Kopo ya phemiti ya kagisano
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya phemiti ya kagisano
Tumelelo ya lebotho la lewatle
Tumelelo ya kananyo ya manane a setso
Phemiti ya mokopi wa botshabelo
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Kopo ya phemiti ya go dira
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Go fudugela kgotsa go etela mo Aforika Borwa
Boagi jwa nakwana
Kopo ya phemiti ya kagisano
Kopo ya phemiti ya kagisano
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Phemiti ya kagisano ke lekwalo le le nayang batswantle tetla ya go tsena mo Aforika borwa go tsaya karolo mo mananeng a Aforika borwa le naga ya bona e dumelaneng ka ona.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo ya BI - 1738 kwa embasing ya Aforika borwa ntlo ya borongwa e e leng gaufi le fa o nnang teng.
O tshwanetse go romela ditlankana tse di latelang:
Lekwalo le le tswang kwa setlamong se se maleba sa puso se se amegang mo tumalanong le le tlhomamisang mofuta wa tumalano. Lekwalo le tla tlhomamisa tumalano e lenane le tla tsamaisiwang ka yona, botsayakarolo ba mokopi (motswantle) mo lenaneng le go buiwang ka lona ga mmogo le mefuta ya ditirwana tse mokopi a solofelwang go di dira go ya ka tumalano.
Setefikeiti sa kgololo go tswa kwa maphodiseng a a tswang kwa dinageng tsotlhe kwa mokopi le molekane wa gagwe ba kileng ba nna kwa go tsona go tloga ba le dingwaga di le 18 ga mmogo le bana le botlhokomelwa(dependants) ba mokopi ba ba leng dingwaga di ka nna 18 kgotsa go feta ba ba tla tlang le mokopi mo Aforika Borwa.
Dipegelo/Diraporoto tsa boitekanelo le tsa radioloji. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 12 ga mmogo le basadi ba ba imileng ga ba tlhoke go ntsha raporoto ya radioloji.
Lekwalo le le tswang kwa mothaping, a rwala maikarabelo a ditshenyegelo tsa madi a go busetsa mokopi kwa nageng ya gaabo ga mmogo le batlhokomelwa(dependants) ba gagwe fa go tlhokega. Fa e le gore mokopi o dira mo lefapheng la puso mme e bile ga a kgone go tlisa lekwalo le go buiwang ka lona, naga e e mo romelang e ka nne ya romela lekwalo la mothale o mo boemong jwa gagwe.
Makwalo a a tshotseng dintlha tsa kemo ya nyalo, afidafiti ya molekane kgotsa ya motlhokomelwa e tshwanetse go tsamaya le kopo fa e le gore mokopi o tlile go tla le molekane wa gagwe kgotsa batlhokomelwa ba gagwe.
O tshwanetse wa bo o na le setefikeiti sa go tlhabelwa letshoroma le lesetlha fa o ya kwa nageng kgotsa o ikaelela go ya kwa lefelong le le nang le letshoroma le lesetlha.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go na nako e e tlhomamisitsweng.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
