Legal (Maize)										Setswana 



Setheosemolao sa kgwebo ya gago



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Tsela e e siameng thata ya go aga kgwebo ya gago ke gore o nne mong o le wesi – o se ke wa ikopanya le batho ba bangwe mo kgwebong ya gago. Rotlhe re a farologana – bangwe ba dira ka natla fa bangwe ba sa dire jalo; bangwe ba rata loruo fela fa bangwe ba rata ntshodikuno ya dijalo; batho bangwe ba boifa go tsaya molato fa bangwe ba sa boife seo; bangwe ba batla temothuo go nna tiro ya bona fela, fa bangwe ba e batla e le tiro ya maitiso.



Fa o dira temothuo ka sebele o le wesi, gona ke wena mokgweetsi o le wesi – se ga se ree gore ga o a tshwanela go bona kgakololo. O tshwanetse go bona kgakololo go tswa bathong ba ba maitemogelo, fela fa e le wena o laolang o ka tsaya ditshwetso le go di diragatsa ka nako e e nepagetseng. Dikgwebo tse dintsi di paletswe ka gore ditshwetso di tsewa ke setlhopha – bangwe ga ba na tshedimosetso, bangwe ga ba na kgatlhego, bangwe ga ba na tirisano, bangwe ba tshaba go ipofa, bangwe ga ba tsene dipitso, ka jalo setlhopha se palelwe ke go dira khoramo ya go tsaya ditshwetso. Go bokete go dira temothuo, mme fa o dira ka kutlwelobotlhoko ya ba bangwe, kgwebo ya gago e a go pala.



Setheosemolao

Mokgatlho wa Dithoto wa Semorafe (CPA)
 

 

 
Koporasi
 

 

 
Terasete 
 

 

 
Setlamo
 

 

 
Mokgatlhotekanyetsi 

(close corporation)
 

 

 
Mongesi (sole proprietor)
 

 

 
Semphato
 

 

 


Setheosemolao sa kgwebo ya gago se ka nna le ditlamorago tse di tseneletseng – ka go tsaya ditshwetso, tiragatso, tuelelo ya tiro e e dirilweng, karolano ya dipoelo le tuedisolekgetho. Leka go e tshola e le bonolo.



Fa o dira ka bowena o le wesi, ga go sepe se se go thibelang go nna tokololo ya koporasi. Ga re atlanegise gore o dire jaaka koporasi. Dira ka bowena o le wesi, mme o nne tokololo ya koporasi ka maitlhomo a theko le thekiso. Fa o le tokololo ya koporasi lo ka reka mmogo le go bona ditlhotlhwa tse di botoka ka gore lo tlaa bo lo reka ka mothamo o mogolo. Jaaka tokololo ya koporasi lo ka rekisa mmogo – se se thusa ba ba iseng ba ntshe dikuno ka bontsi go ka rekisa ka bobona (dithoro di tlhoka bogolo jo bo rileng jwa konteraka – ditono tse 50 kgotsa 100). Lo ka dirisanela go iponela mosola lotlhe, fela mongwe a le esi ga a kitla a le kgoreletsa.





