Go romela kgotlang kwa go CCMA go tlisa kutlwano kgotsa
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Thomelo ya kgotlang go CCMA go tlisa kutlwano
Molao wa go phiketa wa CCMA ka nako ya boipelaetso
Tlhomamiso ya botlhokwa jwa tirelo
Netefatso ya gore kgwebo ke tirelo ya tlamelo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Kamano ya ditiro
Kamano ya ditiro
Thomelo ya kgotlang go CCMA go tlisa kutlwano
Go romela kgotlang kwa go CCMA go tlisa kutlwano kgotsa go tsereganya tumalano (con-arb)
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Theetso ya go tlisa kutlwano ke mokgwa wa tsamaiso o o mokhomišenara (kgotsa mong wa babotsi, mo mabakeng a khansele ya ditherisano kgotsa moemedi) e kopang le maphata a a sa utlwanang (a a nang le kgotlang) go sekaseka mekgwa yotlhe e e ka dirisiwang go bona tharabololo go tlisa kutlwano.
Tsela ya go tsereganya go tlisa kutlwano (con-arb) e rarabolola ka bonako tsamaiso e e kgobelelang go mongwe kwa ditirong le peseletso e e kgobelelang e dirisiwa jaak mokgwa wa go tsereganya le go tlisa kutlwano. Tsela e, e dumelela tsereganyo ya go tlisa kutlwano go diragala jaaka mokgwa o o tswelelang ka letsatsi leo, fa go tlhokega.
Go tlisa kutlwano go rarabolola dikgotlhang ka bonako e bile ka tlhamalalo. Tsela ya go tlisa kutlwano ga e a tlhakatlhakana, ga e tlhotlhwagodimo e bile ga e dumelele kemelo epe ya semolao. Ke tshweetso ya go tlisa tharabololo e, mo matsogong a maphata a a amegang.
Mo kopanong ya morero wa go tlisa kutlwano mothapi a ka tla ka namana kgotsa a ka emelwa ke mokaedi kgotsa mothapi yo mongwe kgotsa mokgatlho wa bathapiwa. Mothapiwa a ka emelwa ke motlhankedi wa lekgotla le le ikwadisitseng la semmuso le le emetseng badiri.
Fa modirakopo a retelelwa ke go nna teng kwa kokopanong ya theetso mo nakong e e umakilweng, kgang e e tla tshololwa. Fa modirakopo a ka eletsa go tswelela, kopo ya go fedisa molato wa pelesetso e tshwanetse go diriwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya LRA7.11 mme o e romele kwa go Khomišene ya Kutlwano, Botsereganyi le Poelano (CCMA) mo porofenseng ya gago fa kgotlhang e, e diragetseng kgotsa e itemogetsweng teng.
Neelana ka khopi ya foromo go mongwe wa maphata amabedi a.
Lemosa gore khopi e neetswe mongwe wa maphata a, ka go e gokelela le dilo tse di latelang mo kopong ya gago:
o khopi ya setlankana se se kwadisitsweng kwa Posong o khopi ya setlankana se se saenweng fa khopi ya foromo e tlisiwa ka letsogo o puo e e kwadilweng mme ya saenwa ke motho yo gorositseng khopi ya foromo, go netefatsa gore tirelo e, e diragaditswe o khopi ya setlankana sa fakese ya go netefatsa kgotsa bopaki jo bo kgodisang jwa gore tirelo e, e diragaditswe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Ditokomane tsena di tla rebolwa ka mokgwa wa PDF. Go bula ditlankana tsa PDF, o tlhoka go nna le 4 kgotsa e e kwa godimo mo khompiuteng ya gago.
Godimo
Boemo jwa tirelo
E ka tsaya malatsi a 30.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e, ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Mediro
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
