Farmer											Tswana



Jaaka molemirui – ponelopele ya gago ke eng?



Instructions:

1. Folio Strap: Ntshodikuno

2. Byline: Jane McPherson Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Mo dikarolong tse dintsi tsa dikgaolo tsa temo ya mmidi tsa Aforika Borwa, setlha sa selemo se se fetileng se ntse se sentle thata – pula e e lekaneng e e neleng ka nako e e tshwanetseng le mogote o o lekaneng go dira gore dijalo di gole sentle.



Nnete ke gore go jala mmidi go bonetse go le bonolo mme tlhotlhwa le yona e ntle thata e bile bontsi jwa batho bo tlaa dika bo dirile dipoelo tse dikgolo monongwaga. Fela le gale ga se ngwaga mongwe le mongwe o o leng ngwaga o o bonolo mme o tlhoka go akanya gore jaaka molemirui o fa kae jaanong jaana, le gore maano a gago a go fitlhelela maikaelelo a gago jaaka molemirui ke afe.



Go na le batho ba le bantsi mo Aforika Borwa, bogolosegolo kwa Mpumalanga, Limpopo, Kwazulu-Natala le Kapabotlhaba ba ba lemang mafatshenyana a mannye a masimo e bile ba jala mmidi kgotsa mabele go di dirisa fela fa gae. Bontsi jwa balemirui bo santse bo bereka masimo ka mabogo – ba jala le go tlhagola ka mabogo. Re eletsa go thusa balemirui ba kemo e go tokafatsa maranyane a bona go tlhomamisa gore tota ba na le tshireletsego ya dijo.



Re lemogile gore balemirui ba ba lemang ka selekanyo se sennye ba lebagane le mathata a a latelang:

Mmu le tlelaemete tse di siametseng ntshodikuno ya mmidi

Go botlhokwa thatathata go sekaseka boteng jwa mmu o o tlileng go dirisediwa go jala sejalo – fa mmu o le lopapadia le pula e le kwa tlase thata, sejalo sa mmidi ga se kitla se dira sentle e bile go ka nna botoka go jala sejalo se sengwe, le bogolo o reke phaletšhe. 



Re tshwanetse go gakologelwa gore go bereka masimo go ja madi le matsapa mme ka dinako dingwe re tlhoka go go sekasekela peotlhotlhwa le go bona gore a go na le ditsela tse di botoka tsa go lema le go ka bona thobo e e  siameng ka matsapa a mannye. Leka go bona gore a go na le dijalo tse dingwe tse di ka jalwang mo kgaolong ya gaeno tse di ka fang letseno le le botoka.



Tshugommu e e maleba ka boteng jo bo nepagetseng.

E ke ntlha e e masisi mo ntshodikunong ya mmidi – mmu o tlhoka go berekwa sentle thata gore medi e kgone go tsenelela mo mmung go fitlhelela bongola jo bo bolokilweng mo mmung. Gakologelwa gore fa ka metlha o bereka boteng  jo bo tshwanang a re re 20 cm - 30 cm, mmu o tlaa nna le llaga e e thata kgotsa logogo lwa temo lo lo tlaa thibelang medi go tsenelela kwa teng mo go lekaneng mo mmung.



Go jala peo e e nepagetseng le go dirisa monontsha o o maleba.

Go sa ntse go na le balemi ba bantsi ba ba bayang peo go tswa mo thobong ya bona. Seno ga se mokgwatiriso o o siameng le e seng mme re rotloetsa balemi go reka peo e e siameng e e kannweng ngwaga le ngwaga. Ditokafatso tse dikgolo di dirilwe mo methaleng e mešwa ya mmidi mme fa molemi a dirisa peo e e nepagetseng, go ka tokafatsa thobo ya gagwe go bonala. 



Nontsho e botlhokwa go menagane – mmu ga o ka ke oa tswelela go tlamela ka dikotla tsotlhe tse di tlhokwang ke dimela – ke tiro le maikarabelo a rona go netefatsa gore dikotla tse di tlhokegang tsotlhe, semela se a di bona – fa re sa dire se, ga re kitla se kgona go tsweletsa ntshodikuno ya rona, mme re tlaa bo re senya mmu o tlhokang go dirisiwa ke dikokomana tsa isagwe.



Go laola mefero

Taolomofero ke nngwe ya dintlha tsa temothoro e e bakang ditatlhegelo tse di boitshegang mo ntshodikunong – dibeke tse tharo tsa ntlha tsa botshelo jwa mmidi ke tsa botlhokwa thata. Fa o batla go roba thobo ya dijalo e ntle ga go a tshwanela gore go nne le kgaisano go tswa meferong mo dibekeng tsa ntlha tse tharo go ya go tse thataro.



