo kwa Aforikanseng ya pego eno ya botshelo, Charlize: Ek leef my droom, e e kwadilweng ke Chris Karsten [Bagatisi: Human & Rouseau.

Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe ya Puisokwalo ya Bana: Jaco Jacobs yo o ranotsewng Willemien en die Geel Kat, thanolelo kwa Aforikanseng ya buka ya ga Chris Riddell Ottoline and the Yellow Cat [Publisher: Bagatisi ba LAPA]

Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe ya go Tlamela ka Tirelo ya Thanolo: Porojeke ya Kgopolo ya Puisokwalo ya go ranola Go tlhaloganya dikgoplo tsa Mmetse le Saense: Buka ya dipuo tse di farologaneng ya go ithuta le go ruta ka Seesemane, Sexhosa, Sezulu le Aforikanse [Bagatisi: Maskew Miller Longman]

Moputso o o Abiwang ke SATI wa Thanolo e e di Gaisitseng Tsotlhe ya Dibukantswe: Setlhopha sa botseleganyi sa Oxford Bilingual School Dictionary Northern Sotho le Seesemane (Motseleganyi-mogolo: Gilles-Maurice de Schryver; Mokokoanya-tshedimosetso mogolo: Mamokgabo Mogodi; Mankge-Mogolo mo go Tsa PuoChief Linguist: Elsabé Taljard; Bagatisi: Megan Hall; OUP SA editor: Phillip Louw)



Re rata go leboga baatlhodi, maloko a phanele, sebui sa rona sa moeng Leon de Kock, Setlhopha sa Via Afrika Book ka ntlha ya kemonokeng ke kgolo ya bone ya madi a a kana ka R50 000, le botlhe ba ba ileng ba tsenya letsogo mo go direng gore tiragalo eno e atlege. 



Go nna maloko

Maloko a masha: Pierrot Bajika, Lucie Bougerol Ratabouil, Rina Coetzee, Marc de Bruyn, Anita du Plessis, Charl Hattingh, Al Homan, Tracy Huang, Abdelrahim Ibrahim, Mahomed Kazee, Khazamula Maluleke, Anita Morkel, Julia Pedro, Elma Potgieter, Yahia Sabah, Yacoub Sabah, Nadia Sabbah, Sanette Schutte, Dina Steyn, Lerato Tsehloane, Madré van der Merwe, Henriette Visser

Ba ba sa tswang go newa tetlelelo-semmuso: Elna Coetser: Thanolo ya Aforikanse-Seesemane; Nathalie Heynderickx: Thanolo ya baranodi ba ba ikanisitsweng ya Sedatšhe-Seesemane; Lorna Keough: Thanolo ya Aforikanse-Seesemane; Geraldine Klopper: Thanolo ya Seesemane-Aforikanse



Ka fa bangwe ba neng ba arabela ka gone

SATI  e ile ya golola kitsiso e e neng ya romelelwa babegi ba dikgang ka Lwetse 2009 ya go nna kgatlhanong le gore go dirisiwe Seesemane fela jaaka puo e go rutwang ka yone le e go buiwang yone fela mo Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa kwa Limpopo. Maloko a mokgatlho wa rona a ile a tsibogela kitsiso eno ka tsela e e siameng tota: 

Re lo lebogela sekao sa lona se se molemo!

E ne ya re fa ke utlwa dikgang tseno, ke bo ke ithaya ke re ga ke a utlwa sentle. Seo ke selo se se sa amogelesegeng gotlhelele! ... Ke itumelela gore SATI e ne ya dira sengwe ka kgang eno. Go lebega ba metswedi ya dikgang ba ile ba itidimalela fela ka kgang eno ... 

Re itumelela THATA kgato e e ileng ya tswewa ke Lekgotla la rona ka kgang eno. Ke dumela gore go na le ba le mmalwa ba le bone ba ileng ba se ka ba didimala fela ka kgang eno. Re solofela gore go tsaya kgato ka gone go tla nna le matswela a a molemo.

