Livestock (Maize) 									Setswana



Loruo le temodijalo – kopanyo e e siameng



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Bontsi jwa bantshadikuno ba dijalo jo bo atlegileng bo na le lephata la thuo mo tirong ya jona ya temothuo. Ka dinako dingwe dikgomo le dinku di dirisiwa go fula masalela a dijalo gammogo le go dirisa naga e e mo polaseng. Go botlhokwa go dirisa lefatshe le le leng teng ka botlalo – ga go bonolo go dira poelo mo temothuong, ka jalo lotsenonyana longwe lo longwe lo lo tlaleletsang lo ka thusa.



Mo nageng e ya rona gantsi re bona phudisokgothego (overgrazing). Se se swabisa nko go feta molomo ka gore ke ditlamorago tsa go tshola dikgomo, dinku kgotsa dipodi tse dintsintsi mo lefatsheng mme dipholo tsa pheleletso ke gore lefatshe ga le ne le tlhola le kgona go tswelela go tshola loruo. Go dira phudisokgothego ke go nna le tebelopele e khutshwane mme re tshwanetse go gabalalela go netefatsa go rua go ya ka dikelophudiso tse di tlhometsweng kgaolo nngwe le nngwe. Fa o sa netefatse ka kgonophudiso ya lefatshe la gago, ikopanye le ba Lefapha la Temothuo la selegae mme ba tlaa kgona go dira tshekatsheko e e tseneletseng ya lefatshe la gago.



Nngwe ya dikgaolo tse dikgolo tse di tlhobaetsang ke lefatshe la semorafe/tlhakanelo. Bothata ga se thulaganyo ya thuolefatshe – bothata ke tsamaiso ya thulaganyo. Lefatshe lotlhe le tshwanetse go tsamaisiwa sentle, mme mang le fa e le mang yo o leng mothati o tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di nepagetseng, le mororo a ka tlhoiwa mo pakeng e khutshwane. Fa go na le loruo lo lontsi mo setsekaneng sa lefatshe, dingwe tsa tsona di tshwanetse go rekisiwa. Simolola ka go rekisa loruo lo lo sa tsaleng.



Loruo 

Loruo lotlhe lo tshwanetse go kaiwa go ya ka Diyunite tsa Loruo lo Logolo (YLL/LSU). Kelophetolelo e supiwa mo lenaneong 1.

Gakologelwa gore maitlhomo a thuto eno ke go tlhomamisa kelothuo mo polaseng.



Lenaneo 1 :

Loruo 
 
 
 
Palo 
 
Phetolelo 
 


YLL (LSU)
 
Tlhotlhwa ya YLL Tlhomamo 
 
Boleng
 

 
Loruo lo logolo
 
Godileng
 

 
1
 

 

 

 

 
 
 
Maalolelo 
 

 
0,5
 

 

 

 

 
 
 
Poo
 

 
1,2
 

 

 

 

 
Dihutshane
 
Godileng
 

 
0,25
 

 

 

 

 
 
 
Dikwana 
 

 
0,1
 

 

 

 

 
Palogotlhe ya Diyunite tsa Loruo (YLL)
 
 
 

 

 

 

 

 


Se se dirang gore o atlege ga se fela palo ya diphologolo tse o nang natso, mme le seemo sa diphologolo, gammogo le lotsalo lwa tsona. O tshwanetse go bona namane go tswa kgomong nngwe le nngwe, ngwaga mongwe le mongwe – gona o tlaa bo o na le kgwebo. Jaanong o ka tsaya tshwetso gore ke phologolo efe e o tlaa e rekisang mme ka go dira jalo, o dire lotseno.





