﻿
Kopo ya go tsenela theetso ya Lekgotla la Parola
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo wa bosenyi, jaaka a tlhalosiwa ka fa tlase ga Karolo 299A ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi , a ka romela moemedi kgotsa a tsenela theetso ya Lekgotla la Parola kwa mosenyi a sekasekelwang go ntshiwa ka parola kgotsa go bewa mo tlhokomelong ya kgopololo.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo wa bosenyi o tshwanetse go itsise a Lekgotla la Botsamaisi jwa Kgopololo le Parola  ka go kwala fa a batla go romela moemedi kgotsa go tsenela theetso ya mosenyi.
Fa kopo e atlegile, Lekgotla le tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala, le tlhalosa gore o tshwanetse go bona mang tebang le go romela moemedi le gore leng. Letlha le lefelo la kopano ya Lekgotla la Parola di tla tlhalosiwa.
Ke maikarabelo a mongongoregi kgotsa motshwasetlhabelo go itsise Mokhomišenara kgotsa CSPB ka phetogo ya aterese ya gagwe.

Godimo

Molao o dirisiwang



Correctional Services Act, 1998  

Criminal Procedure Act, 1977  


Godimo

Boemo jwa tirelo

Lekgotla la Parola le tla tsiboga ka go kwalela mongongoregi mo matsatsing a le 14.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Request to attend a Parole Board hearing 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


