Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya go kwadisa patente
Kopo ya go kwadisa letshwaokgwebo
Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro
Kopo ya go kwadisa moakanyetso
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Go kwadisa phatlhothoto ya tlhaloganyo
Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro
Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro
Tlhaloso
Tshwanelo ya tiro (copyright) ke tshwanelo ya go sireletsa tiro ya motho, e e ka nnang sekwalwa, matheriale mongwe le mongwe, manane a khomphuta, tiro tsa botsweretsi, matheriale wa kgaso, mmino, ditshwantsho kgotsa divideyo.
Sireletsa" e kaya go thibela batho ba bangwe go kopisa kgotsa go utswa tiro kgotsa matheriale mme ba itirisetsa ona (kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo) mme ba dira se maikaelelo e le go dira madi. Molao wa Tshwanelo ya tiro (The Copyright Act, 1978) o gatelela tshwanelo-tiro (copyright).
Fa o na le kakanyo ya motheo e e leng ya gago, ga o kitla o nna le tshwanelo ya kopiso tiro ya yona. Sa ntlha o tshwanetse go baya kakanyo ya gago ka tsela e e bonagalang, jaaka buka, karata, CD, botaki, setshwantsho, motshameko kgotsa filimi..
Ka kakaretso motho yo o kwadileng, gatisitseng, phasaladitseng, diragaditseng, setileng, takileng, filimileng, rekotileng tiro ke ene mong wa tshwanelo ya tiro. Le fa go ntse jalo, fa motho a romilwe mme e bile a duelwa go dira karolo ya tiro e e rileng, mong wa tshwanelo ya tiro e tla nna mothapi wa gagwe.
Mo ditirong di le dintsi (kwa ntle ga difilimi) ga go botlhokwa go dira kopo ya tshwanelo ya tiro.
Tshwanelo ya tiro e dirwa ka go baya mafoko "copyright" kgotsa "copyright reserved" kgotsa "copyright Smith 2002" (se se raya gore tshwanelo tiro e latelwa ke leina le ngwaga) kgotsa sekai sa tshwanelo tiro, leina le ngwaga (© Meati 2002).
O ka nne wa bona tshwanelo tiro mo Aforika borwa fa o le moagi wa Aforika borwa kgotsa fa tiro ya gago e dirilwe mo Aforika borwa. Fa o se moagi wa Aforika borwa, o ka nne wa fiwa tshwanelo ya tiro fa fela naga e o tswang kwa go yona e le karolo ya Berne Convention. Berne Convention ke tumalano ya boditshabatshaba malebana le tshwanelo ya tiro mme maloko a yona, a utlwane go sireletsa tshwanelo ya tiro ya lengwe le lengwe la maloko a yona.
Tshwanelo tiro ya difilimi le divideyo e e direlwang mabaka a kgwebo yona e tshwanetse go direlwa kopo, ka go dirisa ditokomane tse di ka fitlhelwang sesolo kwa diofising tsa Tshwanelo ya tiro (Copyright Office):
Fa o na le tshwanelo ya tiro e go neela "go nna mong" wa matheriale le go go naya taolo ya dithekiso le tiriso. Letshwao la tshwanelo ya tiro le le tlwaelegileng ke ©.
Tlatsa diforomo tse di latelang:
Foromo RF1, e romele ka sebedi
Foromo RF2, e romele ka sebedi
Foromo RF3, e romele ka sebedi
Lekwalo la dithata tsa go saena, fa go dirisiwa mmueledi
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Morago ga dikgwedi di le thataro, go tla dirwa ditlhatlhobo mme morago ga mo tshwanelo ya tiro e tla abiwa ka kgwedi ya bosupa.
Tlhotlhwa
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
