Planning										Tswana



Ga go nako e e gaisang jaanong go simolola go loga maano



Instructions:

Folio Strap: Ntshodikuno

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



O ka bo gongwe o na le lebaka le le utlwalang la go itumela jaaka mo dikgaolong tse dintsi tsa naga maemo a loapi a ne a siame e bile re itemogetse dipula tse dintle. Fa gongwe o mo maemong a go kgona go duela dikadimo tsa gago le go nna le madi a a go salelang. Fela le gale go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go simolola go di akanyetsa mo setlheng se se latelang.



Gakologelwa: 

Bolokela sejalo se se tlang madi – fa o adima madi a mannye gona mathata a kwa tlase.

Akanya ka diterekere le didiriso tsa polase tse o di tlhokang gore o kgone go tokafatsa mekgwatiriso ya gago ya temothuo.

Ke dijalo dife tse o rulaganyetsang go di jala mo setlheng sa selemo se se latelang?

Go ya ka maemo a matlole o tlaa kgona go lema diheketara tse kae?

Tekanyetso gotlhe e e tlhokegang go jala sejalo se se tlang ke bokae?

Fa e le gore o tlaa tlhoka kadimo, ke setheo sefe se o akanyang go batla thuso kwa go sona?

A o setse o tsere dikaommu tsa gago?



Mo setlheng sa ntshodikuno se se fetileng se, ditlhotlhwa tsa dithoro tsotlhe di tlhatlogile go utlwala e bile go ne go kgonega go dira dipoelo. Ka bomadimabe ka ntlha ya tlhotlhwa ya oli e tala (e e amang bontsintsi jwa ditsenngwateng tsa rona) gammogo le tlhatlogo ya dikelo tsa morokotso, tlhotlhwa ya ditsenngwateng tsa setlha se se tlang e setse e tlhatlogile go utlwala. Go botlhokwa thata gore molemi mongwe le mongwe a dire dipalelo tse di tlhoafetseng le togamaano e e tiileng pele a jala sejalo se se latelang – ditshenyegelo ka heketara e tlaa nna bokae e bile tlhotlhwa e re ka e solofelang mo dijalong ke bokae?



