Tota le molemipotlana yo monnye o tlhoka go akanya ka go dirisa taolomofero ya dikhemikale – ditshenyegelo tsa go dirisa dikhemikale di kwa tlase thata go na le tlhagolo ya mofero ka mabogo kgotsa metšhine, taolo e e ka nnang go tloga pele ga dijalo di tlhagelela fa godimo ga mmu, taolo e ka dira lobaka, e bile mefero ya tlhaga le ya matlharephaphathi e ka laolwa ka bobedi. Balemipotlana ba ka akanya ka go jala dipeo tse di “Roundup ready”, le tseo tse di nang le kemelano le sebokophetlhi – o tlaa tlhoka go peita masimo gangwe kgotsa gabedi ka “roundup” gore o bolae mefero, fela 

 taolomofero ke e e gaisang, le poloko ya bogolo jwa tiro ke e kgolo.



Go laola disenyi

Go sulafatsa mowa go dira ka natla mme o be o latlhegelwa ke bontsi jwa dijalo ka ntlha ya ditshenekegi. Molemi o tlhoka go nna mo masimong a gagwe, a lekola dijalo letsatsi le letsatsi – go na le dikhemikale tse dintsi tse di ka dirisiwang go laola ditshenekegi mme tsona di tshwanetse go dirisiwa ka nako e e nepagetseng. Tiriso ya mefuta ya mmidi wa BT e dirile taolo ya sebokophetlhi go nna bonolo thata – semela se se diretswe gore se kgone go emelana le tlhaselo ya sebokophetlhi – tota ga o tlhoke le gona go peita dijalo.



Go na le dintlha tse dintsi tsa jalo ya mmidi tse di ka tsamaisiwang botoka – tota le mo balemipotlaneng. Gakologelwa go bona kgakololo go tswa badireding ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA kgotsa go tswa kgwebong ya temothuo ya gago e e gaufi le Lefapha la Temothuo – bona gore a go na le ditsela tse di botoka tsa go dira selo se le sengwe sa bogologolo.



Go nna molemirui wa mogwebi

Go nna molemirui wa mogwebi go tlhoka gore a tlhatloge kgato go ya fa godimo – ga o kitla o kgona go bereka ka mabogo fa o tota o rulaganya go nna molemirui wa mogwebi. Mo dingwageng tse di tshwanang le setlha se se fetileng se, o ka bo o kgonne go thapa rakonteraka, fela go bua boammaruri, kakanyo ya rona ke gore fa o batla go nna molemirui wa mogwebi, o tlhoka go nna le didiriso tsa gago.



Palo e o tla e tlhokang ya didiriso e laolwa ke bogolo jwa masimo a o yang go a lema, fela ka kakaretso o tlaa tlhoka tse di latelang:

Terekere e e tshedileng sentle. 

Sediriso sa tshugommu ya motheo, sekao repara kgotsa mogoma. 

Didiriso tsa tshugommu ya tlaleletso, sk. Setlhagodi Kongskilde kgotsa Vibroflex.

Polantere – polantere e e tshwanetseng, e e mo seemong se se siameng sa go dira, e e ka kgonang go khaliboreitiwa gore o kgone go ntsha dilekanyo tse di batlegang tsa peo le monontsha.

Sekgatshi – sekgatshi se se tshwanetseng se se mo seemong sa go dira se se siameng se se ka kgonang go khaliboreitiwa go ntsha selekano se se nepagetseng sa khemikale.



Go a kgonega go dirisetsa borakonteraka dingwe tsa ditiro tse, fela o gakologelwe gore teponako ya tiro nngwe le nngwe e botlhokwa thata e bile gantsi rakonteraka o na le batho ba bantsi bao botlhe ba batlang go dirisa sediriso se se tshwanang ka nako e le nngwe. Ga go thuse go jala sejalo sa gago go setse go le thari thata ka gonne rakonteraka a ne a sa kgone ka nako e e siameng. Temodijalo e turu thata e bile e mathata magolo mme fa o batla go tswelela go tsena mo go yona jaaka kgwebo o tlhoka go dira sengwe le sengwe ka tolamo le ka nako e e siameng.



Botlhokwa jwa sekgatshi ga bona tlhaloso – go dirisa taolomofero ya sekhemikale ga go fela bonako le go nonofa, fela gape go tlhotlhwatlase thata – tlhotlhwa ya disele e pateletsa molemi go bereka thata ka bokgoni le nonofo – taolomofero ya sekhemikale ke tshugommu e e fokoditsweng e tlaa nna tsona tsela ya isagwe.



Akanya ka kwa o batlang go ya teng ka temothuo ya gago – fa o batla go nna molemirui wa mogwebi o tlaa tlhoka go loga leano le le tiileng mme o berekele kwa go boneng diterekere tse di tshwanetseng ga mmogo le didiriso tse di nepagetseng gore o tle o kgone go nna le tsamaiso e e feletseng ya tiro ya temothuo ya gago.