Lo dirile sentle... !

Ke ema nokeng ka botlalo mogopolo o o tlhagisitsweng mo kitsisong e e romeletsweng babegadikgang. Go botlhokwa gore botlhe ba ba kgatlhegelang kgang eno ba ntshe maikutlo a bone.

Ke itumelela go bona gore SATI ga e a tlogela dilo fela malebana le taelo eno ya boeleele e e neng ya newa Sepodisi sa Limpopo, le ka fa e tsereng kgato ka gone malebana le seno.  

Ke e lebogela seno fela thata!

Malebo go bo lo ile lwa romela kitsiso eno kwa babeging ba dikgang. ... Tiriso ya dipuo tse di farologaneng e sirelediwa ke molaotheo e bile go botlhokwa go leka go dira sengwe fa bothata bo sa ntse bo simolola go tlhomamisa gore molaotheo ono ga o fetolwe.

E re ka ke ne ke le mongwe wa batho ba ba neng ba tshwanetse go ntsha tshedimosetso-semmuso (ka Seesemane), ke ile ka lemoga ka fa Seesemane sa bone e leng sa maemo a a kwa tlase ka gone.  Ke ne ke tshwanelwa ke go boa gape ke kwala tshedimosetso-semmuso ya me ka gonne se ba neng ba se kwadile se ne se farologana gotlhelele le se nna ke neng ke se buile!  



Ntlha nngwe e e kgatlhang

German Association for Terminology (DTT) e tlile go tshwara khoso ya katiso ka di 27 le di 28 tsa November 2009  kwa Cologne, Jeremane, ya setlhogo se se reng Finanzberichte nach IFRS/DRS – Eine Einführung für Übersetzer und Terminologen. (Katiso eno e tla tshwarwa ka Sejeremane). Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.dttev.org 



Lefapha laTtsa Puo kwa Macquarie University, Australia, le tlamela ka thuto ya Thuto ya Dipoloma ya Lokwalo lwa Morago ga Boalogane /Masetase mo go Tsa Thanolo le Botoloki, lenaneo la ntlha la mofuta wa lone fela la boditšhabatšhaba. E tla rutwa ngwaga le ngwaga, go simolola ka Mopitlwe 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Leba

http://www.ling.mq.edu.au/postgraduate/coursework/tip.htm



Serweboleta sa khomphiutara le Ditsha tsa Inthanete

IATIS Bulletin ke lekwalodikgang le le nang le dikgang-kakaretso le dikitsiso ka se se diregng mo malebana le Dithuto Tsa Boranodi mo Dinageng Tsotlhe, e bile e tlamela ka sebaka se go ka tshwarelwang motlotlo mo go sone, dikitsiso ka ditiragalo tsa TS le ka dikgatiso tse di ša, khonferense, dikhoso tsa bokatisi, le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa Ditlhogo dipe fela tse lo ka ratang Ditlhogo dipe fela tse lo ka ratang di re abela tsone gore di tsenngwe mo lekwalodikgannyeng leno di a amogelesega. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.iatis.org/content/pubs/bulletin/archive.php 



Rhonix™ ke sedirisiwa sa go buisana le ba bangwe mo setsheng s inthanete se boikaelelo jwa sone e leng go abelana kitso  ka tsa thanolo ya dilo tse di amanang le disaense tsa kalafi le botshelo. Maloko a ka kgona go botsa dipotso mo go sone le go tlotla le bomankge ba ba kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ka dikgang tsa boranodi, le ka tshedimosetso e e maleba e go tlotlilweng ka yone e e amanang le didirisiwa tsa tiro eno ya boranodi , ditšhono tsa go bona tiro le di-CV, le ditiragalo tse di tlileng go tshwarwa malebana le tiro eno ya rona.  Leba http://rhonix.translate.com/ 



