Moopedi yo mmotlana o ntsha ga tshwene






Potchefstroom - Judicious Matsie, moithuti wa seopedi wa ga Mohumagatsana Santisa Viljoen kwa Sekolong sa Mmino sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), o ne a atlega mo go maswe ka nako ya fa go ne go dirwa diteko tsa lentswe ka 2008.



Judicious yo mmotlana yono o tswa Kroonstad mme mo ngwageng o o fetileng, o ne a amogelwa mono jaaka moithuti wa mmino. Mo godimo ga gore a atlege mo kgaisanong ya ngwaga wa ntlha ya lenaneo la UDM gape o ne a ikwadisetsa ditlhatlhobo tsa lentswe kwa  (Unisa) mme a fitlhelela 90%.

Ka ntlha ya phitlhelelo eno ya gagwe, Unisa e ne ya mo abela basari ya Nellie du Toit ya moithuti yo o fitlheletseng maduo a a kwa godimo go ba feta botlhe mo gerateng ya gagwe. O akarediwa mo go ba ba fitlheletseng onase mo Unisa mme leina la gagwe le la motlhatlheledi wa gagwe a tlile go phasaladiwa mo kgatisong e e latelang ya makasine wa Unisa.

