Mistakes										Tswana



O ithutileng mo setlheng se se fetileng?



Instructions:

Folio Strap: Ntshodikuno

By line: Jane McPherson Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Fa e le gore o ya go dira diphoso ngwaga o o tlang, gona dira diphoso tse dintšhwa! Gakologelwa tse di latelang mo setlheng se sešwa:



Go bonolo, fa pula e sa ne (jaaka go diragetse mo dikgaolong tse dintsi ngogola), ga gona dijalo. Fela le gale fa e ka na o na le sebaka sa go bona thobo e ntle.

Fa mebu ya gago e le boteng thata, gona mathata a gago a temodijalo a tlaa nna kwa tlase. 

Balemi ba ba berekang masimo a bona sentle mo marigeng le pele ga ba jala, ba na le sebaka se se botoka go bona dijalo tse di siameng.

Fa o ka tsaya dikaommu le go nontsha mmu wa gago ka nepagalo, o tlaa bona dijalo tse di botoka.

Mefero ke thogo ya molemirui – mefero e tsaya bongola, dikotla, lesedi le mowa tse di ka bong di dirisiwa ke dijalo tsa gago – fa o batla go nna molemi yo o siameng laola mefero ya gago.

Ga go tlhole go na le nako ya go “kgakgaria le go jala” – ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di kwa godimo mme ga go ope yo o ka kgonang go emelana le go diragatsa mekgwatiriso ya temothuo e e bokoa.

Thekiso e e nepagetseng ya dijalo tsa gago e botlhokwa – fa o ka bona kgakololo e e botoka, gona o tlaa kgona go bona ditlhotlhwa tse di kwa godimo thata. Ga go kgonege go nna moitseanape mo karolong nngwe le nngwe – bona kgakololo ka thekiso.

Gakologelwa: go dira poelo o tlhoka go bereka masimo a gago, go reka ditsenngwateng, go jala dijalo, go tshela nontshogodimo, go laola mefero le disenyi, go inšora dijalo le go di roba. Go botlhokwa go gaisa go dira ditekanyetso tsa gago tsa nepagalo – ga go mosola go jala kgaolo e kgolo go feta ka fa o ka kgonang go e tsamaisa. Go botoka thata go jala kgaolo e potlana mme o e bereke sentle.

Go adima madi go a thusa, fela gona a tshwanetse go busiwa. Go botoka go lema go le go botlana ka madi a gago, go na le go lema go le gogolo ka madi a motho yo mongwe – morokotso o a bolaya!