Setheo sa Botswerere Jwa go Ranola (The Center for the Art of Translation) ke mokgatlho o o sa direng porofete o boikaelelo jwa one e leng go bolelela bakwadi bangwe mo lefatsheng maikutlo a sone, a gantsi a sa gatisiweng mo dinageng tse di buang Seesemane. Setheo seno se rotloetsa gore go kwalwe dipadi mo dinageng di le dintsi ka go dirisa mananeo a sone a puisokwalo le go ruta ka one a a emang tiro ya boranodi nokeng, e bile se dira gore batho ba tlhaloganye botoka ditso tse di kwalang puisokwalo eo. Lenaneo la go gatisa la Setheo seno le akaretsa motseletsele wa dibuka tsa TWO LINES World Writing, o jaanong o leng mo ngwageng wa one wa bo somethataro, mme bošeng jaana o sa tswa go golola TWO LINES Wold Library, e e buang thata ka puo e le nngwe kgotsa kgaolo, le go kopanya bakwadi ba ba tlhomologileng ba ba sa ntseng ba fatlhoga.  Leba setsha sa bone sa inthanete mo atereseng ya www.catranslation.org.



Dikgatiso

The Interpreter and Translator Trainer, Bolumo 3, No. 2, 2009. E ka kgona go buisiwa ke ba ba ikwadisitseng mo setsheng sa inthanete mo atereseng ya http://www.stjerome.co.uk/periodicals/journal.php?j=107&v=629&i=697.



The Sign Language Translator and Interpreter, Bolumo 3, No. 2, 2009. E ka kgona go buisiwa ke ba ba ikwadisitseng mo setsheng sa inthanete mo atereseng ya http://www.stjerome.co.uk/periodicals/journal.php?j=154&v=645&i=709.



Lo kopiwa gore lo kwale dintlha tse di tla tsenngwang mo kgatisong e e bidiwang The Interpreter and Translator Trainer, Volume 5, No. 1, 2011, e boikaelelo jwa yone e leng go tlotla ka mekgwa e e tshwanetseng go latelwa fa go katisiwa baranodi le batoloki. Re kopa gore lo romele ditlhogo tsa mafoko a a sa feteng 500 kwa atereseng ya mona.baker@manchester.ac.uk kgotsa cmaier@neo.rr.com pele ga 20 October 2009. Letlha la Kgatiso eno ke Mopitlwe 2011.



CTIS Occasional Papers, Volume 4, 2009, e e tselegantsweng key Matthew Maltby, e nale dipego tsa boelng jo bo kwa godimo tsa patlisiso le dipampiri-tiro tse di kwadilweng ke dibui tsa baeng kwa diseminareng kwa CTIS (Centre for Translation and Intercultural Studies, University of Manchester) le key bakanoki ba bangwe ba ba golaganeng le CTIS. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng.Leba http://www.ucd.ac.ma/lsp-ts2008/english 



Critical Reading in Translation Studies, e e tselegantsweng key Mona Baker mme ya gatisiwa key Routledge, 2009. ISBN: 978-0-415-46955-5. E diretswe gore e nne bolumo e e motlhofo fela thata go ka dirisiwa ke moithuti, e bile dibuka tseno di naya baithuti dintlha-kakaretso ka botlalo fa ba di buisa malebana le dilo dingwe tsa bošeng tsa go akanya ka go ranola, mo dithutong tsa boranodi le kwa ntle ga tsone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Leba http://www.routledgelanguages.com/books/Critical-Readings-in-Translation-Studies-isbn9780415469555  



Translational Action and Intercultural Communication, e e tselegantsweng key Kristin Bührig, Juliane House le Jan D. ten Thije. ISBN: 978-1-905763-09-02 / 1-905763-09-3. Bolumo eno ya ditiro tse di farologaneng e tlamela ka dintlha-kakaretso tsa dikgopolo le mekgwa e e farologaneng, e e tlhokomologilweng ke bontsi, ya go sekaseka  kgolagano  fa gare ga dikarolo tse pedi tsa patlisiso tsa thanolo le botoloki le puisano fa gare ga ditso tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Leba

http://www.stjerome.co.uk/page.php?id=531&doctype=StJBooks&section=3&msg=&finds=0&string= 



Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa

Afrikaanse Woordelys en Spelreëls (AWS) e ntšha: Lefapha la Tsa Puo le Kgopolo ka Tsa Puisokwalo, la Yunibesiti ya Johannesburg, 11 Ngwanaatsele 2009 (10:00–13:00). SATI e tla bo e le moamogedi mmogo wa bao ba tlang ba tlile go reetsa puo eno e e tlang bong e neelwa ke Tom McLachlan wa Afrikaanse Taalkommissie fa a tla bo a tlhalosa gore ke eng se se ša mo kgatisong ya bošeng ya AWS. Ikgolaganye le ofisi ya SATI go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka aterese ya office@translators.org.za. 



Kokoano ka Mathata ka Puo e e Itshekileng le go e Dirisa: Yunibesiti ya Witwatersrand, Johannesburg, 14 Ngwanaatsele 2009. Setlhopha sa Batseleganyi ba Baporofešenale ba tla bo ba tshwere khonferense eno ya letsatsi le le lengwe, e e tla kgatlhegelwang thata ke batseleganyi, batlhami ba dbuka, bakwadi le 'bakwala-seša’. Letlha la bofelo la go ikwadisa: 31 Diphalane 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Leba peg@editors.org.za. 



Mekwalo e e mo setsheng sa inthanete le ditsha tsa inthanete. Tsotlhe ka kakaretso: Kokoano ya go tlhabana botlhale ya malatsi a le tlhano kwa Stellenbosch University Language Centre, ka di 2–6 Ngwanaatsele 2009, ka ga go kgabisa, go tlhama le go tlhokomela Setsha sa Inthanete. Go a kgonega go ikwadisetsa lepe la mananeo a le mararo, le le lengwe ka nako. Manno a lekanyeditswe. Tshedimosetso le diforomo tsa go ikwadisa: http://academic.sun.ac.za/taalsentrum/EVD. Dipotso di ka lebesiwa go: Audrey Poole mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 021 808 2167. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke: 23 Diphalane 2009.



Segoke se s Botlhokwa 6: Aston University, Birmingham, United Kingdom, 26–30 Phukwi 2010. Go ntshiwa taletso fano ya gore batho ba romele ditlhogo tse go tlilweng go tlotlwa ka tsone, diphousetara, diphanele tsa metlotlo, dikokoano tsa go tlhabana botlhale, metlotlo ya mo tafoleng, le dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di tla tshwarwang pele le morago ga khonferense. Setlhogo sa khonferense sa re “Go Toloka ka fa Tlase ga Maemo a a Fetogang" (“Interpreting in a Changing Landscape”.) Boikaelelo jwa yone ke go sekaseka dikarolo tsa tirelo tsa sepolotiki, semolao, ditshwanelo tsa botho, ditirelo tsa ditšhelete, ikonomi, tsa loago le setso mmogo le tsa puo mo setshabeng tsa go tolokela badiredi-puso kgotsa baaagi. Letlha la go tswalelwa ga go romelwa ga ditlhogo le ditshitshinyo: ke 31 Diphalane 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.aston.ac.uk/CL2010 kgotsa o ikgolaganye le Porofea Christina Schaeffner mo atereseng ya c.schaeffner@aston.ac.uk.  



Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya go Dira Thanolo ya Loago le Setso (International conference on Socio-Cultural Approaches to Translation) Go tla go buiwa go lebilwe thata Ba-India le Bayuropa: University of Hyderabad, India, 10–12 Tlhakole 2010 (tirisanong mmogo le South Brittany University, France). Letlha la go tswalelwa la go romelwa ga ditlhogo:  31 Diphalane 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Porofesa J. Prabhakara Rao (pjandhyala1@gmail.com) kgotsa leba www.itaindia.org. 



