

Study groups 									Tswana

Goreng re rotloetsa bantshadikuno ba ba tlhabologang go tlhama ditlhophathutano?



Instructions:

Folio Strap: Ditlhophathutano

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo le Lenaneotlhabololo la Balemi la Grain SA



Nngwe ya diporojeke tse dikgolo mo lenaneotlhabololong la rona ke tlhamo ya le tirelo mo ditlhophathutanong.



Go mabaka a le mmalwa gore go reng go tlhamiwa ditlhophathutano le gore di dire:

Batho ba ba tshelang le go lema mo kgaolong e le nngwe ba na le mathata a a tshwanang mme ba ka ithuta go tswa mo go yo mongwe;

Ditharabololo tsa mathata di ka bonwa go tswa mo ditokololong tsa setlhopha;

Go bonolo e bile go ditshenyegelo potlana go tshegetsa batho mo setlhopheng go na le go thusa motho a le mongwe;

Go kgonega go nna le lenaneo le le rulagantsweng la ngwaga la ditiro le katiso gore motho mongwe le mongwe a tswelele go ya kwa go nneng molemimogwebi;

Setlhopha se na le lentswe le le utlwalang go na le motho a le esi – fa batho ba le bantsi ba kopa selo se se tshwanang, ba bangwe ba a reetsa.



Setlhophathutano se ya go dira sentle fela fa ditokololo tsa setlhopha di se dira sa tsona – dingwe tse di akanngwang ke tse:

Setlhopha se tshwanetse go kopana gangwe le gape;

Setlhopha se tshwanetse go nna le molaotheo, o o nang le maikaelelo le maitlhomo a a senotsweng sentle;

Setlhopha se tshwanetse se nne le popego ya botsamaisi jo bo dirang – lo se letle setlhopathutano sa lona go tsewa ke batho ba e seng balemirui tota – se ga se a tshwanela go nna serala sa mananeo a sele;

Ditokololo tsa setlhopha di tshwanetse go nna le maitlhomo a ngwaga – fa bofitlhelelo jwa lona bo tlhapile gona tsela ya lona e tsamaega bonolo;

Tlhaola ditlhokego tsa setlhopha mme o tsee dikgato tse di nonofileng go fitlhelela ditlhokego tseo – sekao fa setlhopha se tlhoka kgakololo ka monontsha laletsa go tswa ditlamong tsa menontsha go buisana le setlhopha. Laletsa baitseanape go bua ka ditlhogo tsa botlhokwa mo go bona;

Rulaganya matlhapitso a ngwaga otlhe kwa tshimolong ya ngwaga gore ditokololo di tle di kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang go tsena dipitso.



