﻿

Go bega motho yo o timetseng

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e e kgontsha maloko a setšhaba go bega motho yo o timetseng. O ka bega motho yo o timetseng fa fela o belaela gore sengwe se se phoso se ka tswa se mo diragaletse.

Ga go nako e e beilweng go ka bega motho yo o timetseng. Fa motlhankedi wa sepodisi a go bolelela se se farologaneng, kopa go bua le yo mogolo mo go ena ka maemo, mme o tswelele go dira jalo go fitlha o bona thuso e e maleba. Go bona tshedimosetso ka bana ba ba timetseng, etela South African Centre for Missing Children.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Fa o belaela gore mongwe o timetse, leka go ikgolaganya le ena pele.

Fa o sa kgone go mo fitlhelela, eya kwa seteišeneng sengwe le sengwe sa maposidi kgotsa tikwatikwe ya ditirelo tsa batho ka bonako.

Neela tshedimosetso e e maleba ka motho yoo, segolo, setshwantsho sa nakwana eo.

Tlatsa foromo ya SAPS 55  mme o saene foromo ya maikano e e sireletsa Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa kgatlhanong le dipegelo tse e seng tsa boammaaruri.

Fa motho yo o timetseng a bonwe, eya kwa seteišeneng sa mapodisi kwa a begilweng teng go itsise mapodisi kgotsa motlhankedi yo o batlisisang kgetse eo.

Tlatsa foromo ya SAPS 92 go phimola kwadiso e o e dirileng.


Godimo

Molao o dirisiwang



South African Police Service Act, 1995  

Godimo

Boemo jwa tirelo

O ka bega motho yo o timetseng kwa seteišeneng sengwe le sengwe sa mapodisi, e seng fela mo lefelong le go belaelwang motho yoo a timetse mo go lona.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ke ya mahala.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Reporting a person missing, SAPS 55 A  ) Tlatsa Karolo 2 go ya pele)

Cancellation on circulation system at the Missing persons bureau, SAPS 92 


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

National Missing Persons Bureaux 

Head office 012-393 2002
Gauteng /Limpopo/North West 011-607 6316
Western Cape 021-918 3452
Free State / Northern Cape 051-503 2862
Eastern Cape 041-394 6640
Kwa-Zulu Natal 031-325 4757
Mpumalanga 013-249 1138

Kapa-Botlhaba
Foreisetata
Gauteng
KwaZulu-Natal
Limpopo
Mpumalanga
Bokone-Bophirima
Kapa-Bokone
Kapa-Bodikela