Khonferense ya bo 34 ya Ngwaga le Ngwaga ya IALB–ASTTI: Lefatshe le le mo Mathateng – Le Tiro ka Tsa Puo?: Geneva, Switzerland, 13–14 Ngwanaatsele 2009. Mathata a ditšhelete a a runtseng go ela kwa bofelong jwa 2008 a dirile gore lefatshe lotlhe le aparelwe ke mathata a tsa ikonomi a a amang tlhagiso-dikumo ya lefatshe le ditirelo. Khonferense eno e tla sekaseka go bona gore diphelelo tse seno e nnile eng mo go tsa tiro ka puo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.astti.ch/info/34_IALB_ASTTI_Conference.pdf  



Baranodi ba e leng Batsereganyi Ba Setso fa gare ga Dinaga di Sele le Nagagae: Yunibesiti ya Bucharest, kwa Romania, ka 4 Sedimonthole 2009. Gompieno mo lefatsheng leno le le aparetsweng ke mokgwa o o tshwanang wa go dira dilo tiro ya boranodi e fetoga tiro ya go ruta batho ka thutafatshe le sepolotiki mmogo le tsela ya go tsibogela diphelelo tsa setso, sepolotiki le tsa loago tse go dira dilo ka go tshwana mo lefatsheng lotlhe go nnileng le tsone. Khonferense eno e tla sekaseka mathata a gone jaanong  a baranodi ba puisokwalo le mekwalo e e iseng e nne le puis-kwalo ba lebaneng le one, ka go dirisa mekgwa e e farologaneng  - baitsepuo, puisokwalo le kgoplo ya Setso, dithuto tsa setso, dithuti tsa bobegadikgang, dithuto tsa morago ga bokolone le morago ga bokomonisi, jj. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: http://call-for-papers.sas.upenn.edu/node/34248   



Khonferense ya Fourth Asian Translation Traditions: Chinese University of Hong Kong, 15–17 Sedimonthole 2010. Boikaelelo jwa konferense eno ke go nna kgatlhanong le Dithuto Tsa Boranodi tse di diretsweng Bayuropa fela ka go dira patlisiso ka go huma ga dipuo tse e seng tsa dinaga tsa Bophirima le go farologana ga tsone le mekgwa ya go ranola. E tla tlhoma mogopolo mo go fetogeng tsa thanolo mo dipuog tsa dinaga tsa Bophrima le phetogo ya ditso le go tswelela pele ga tsone mo thanolong ya dipuo tsa Botlhaba. Letlha la go tswalelwa la go romelwa ga ditlhogo (250 words)::  31 Sedimonthole 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng:

asiantranslation4@cuhk.edu.hk kgotsa

http://www.asiantranslation4@cuhk.edu.hk (site under construction)



Didiriswa tsa Patlisiso mo Dithutong Tsa Boranodi II: Manchester Conference Centre, UK, 19 Moranang go ya go 1 Motsheganong 2011. Khonferesen eno e naya batho sebaka sa go tshwara ditherisano ka mokgwa o patlisiso ya boranodi e dirwang ka one le gore e gatetse pele jang mo lefatsheng lotlhe. Go tshwanetse ga romelwa ditlhogo tsa mafoko a le 300-500 ka 15 Motsheganong 2010 kwa go Porofesa Mona Baker (mona.baker@manchester.ac.uk). Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.llc.manchester.ac.uk/ctis/activities/conferences/researchmodels2/



Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Western Cape, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Bakanoki ba Maina ba kopiwa  go ntsha ditshitshinyo tsa dipuo tse di tlileng go neelwa pele ga 28 Tlhakole 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atereseng ya bneethling@uwc.ac.za.





Thanolo ya Seburu: Ilze Brüggemann, Isabel Cilliers, Leona Labuschagne

Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe

Thanolo ya SeZulu: Manzo Khulu

Thanolo ya Sesotho: Abel Mphanya

Thano ya SeXhosa: Sonwabile Cotyana, Angelinah Dazela



















__________________________________________________________________________________________________________________

Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:

     Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: office@translators.org.za

     Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za

