Nominees (Maize)									Setswana 



Kopana le Bontlhopheng Ba Montshadikuno yo o tlhabologang wa dithoro wa 2009



Instructions: 

Folio strap: Montshadikuno wa ngwaga

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: Add photos of each nominee

Add the ribbon we used last year



Bontlhopheng ba ba tlaa bong ba gaisanela sekgele sa Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2009, ba setse ba tlhophilwe. Mofenyi o tlaa begwa kwa moletlong wa mabono o o tlaa tshwarwang ke Grain SA ka Diphalane 9, 2009. Bontlhopheng ba latelana jaana:



Philip Xaba

Ka 1973 Phillip Xaba o ne a simolola go dira jaaka mokgweetsi wa terekere mo Polaseng ya Magita. Ka 1985 o ne a thapiwa kwa Senwes, a dira jaaka moeteledipele wa setlhopha go fitlha ka 1992, fa a a ne a ya go dira kwa Vetsak.



O tshetse nako e ntsi ya gagwe mo tikologong ya temothuo mme a nna le lorato lwa temothuo. O nyetse Julia, yo o leng morutabana mo Bothaville.



Phillip o ne a le lobaka lo loleele a le karolo ya lenaneo la temothuo e e tlhabologang, fela o inyalantse le Lenaneo la Montshadikuno yo o tsweletseng ka 2006. O kile a nna gape mongwe wa bontlhopheng ba bofelo ka 2007.



Phillip o dumela mo go itireleng dilo ka boena go na le go ikaega ka batho ba bangwe go mo direla tiro. O dumela mo isagweng e e siameng ya temothuo mme o okeditse ditiro tsa gagwe ka go hira gape diheketara di le 300, tse a di dirisang ka botswapelo.



Simon Mazwi

Pele Simon Mazwi a tsalwa batsadi ba gagwe ba ne ba hudugela kwa Taung mme morago ba hudugela kwa Foreisetata (Vierfontein), ka ba ne ba dumela gore teng go na le ditšhono tse dintsi. Ba ne ba le bantshadikuno ba ba lemang ka dipholo. Moragonyana ba boela kwa Makouspan kwa ba neng ba simolola ka temothuo, kwa Simon a belegetsweng le go golela teng.



Ka gale Simon o ne a thusa rraagwe ka tiro mo polaseng. O ne a tsoga phakela thata go thusa rraagwe go golega sepane sa dipholo pele a ya sekolong mme le morago ga sekolo o ne a tswelela go thusa rraagwe ka tiro ya gagwe ya polase. Morago ga go falola Kereiti ya 4, Simon o ne a itshwaraganya le rragwe mo polaseng. Ka 1963 o ne a ya go dira kwa Lichtenburg a nna mmetli wa legong, koo a dirileng dingwaga tse 17. Ka nako eo o ne a dira kwa Makouspan jaaka molemirui wa nakwana ka mafelo a beke.



Simon o ntse a le morui wa dikgomo botshelo jotlhe jwa gagwe. Gajaana o na le dikgomo di le 30 le dinku di le 25. Ka 1992 o kgonne go reka terekere ya Ford 6600 ka madi a o neng a a adimile kwa Agribank. O ne gape a lema diheketara tse 15 tsa gagwe le go kgona go hira tse dingwe tse 60. Ka 2006, o ne a simolola konteraka e ntšhwa le Absa, NWK le Monsanto mme a nna le seabe mo porojekeng, e e mo thusitseng ka matlole le diheketara tse dingwe tse 103. Monongwaga ke ngwaga wa boraro wa gagwe a le karolo ya porojeke e.



Lungile Malo 

BooraMalo ba tswa kwa Thabantsho gaufi le Bloemfontein kwa Foreisetata. Ba ne ba ya kwa Ventersdorp ka gore ke gona kwa ba neng ba bone lefatshe gona. Rraagwe Lungile Malo o ne a le mokgweetsi wa teraka mme a kgona go bona fela tsa temothuo ya gagwe ka mafelo a beke.



Ka 1978 ba ne ba hudugela kwa Delareyville mme ba amogela diheketara tse 100 go tswa mo pusong. Lungile o tsene sekolo mo Frisgewagt mme morago ga sekolo le ka mafelo a beke o ne a disa dinku le dikgomo mo polaseng. Ka 1993 o ne a ya Mafikeng mme a nna motshwantshi wa manyalo.



Go tloga ka 1997 go fitlha 2000 o ne a dira le rraagwe mo polaseng ya ga gabo. Ka 2000 o ne a swetsa go ikemela le go lema mo lefatsheng le a neng a le bone. Rraagwe o ne a mo adima terekere le ditlamelwana tsa ditsenngwateng. O ne a adima R25 000 mo Landbank mme a hira lefatshe la tlaleletso mo go rraagwe. Morago ga setlha seo o ne a kgona go reka bene ya Nissan. Ka 2004 o ne a nna le setlha se se bokete thata, fela ka ntlha ya go dira ka bonatla ga gagwe, o ne a kgona go fitlhelela go bonala.



