Work (Maize) 											Setswana 



Ke mang yo o tshwanetseng go dira tiro mo polaseng ya gago?



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.

Photo 1: “ Masimo a a siameng le a a phepa” a sonobolomo

Photo 2: “ Masimo a a mabe le a a leswe” a sonobolomo

	

Malatsing a gompieno tlhabololo ya balemirui ga se tiro e e bonolo mme e batla boineelo le serodumo. Bantshadikuno ba rakana le dikgwetlho tse di jaaka tse di latelang:



Ga go sepe se se bonolo ka temothuo mme bantshadikuno ba laola dilo tse dintsintsi fa ka fa ba ithwesa mathata a a boitshegang.

Ditlhotlhwa tsa ditsenngwateng tsa gajaana di ketefaletsa balemirui thata go ka bona dipoelo go tswa ntshodikunong ya dijalo tse di lengwang fela ka pula mo dikarolong tse dintsi tsa Aforikaborwa.

Tlhotlhwa e e kwa tlase ya dithoro e tlisa kgatelelo e e boitshegang mo go direng poelo ga ntshodikuno ya dijalo.

Dikelomorokotso di kwa godimo, fa ditlhotlhwa tsa metšhine di tshosa.

Bantshadikuno ba bagwebi ba ba nang le maitemogelo ba a kgaratlha – bantshadikuno ba ba tlhabologang bona ba tlaa bona ba rileng? Bona ba kgaratlha le go gaisa.



Go ya ka dintlha tse di tlhagisitsweng fa godimo, go mo pepeneneng gore go kampana le tlhabololo ya balemirui ga go bonolo jalo. Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse di šebileng bantshadikuno ba ba tlhabologang ke go fitlhelela kadimo ya ntshodikuno. Bontsi bo na le lefatshe le dimetšhine (dingwe ga di mo maemong a a siameng), ba a katisiwa le go engwa nokeng, fela ba tlhoka madi. Palogotlhe ya ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya dijalo e kwa mankalankaleng – magareng ga R4 000 le R5 000 ka heketara (go ya fela ka gore ke sejalo sefe, kae, j.j).

Mo lenaneong la tlhabololo ya balemirui monongwaga re thulane le setlhopha sa dikgwetlho tse dintšhwa. Go ntse le tlwaelo mo baadiming ba madi ya go rotloetsa bantshadikuno go dirisa borakonteraka ba temothuo go bereka masimo a bona le go jala dijalo. Go ntse le mathata a a boitshegang mo tlwaelong e mme go ithutilwe dingwe tsa dithuto tse di tlhotlhwagodimo thata.

Ditshwantsho tse di tsamaelanang le kgannyana e, di bua go go boitshegang. Masimo “a a siameng le a a phepa” a sonobolomo ke masimo ao a bantshadikuno ba ba tlhabologang ba dirisitseng diterekere le didiriso tsa bona go bereka masimo a bona. Masimo “a a mabe le a a leswe” a sonobolomo ke masimo a a berekilweng ke borakonteraka. Go itshupa sentle gore lotseno lo lo tlileng go bonwa mo masimong a a berekilweng ke borakonteraka le ya go nna kwa tlase thata go na le la masimo a a berekilweng ke montshadikuno ka boena. Se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore ditshenyegelo tsa go dirisa konteraka, di tlaleletsa go fetisisa mo ditshenyegelong tsa ditsenngwateng.

Re go rapela go ipotsa gore: Fa o sekaseka ditshwantsho, ke mang a tshwanetseng go dira tiro – montshadikuno kgotsa rakonteraka? Ke tumelo ya rona gore re tlhoka go tlhabolola bantshadikuno ba bagwebi ba bantsho ba ba matlafaditsweng ba ba itirelang tiro ka bobona.

