Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Go tshwaragana le tsa loso
Thoto ya mohu
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Motšhoni ke motho yo o kolotang mme dithoto tsa gagwe (dilo tsotlhe go akaretsa madi, a motho yo a nang le ona) di leng ka fa tlase ga kamogodithoto (di beilwe ka fa tlase ka taolo go fitlhela sekoloto se duelwa). Fa o nyetswe ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto, mme molekane wa gago a bo a tšhona, Molao wa Botšhoni wa 1936, (Insolvency Act, 1936) o go kaya le wena o le motšhoni.
Fa motšhoni a batla gore a sekasekwe jaaka motho yo o sa tlholeng a tšhonne mo dinyageng di le lesome fa a sale a kaiwa jaaka motšhoni, o tshwanetse go dira kopo ya go tšhonololwa.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya go tšhonololwa?
motšhoni ka boena agente e e laetsweng go kaya fa motho yoo a tšhonne, fa motšhoni a sa dule mo Aforika Borwa motlholagadi kgotsa moswelwa fa motšhoni, fa batšhoni ba ne ba nyalane ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto molekane wa pele wa motšhoni, fa ba ne ba nyalane ka fa tlase ga molao wa tlhakanelodithoto badiragatsi ba thoto ya moswi yo e leng motšhoni.
Nako nngwe le nngwe:
o ka bonako fa batho botlhe ba ba reng o a ba kolota le ditshenyegelo tsa kamogodithoto di sena go duelwa ka botlalo, kgotsa o fa motšhoni a neetse tshisinyo ya go duela e e amogetsweng ke bogolo jwa palo e e kana ka boleng jwa kotaratharo ya batho ba a ba kolotang, mme motšhoni a duetse kgotsa a neetse batho ba, se ba ka ikokotlelang ka sona (security).
Morago ga dikgwedi di le tharo:
o fa e ka re morago ga dikgwedi di le thataro, ga bo go sena bopaki bope jo bo dirilweng jwa kopotuelo kgatlhanong le dithoto tsa motšhoni , gape fa e e le gore:
ke lwa ntlha motšhoni a amogwa dithoto, gape motšhoni ga a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
Morago ga dikgwedi di le lesomepedi go tswa mo letlheng le Molaodi a netefaleditsweng ka tlhaolosetso ya motlhokomedi wa ntlha ka ga thoto, fa e le gore:
o ke lwa ntlha motšhoni a amogwa dithoto gape o motšhoni ga a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
Morago ga dinyaga di le tharo:
o go tswa mo letlheng le Molaodi a netefaleditsweng ka tlhaolosetso ya motlhokomedi wa ntlha ka ga thoto o fa e le gore motšhoni o setse a kile a amogwa dithoto go feta gangwe o fa fela motšhoni a ise a tshwarelwe tshenyo epe.
Morago ga dinyaga di le tlhano:
o fa e le gore motšhoni o setse a kile a tshwarelwa tshenyo e e rileng.
Morago ga dinyaga di le lesome:
o fa go fetile dinyaga di le lesome, motšhoni o kaiwa a tšhonologile - kwa ntle ga fa kgotlatshekelo e ka laela ka tsela e nngwe maleba le kopo ya motho yo o nang le kgatlhego ya go dira jalo. Kopo e, e tshwanetse ya dirwa mo nakong ya dinyaga di le lesome.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ga o a tshwanela go itirela kopo ya go tšhonololwa ka bowena, o tshwanetse go dira jalo ka thuso ya semolao.
Ikgolaganye le mmueledi kgotsa kantoro ya Molaodi go bona tshedimosetso e nngwe gape le thuso.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Sekaseka nako ya go dira kopo le mmueledi wa gago.
Godimo
Tlhotlhwa
Sekaseka ditshenyegelo le mmueledi wa gago.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diroromo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaothe
Go nyalwa ka fa tlase ga molao wa setso
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