Samuel Moloi 

Samuel Moloi o belegwe kwa polaseng ya Magdalena kwa sedikeng sa Fouriesburg ka 1969. Rraagwe o ne a dira a le modirapolaseng mo polaseng e. O ne a le mongwe wa bana ba le robedi mme o tsene sekolo kwa Motsesetoropong wa Mashaeng ka fa ntle ga Fouriesburg kwa a falotseng Kereiti ya 12.



Ka mafelo a beke o ne a dira mo polaseng le go kgweetsa terekere le go thusa fa a kgonang teng. O ne a itumelela kgwebo ya temothuo mme a lora a ipona letsatsi lengwe a na le polase e e leng ya gagwe. Dikopano tse le montshadikuno di ne di rotloetsa kgatlhego ya gagwe mo temothuong. Gompieno Samuel o nyetse Dianne, morutabana kwa Mashaeng mme ba na le bana ba le bararo.



Samuel a re o ne a aga a reetsa Jane McPherson fa a ne a bua mo Lesedi FM ka ga temothoro mme se sa mo rotloetsa go fitlhelela toro ya gagwe. Ka 1996 o ne a simolola ka go rua dikgomo le dinku mo lefatsheng la morafe kwa Fouriesburg.



Ka 2004 o ne a hira diheketara di le 30 mo montshadikunong wa mogwebi, Rre Exley mme a jala mmidi mo go tsona. Ka 2006 a hira gape diheketara tse 16 mo Mmasepaleng wa Fouriesburg, mme fa ke teng fa a dirang go tswa teng. Samuel o ne a tseneletse thata mo Lenaneotlhabololong la Balemirui la Grain SA e bile e le tokololo ya setlhophathutano sa Dishweshwe tsa Dikorong e bile o tsenetse dikhoso di le mmalwanyana.



William Matasane 

William Matasane o tsaletswe kwa sedikeng sa Winburg kwa a tseneng sekolo sa dipolase teng mme morago a tsena kwa sekolosegolong sa Winburg. O goletse mo polaseng mme gale o ne a lora a na le polase e e leng ya gagwe e bile a le montshadikuno. O ne a aga a thusa rraagwe mo polaseng e o neng a dira mo go yona a lema e bile a kgweetsa terekere.



William o simolotse go dira kwa Allemanskraal (e e itsegeng botoka ka Aventura Resort Aldam), a le moapei go fitlha ka 2004. Ka 2004 o ne a reka polase ya Verblyden e a dirang temothuo mo go yona gajaana. O ntsha sonobolomo, mmidi le korong ka katlego. O nyetse Alina mme ba na le bana ba le 4, mosimane le basetsana ba bararo.



Nolundi Msengana

Nolundi Msengana o tsaletswe kwa Cala kwa Kapabotlhaba ka 1972. O tsene sekolo ka 1978 kwa Sekontaring e potlana ya Tshengiwe mme morago a tsena kwa Sekontaring ya Zimele kwa Umtata. O sweditse matiriki wa gagwe kwa sekolosegolong sa Ngangelizwe ka 1991. Nolundi o simolotse go dira kwa KFC mme morago a simolola kgwebo ya gagwe a rekisa diaparo le ditlhako.



Lorato lwa ga Nolundi lwa temothuo ke ditlamorago tsa tikologo e a goletseng mo go yona. O goletse mo lefelong leo batsadi ba gagwe le borangwaneagwe ba neng ba ruile e bile ba jala dithoro mo lefatsheng la morafe.



Nolundi o na le dikgomo di le 20 le dikoko tsa nama di le 100, fa a lema merogo mo heketareng e le 1. O ne a dira mmogo le batsadi ba gagwe mo lefatsheng la morafe go fitlhelela a lemoga tšhono e e tlang ka ba Merero ya Mafatshe ya go hira lefatshe ka thulaganyo ya kgonego ya go reka.



Polase ya gagwe ke diheketara tse 350 – diheketara tse 80 ke tsa phulo mme tse di setseng ke tsa temo. O jetse dijalo tsa gagwe tsa ntlha ka setlha sa 2008, e leng diheketara tse 20 tsa sonobolomo. Ka 2009 o ne a swetsa go jala masimo otlhe mme a kgona go jala diheketara di le 135 tsa sonobolomo le tse 40 tsa mmidi.



Se se kgonegile bogolosegolo ka kemonokeng ya Grain SA ka lenaneokatiso la bona le Senwes ka kemonokeng ya matlole a bona le lenaneo la tataiso.





Shimi Mokoka 

ShimI Mokoka o tsaletswe kwa (Tlhakong) Mabieskraal mo kgaolong ya Rustenburg kwa a goletseng le go tsena sekolo se sepotlana teng. O dirile matiriki wa gagwe kwa Sekolosegolong sa Rustenburg. O ne morago a bona dipoloma ya Tsamaiso le Tlhabololo ya Botlhe go tswa UNISA.



Ka 1987 Shimi o ne a thapiwa ke Land Bank, mme sona se ya nna tshimologo ya kgatlhego ya gagwe mo temothuong., Shimi o ne a dira kopo ya go bona polase mme a nna le lesego la go bona polase go ya ka thulaganyo ya PLAS eo a dirang temothuo mo go yona gajaana.







