Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Patlo ya Lekgetho VAT la morekisi
Kopo ya boikwadiso jwa dipusetsomorago tsa madi a
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa Lotseno
Tlhotlhwa e e okeditsweng ya lotseno VAT
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
O a tshwanela go ikwadisetsa VAT fa moputso o o boneng mo go rekiseng dithoto kgotsa dituelo tse di bonwang go tswa go ditirelo tse di neelwang di feta R300 000 ka ngwaga, kgotsa go utlwala gore e ka feta palo e.
Motho a ka ithaopa go ikwadisa fa thekisogotlhe mo dikgweding di le somepedi e feta R20 000 kgotsa go na le kgonagalo ya go feta R20 000.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dikopo tsa go pateletswa le boithaopo jwa go ikwadisa di tshwanetse tsa diriwa mo foromong ya VAT 101 (kopo ya boikwadiso) e e bonwang go tswa mo karolong ya diforomo tse di mo tlase kgotsa e e fitlhelwang go Lefapha la Selegae la Moamogedi wa Makgetho. oromo e tshwanetse go romelwa go kantoro ya SARS ya selegae e seng morago ga malatsi a le 21 go tloga ka letlha le molato o duelwang ka lona.
Ditokomane tse di romelwang le kopo ke:
Ditokomane tse di netefatsang boitshupo:
o khopi e e netefaditsweng ya boitshupo jwa morekisi le boitshupo jwa molekane wa lenyalo fa go nyalanwe ka tlhakanelo ya dithoto(a batho ba ba nang le dithata tsa molao ya go tshwana le ditlamo le dikoporasi tse di kopetsweng le therasete le boitshupo jwa moemedi).
Fa e le kgwebo ya kwa kwa ntle, go tlgagisiwe ditlankana tsa mong yo o thapilweng mo Aforika Borwa.
Khopi e e matshwanedi ya setefikeiti sa boikwadiso go tswa go Mokwadisi wa Ditlamo/Dikoporasi tse di kopetsweng (sekao. CK1, CK2, CM1, CM29).
Khopi e e netefaditsweng ya tokomane ya go tlhomamisiwa sekao. therasete ya kano, tumalano ya bokopanelo kgotsa ya ditlhogokwalo tsa bothati jwa selegae kgotsa jwa bosetšhaba. Fa e le bokopanelo jwa molomo, go tshwanetse go tladiwa foromo ya VAT 128. Diathikele tsa Mekgatlo ya ditlamo ga di tlhole di tlhokega.
Ditokomane tse di dingwe tse di akarediwang (dikopo tsotlhe):
Dikanego ditatamente tsa sešweng go tswa bankeng, tšheke e e phimotsweng kgotsa lekwalo la kwa bankeng le le netefatsang dintlha ka ga banka ya gago ya Aforika Borwa. Fa akhaonto ya banka e se mo leineng la morekisi, foromo 119 I ya VAT e tshwanetse go tladiwa.
Lekwalo la go thapiwa ga motsholadibuka wa kwa ntle, mmalamatlotlo kgotsa moruni fa karolo 7 ya VAT 101 e tladiwa.
Khopi ya sešweng ya akhaonto ya mmasepala kgotsa bosupi jwa aterese kgotsa ditshupapele kgotsa bosupi jwa aterese.
Leano la kgwebo, tshekatsheko ya kgonego, dikonteraka tse di saenweng, tumalano ya forentšhaese kgotsa diakanyetsopele kgotsa bosupi bongwe jo bo bontshang gore tlhotlhwa ya lekgetho la diromelwa di na le kgonagalo ya go feta R300 000. Se ga se tlhokege fa o setse o fetile R300 000. Mo mabakeng a boikwadiso jwa boithaopo go tshwanetse go romelwa thekisogotlhe e e bonweng e e fetileng R20 000.
Laesense ya kgwebo e e tlhokegang mo kgwebong eo sekao. ditagi kgotsa laesense ya go thaya ditlhapi.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa kopo ya boikwadiso e setse e dirilwe, Moamogedi wa Makgetho o tla go eletsa ka nomoro ya boikwadiso. O tla amogela setefikeiti sa boikwadiso sa VAT (VAT ya bo 103).
O tla eletswa gape fa e le gore kopo ya gago e gannwe.
Letlelela malatsi a tiro a le 10 gore lekala la kantoro ya selegae e tshwaragane le ditokomane tsa gago. Setifikeiti se tla romelwa ka poso e e neetsweng mo kopong ya boikwadiso mme e tshwanetse go amogelwa mo dibekeng tse 2 mo tsweletsong ya kopo. Bathapiwa ba SARS ga ba a dumelelwa go go eletsa ka molomo ka ga nomoro ya gago ya VAT.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
