Questions									Tswana



Dipotso tse di boditsweng ke bareetsi ba Radio Lesedi



Instructions

Folio Strap: KAKARETSO



Mo kgasong ya fa gautshwane mo Radio Lesedi. Johan Kriel, mogokaganyi wa tlhabololo wa porofense wa Grain SA mo Foreisetata, o kopile bareetsi go mo romelela dipotso ka “sms” tse ba ka ratang di arabiwa. Dingwe tsa dipotso tseo ke tse di latelang:



Heketara e bogolo bo kae mme ke tlhomamisa jang kgaolo?



- E nyalantswe go tswa khosong ya tlhabololo ya dikgono tsa sethekeniki ya Grain SA ke Jane McPherson



Go botlhokwa go itse bogolo jwa tshimo e o yang go jalwa ke gore dipalelo le dikhaleboreišene tse di latelang di a tlhokega.

Selekano sa disele, peo, monontsha le dikhemikale tse di tlaa dirisiwang mo kgaolong eo.

Ditshenyegelo tse di tlaa dirwang go jala kgaolo eo.

Palopalo ya dimela ka heketara.

Boleng jwa inšorense mo dijalong.

Dituelelo tse di duelwang borakonteraka, jj.



Gakologelwa gore kgaolo ya heketara e le nngwe ke: 

1 ha = 100 m x 100 m

1 ha = 10 000 disekwere metara (m²)



Fa o lekanyetsa molemi kgaolo, yo go bonalang a batla go itse bogolo jwa masimo ka diheketara, o tlaa aroganya disekwere metara ka 1000 go bona palo ya diheketara (sutisa phegelwana mafelo a le mane go ya molemeng).



Sekao: 

50 000 m² = 5 ha

30 000 m² = 3 ha

160 000 m² = 16 ha



Malatsing ano, go na le ditlamelwana tsa seeleketeroniki (GPS) tse di kgonang go balela kgaolotota ya masimo ka diheketara ka go dirisa dikgolagano tsa satelaete, fela go na le batho ba le bantsi ba ba sa kgoneng go fitlhelela thekenoloji e. Go sa ntse go na le dikgopolotheo tsa motheo dingwe tsa tekanyo ya kgaolo tse di sa ntseng di ka dirisiwa mo masimong a polase



Kgaolo ya sekwere e balelwa jaana:

Kgaolo = Boleele x Bophara (K = B X B)

A re akanyetse gore boleele jwa letlhakore le le lengwe ke 2m			 

Kgaolo = 2 m x 2 m

K = 4 m²



Kgaolo ya khutlonnetsepa e balelwa jaana:

Kgaolo = Boleele x Bophara (K = B X B)

A re ka akanyetse gore boleele jwa khutlonnetsepa ke 

4 m mme bophara ke 2 m.

K = B X B

K = 4 m X 2 m 

Kgaolo = 8 m²



Kgaolo ya khutlotharo e balelwa jaana:

Ke ½ Letlase x Bogodimo (½ L X B)

A re akanyetse gore letlase la kutlotharo ke 2 m mme bogodimo ke 3 m

K = (½ X 2 m) X 3 m

K = 1 m X 3 m

K = 3 m²



Fa o sa netefatse ka bogolo jwa tshimo ya gago e bile o sa kgone go bona ope go go bo lekanyetsa, o ya go tshwanela go leka go bo itekanyetsa ka bowena. O ka lekanya modikologo wa leotwana la gago (koloi, bene, terekere kgotsa baesekele), tshwaya lefelo lengwe mo leotwaneng ka pente kgotsa tšhoko, jaanong o bale makgetlo a leotwana le a dikologang fa o tsamaya mo letlhakoreng la tshimo. Boeletsa tiragalo mo matlhakoreng a mangwe otlhe a tshimo, mme o tshwantshe tshimo mo pampiring. Fa o setse o na le sebopego sa tshimo ga mmogo le matlhakore a tshimo, o tlaa kgona go dirisa dikaelo tse di bonolo tse di fa godimo go balela kgaolo.



Kgonophudiso (carrying capacity) ke eng le gona ke tlhoka diheketara tse kae tsa lefatshe go rua kgomo e le nngwe?



- Kgakololo ya setegeniki ya tirelo ya tlhabololo ya magae: Ntlha 33



Go na le mefuta e e farologaneng e mentsi ya loruo loo batho ba lo ruang mo dipolaseng – dikgomo tsa mašwi, tsa nama, dipitse, dinku le dipodi, jj. Diphologolo di ja selekano sa furu se se rileng ka letsatsi (go ya ka bogolo le mofuta wa phologolo). Gore go kgonwe go berekwa gore go ka ruiwa diphologolo di le kae mo lefatsheng, kgonophudiso ya kgaolo nngwe le nngwe e berekilwe sesaense – se ke kakaretso fela ka gore go ya ka maemo a phulo. Fa maemo a phulo (naga) a le bokoa, gona o tlaa tlhoka lefatshe le lentsi ka phologolo, mme fa maemo a phulo a le mantle o tlaa kgona go rua diphologolo tse dintsi mo lefatsheng leo. Dipalelo le gale di go thusa go bereka palogare ya palo ya diheketara tse di tlhokegang go rua phologolo e le nngwe. Sekao: mo dikgaolong tse dikgolo tsa Foreisetata tlwaelo ke 6ha ka kgomo (LSU) kgotsa yunite ya seruiwa se segolo.



