

Soil											Tswana



Tlhatlhoba mmu wa gago



Instructions: 

1. Folio Strap: Paakanyo ya mmu

2. Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong e e Tsweletseng ya Ntshodikuno ya Grain SA



Mo nageng e e kgwatata ya rona koo dithoro di ntshiwang mo maemong a komelelo (e seng a nosetso), kgono ya mmu go tshwarela dijalo bongola ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa go gaisa mo tlhomamisong ya kgonommu.



Dintlha tse dingwe tse di lebalebiwang mo tshekatshekong ya mmu e tlaa nna boteng jwa mmu jo bo nonofileng, tshugommu, diteng tsa mmopa le tsharabololo ya sekhemikale. Medi ya dijalo e tlhoka go kgona go tsenelela kwa teng mo mmung gore e kgone go fitlhelela bongola gammogo le dikotla tse di tlaa dirisiwang mo tiregong ya kgolo.



Pele o reka lefatshe kgotsa o swetsa gore o ya go dirang ka lefatshe le o nang nalo, go botlhokwa thata go tlhomamisa kgonommu ya lona. Kgono ya kgaolo ya temo ya polase e tlhomamisiwa ka go epa mesima ya porofaele mo mafelong a a tlhophilweng. Mesima e ya porofaele gantsi e lekanyediwa ka 1 m ka 1 m mo boalogodimong le boteng jwa bonnye jwa 1,2 m. Mo tlhatlhobong, mesima e e tlaa supa ka bonako fela dibopego tsa mmu tse dikgolo mo polaseng.



Tshekatsheko e dirwa ka go tsena mo mosimeng o tshotse hamore ya jiolojisete kgotsa sediriso sa seatla se se maleba (penknife) le go remarema mmu go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, mme o tsweletse go ela tlhoko diphetogo kgotsa dipharologano dingwe tse di diragalang go ya le porofaele.



Sekgala kgotsa karolo ya popego e e rileng mo kgaolong ya temo e ka tlhomamisiwa go ya pele ka go dirisa boro ya mmu go lekanya boteng jwa medi jo bo nonofileng le go ribolola dillaga dingwe tse di kgoreletsang kgono ya temo. Tsona e ka nna logogo la temo kgotsa dillaga tsa kgogodi tse di katisegetseng gaufi le boalogodimo jwa mmu mo botennye jo bo lemegang kgotsa letlapa le le sa tsenelegeng kgotsa dillaga tse dingwe tse di kwa teng mo porofaeleng tse di ka kgoreletsang kgolo ya medi.



Go botlhale go reka kgotsa go buisa mo bukeng:

Soil Classification – A binomial system of South Africa 

ISBN 0-621-10784; e bonwa go tswa go:

The Research and Technology Manager 

Private Bag X79

Pretoria 0001



Gantsi kgaolo ya ntshodikuno nngwe le nngwe e na le mebu e e kgethegetseng kgaolo eo ya temothuo. Mebu ya kgono e e kwa godimo mo kgaolong e e farologaneng nngwe le nngwe e ka bonala e farologana ka porofaele fela mmogo ka dintlha tsa tlelaemete le monono di bo di le kwa godimo mo kgaolong e e rileng. Se se ka raya gore mmu wa “avalon” wa kgono e e kwa godimo kwa Tweespruit o ka ntsha ditono tse 3,5 kgotsa go feta tsa mmidi ka heketara mo ngwageng o montle fela ga o ka ke wa tshwantshanngwa le mmu wa Hutton kwa Viljoenskroon o o ntshang go feta ditono tse 6 tsa mmidi ka heketara mo ngwageng o montle.



Tlhomamiso ya kgonommu e tlaa tsaya tsia:

Botengmedi jo bo nonofileng;

Dillaga tse di sutlhelegang;

Pula ka ngwaga;

Bokgoni jwa go tshola bongola le; 

Monono.

E ke kgatiso ya Seetibosigo 2008 ya Pula-Imvula. Ka nako e ya ngwaga, bontsi jwa dijalo tsa selemo bo setse bo budule mo go rayang gore semela ga se tlhole se gopa dikotla go tswa mo mmung. Le mororo o ise o robe dijalo tsa ga jaana, nako ke yona e ya go simolola go akanya ka sejalo se se latelang se o se rulaganyetsang go se jala.



O tlhaloganya sentle gore dijalo di tlhoka dikotla gore di kgone go gola le go dira dithoro. Dikotla tse semela se di tsaya go tswa mo mmung. Gongwe re ka re mmu o lekana le raka ya korosari. Pele o tswa go ya go reka dijo, o tshwanetse go tlhola gore go na le dijo dife mo rakeng – go seng jalo o ka iphitlhela o reka gape bontsi jwa dijo tseo setseng o na le tsona mme o lebala go reka tse di fedileng. Go tsaya dikaommu go tshwana le go tsaya setoko mo rakeng ya korosari. Go botlhokwa thata go tsaya dikaommu jaanong jaana gore o tle o kgone go bona dipholo ka nako e e siameng, se se tlaa go kgontshang go rulaganyetsa sejalo se se latelang ka tshwanelo. Fa o na le dipholo tsa dikaommu, o tlaa itse fa masimo a gago a tlhoka go tshelwa llaeme le gape gore ke monontsha ofe o o tshwanetseng go o tshela ka kelo efe ya heketara.



Go tsewa ga le tshwao e e tshwanetseng ya sekaommu



Tseosekaommu

Pele sejalo se jalwa mo tshimong e e rileng nngwe le nngwe, go botlhokwa go tsaya sekaommu go tlhomamisa gore ke menontsha efe e e ka tshelwang go bona dijalo tse dintle. Tseosekao ya mmu e tshwanetse go dirwa ka tsela e e latelang:

Tsaya dikao di le mmalwa (tse tlhano go ya go lesome, go ya ka bogolo jwa tshimo) go tswa mmugodimong – go tswa disentimetareng tse 15 tse di fa godimo tsa porofaele ya mmu.

Tlhakanya dikao tsotlhe tsa mmugodimo go tswa mo tshimong e le nngwe mme o tsee sekao sa 1 kg go tswa mo motswakong.

Tsaya dikao di le mmalwa (tse tlhano go ya go lesome go ya ka bogolo jwa tshimo) go tswa mo mmutlaseng – go tswa 15 cm go 30 cm kwa tlase ga boalogodimo jwa mmu.

Tlhakanya dikao tsotlhe tsa mmutlase go tswa tshimong e le nngwe mme o tsee sekao sa 1 kg go tswa mo motswakong.

Tshwaya, o kwale letlha le nomore ya sekao sentle. Mo setshwaong go tshwanetse go akarediwe tse di latelang:

Leina la molemi;

Leina la polase;

Aterese ya poso ya molemi – go akaretsa toropo;

Nomore ya tshimo (netefatsa gore o nomora masimo a gago otlhe le go tshola rekoto ya go nomora goo).

Isa sekaommu sa gago kwa laboratoring go sekasekwa. Fa o sa netefatse gore o ka romela kae sekaommu sa gago, ikopanye le mogokaganyi wa porofense wa gago wa Lenaneotlhabololo la Balemi la Grain SA (maina le dinomore tsa megala di tlhagelela mo tsebeng e e ka fa morago ya Pula-Imvula e).

Gakologelwa gore fa mmu mo tshimong o farologana thata gona go tlaa tlhokega gore o fe karolo eo leina le le farologaneng – arola tshimo ka dikarolo tse pedi kgotsa go feta mme o fe nngwe le nngwe nomore e sele.









	

























