Go bega bosenyi/molato mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Borakanelo jwa 10111 le Mmadisefe
Go bega bosenyimolato mo Tirelong ya Sepodisi mo A
Go bega motho yo o latlhegileng
Go bega ka go tlhokaina tiro ya bosenyi
Tshotlo ya motho yo mogolo boikuelo jwa ngongorego kgotsa go itsise Bokaedi j
Tuelelopele ya botsietsi jwa 419 le botsietsi jwa
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi 08600 10 111
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Go dirisana le molao
Go bega bosenyi
Go bega bosenyimolato mo Tirelong ya Sepodisi mo A
Go bega bosenyi/molato mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e, e neelwa motho mongwe le mongwe yo o leng motswasetlhabelo wa bosenyi/molato.
Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa (South African Police Service) (SAPS) e tla bula dokete ya kgetse e le go batlisisa ka bosenyi/molato, mme ba tshware ya mmelaelwa le go tlisa kgetse mo kgotlatshekelong go sekwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa motho e le motswasetlhabelo wa bosenyi, o tshwanetse go ikgolaganya le sepodisi ka go leletsa mogala mo go 10111 kgotsa a ka ya kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng fa gaufi. (lebelela diaterese le megala) go bega tshenyo/molato
Fa motlhankedi wa sepodisi a fitlha mo lefelong le go nang le bosenyi/molato fa teng, o tshwanetse go kwala setatamente/pego go tswa mo go mongongoregi le paki fa go kgonagalang teng.
Motlhankedi wa sepodisi o tla ya kwa seteišeneng sa mapodisi, go kwadisa molato mo Thulaganyong ya Bosenyi/molato mo SAPS Crime Administration System CAS, mme a neye mongongoregi tshupetso e e bidiwang gore ke nomoro ya CAS.
Mongongoregi o tshwanetse go netefatsa gore o na le nomoro e ya CAS jaaka tshupetso ya dipatlisiso mo nakong e e tlang mabapi le kgetse ya bosenyi/molato
Fa e le gore mongongoregi o etela seteišene sa mapodisi sa mo gae go ya go bega bosenyi/molato, o tshwanetse go siamisediwa ke motlhankedi wa sepodisi Kwa lefelotshedimosetsong la Ditirelo tsa Sepodisi.
Motlhankedi wa sepodisi o tla simolola pele ka go tshwara ditherisano morago a tseye setatamente go tswa go mongongoregi fa a fetsa o tla kwadisa bosenyi jo ka mo CAS.
Mongongoregi o tla neelwa nomoro ya CAS e ka yona a tla kgonang go dira ditlhotlhomiso ka yona ka dinako tsotlhe maleba le kgetse e e begilweng..
Fa go fetswa ka dokete e, e neelwa letseka mme ena o tla dira dipatlisiso. Ditlhotlhomiso malebana le kgetse eo, di ka lebantshwa letseka le.
Letseka le le tshwaraganeng le kgetse e e rileng, le tla fetsa dipatlisiso tsa lona mme a tlhagise dokete e kwa kgotlatshekelong e e maleba gore molato o, o tle o sekiwe mme o atlholwe.
Letseka le, le tla itsise mongongoregi gore a ka tla kgotlatshekelong leng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
O tla thusiwa ka bonako.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e, ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Motlhankedi wa lepodisi yo o kwalang setatamente sa gago ke ena yo o tla tlatsang foromo.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