Go kgona go balela palo ya diphologolo, go tlhokega go tlhalosa phologolo nngwe le nngwe jaaka yunite ya seruiwa se segolo (YSS/LSU). YSS e le nngwe e lekana le kgomo e e feditseng go gola e le nngwe (go feta dingwaga tse pedi). Gakologelwa gore fa phologolo e le mmele o mogolo gona e tlaa ja dijo di le dintsi ka letsatsi go itlamela. Ntlha nngwe gape e e tlhokang go tsewa tsia ke gore fa phologolo e dira (e ntsha mašwi kgotsa e goga mogoma) le teng e tlaa tlhoka dijo tse dintsi.



Diruiwa
 
Selekane sa seruiwa LSU
 

 
Dikgomo tse di fetang dingwaga tse pedi
 
1,0
 

 
Dikgomo tsa dikgwedi tse 6 – dingwaga tse pedi
 
0,6
 

 
Dinku le dipodi
 
0,15
 

 
Dipitse 
 
1,0
 

 


Ditlhophaboima tsa diphologolo



Dikgomo tse di namagadi ga di na bogolo jo bo tshwanang – go na le mefuta mennye, e e fa gare le e megolo. Gantsi fa phologolo e le kgolo e tlaa ja thata. Loruo lo ka farologanngwa go ya ka boima jwa lona.



Phologolo
 
 Boima fa e tshela
 

 

 
Nnye
 
Bogare 
 
Kgolo
 

 
Dinku
 
≤ 50
 
50 - 70
 
≥ 70
 

 
Dikgomo
 
≤ 500
 
500 - 700 
 
≥ 700
 

 
Dipitse 
 
≤ 300
 
300 - 600
 
≥ 600
 

 


Boleng jwa diyunite tsa loruo jwa go fudisa loruo lwa boima jo bo farologaneng.



Phologolo
 
Boima fa e tshela (kg)
 

 

 
Nnye
 
Bogare
 
Kgolo
 

 
Nku go akaretsa kwana ee dusiwang
 
0,08
 
0,1
 
0,15
 

 
Dinku tse di sa duseng le tse di latelang
 
0,06
 
0,08
 
0,1
 

 
Dikgomo tsa mašwi
 
0,08
 
1,0
 
1,1
 

 
Dikgomo tse di amusang e bile di dusa
 
0,7
 
0,9
 
1,1
 

 
Dikgomo tse dingwe tsa go feta dikgwedi di le 24
 
0,6
 
0,7
 
1,0
 

 
Dikgomo tse di fuseditsweng tse di bogolo jo bo ka fa tlase ga dikgwedi di le 24
 


0,5
 


0,6
 


0,7
 

 
Dipitse 
 
0,8
 
1,0
 
1,2
 

 


Go botlhokwa thata mo tirisong e e tswelelang ya lefatshe gore kgonophudiso ya lefatshe e se ke ya bo ya tlolwa – fa o sa tlhomamise ka kgonophudiso ya lefatshe la gago e e nepagetseng, ikopanye le kantoro e e gaufi ya lefapha la temothuo mme ba tlaa kgona go go tlamela ka tshedimosetso e e feletseng ya kgaolo ya gago.



Ke tlhokang go nna tokolo ya Grain SA?



- Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo ya Balemirui la Grain SA



Motho mongwe le mongwe yo o leng montshadikuno kgotsa molemi wa dithoro o ka nna tokololo ya Grain SA. Go na le mefuta e e farologaneng ya botokololo jwa mokgatlho, mme mefuta e e tlwaelegileng ke ya ditokololo tsa balemi ba kgwebo le ditokololo tsa ditlhophathutano. Dituelo tse di duelelwang go nna tokolo e e tletseng ya molemi wa mogwebi ke tuelo ya R2,00 ka tono, ya tono nngwe le nngwe ya dithoro tse di gorositsweng, ka tuelelo ya bonnye ya R570 (go akaretsa VAT).



Go na le botokololo jwa setlhophathutano jo bo jang R10,00 ka tokololo ya setlhophathutano ka ngwaga. Fa go na le batho ba ba ratang go tlhama setlhophathutano le go nna tokololo ya Grain SA, tsweetswee ikgolaganyeng (le bagokaganyi ba porofense ba ba gaufi ba gago bao maina le dinomore tsa bona di tlhagelelang) mo tsebeng e e ka fa morago ya Pula-Imvula. Maitlhomo a ditlhophathutano ke go tshwara dipitso gangwe le gape tse mo go tsona go buisanwang ka dintlha tsa ntshodikuno ya dithoro – go nna tokololo ya setlhophathutano gape go kaya gore o kgona go tsenela dikhosokatiso tse dintsi tse di tlhagisiwang ke Grain SA ngwaga otlhe.

