Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Go dirisana le molao
Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepo
Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi ke tokololo ya setšhaba e e tla dirang nakwana go ka lekana diura di le 16 ka kgwedi a dira mediro ya sepodising kgotsa ditiro tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa South African Police Service SAPS go ya ka boithaopi jwa gagwe kwa ntle ga dituelo dipe mo ditirelong tseo.
O tshwanetse go nna morasefe wa sepodisi mo ditlhopheng tse di latelang:
o go diragatsa mediro yotlhe mo dikarolwaneng tsa dikgato tsa sepodisi gongwe kwa lefelong la seteišene kgotsa mo boemong jwa porobensi, fela e seng mediro e e kgethegileng.
o o ka nna wa apara yunifomo o o tla katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa mediro ya sepodisi (functional policing).
Morasefe wa Setlhopha sa B - Ditirelo tsa tshegetso o go diragatsa ditirelo tse di rileng tsa mediro ya tshegetso mo bokgoning jwa tsamaiso mo maemong a lefelo kgotsa seteišene sa bosetšhaba, sa porofense, mme o ka se ke wa diragatsa mediro ya sepodisi o o se ke wa apara yunifomo fa go kgonagalang teng, o katisiwe mo dintlheng tse di nepagetseng tsa molao, tsa pholisi le ditaelo, tse di leng teng mo medirong ya gagwe e e rileng.
o o tshwanetse go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa boitseanape jo bo ka diragadiwang ke Tirelo ya Sepodisi (Police Service), sekao;.mofofane, ngaka/moalafi, bakodumedi, badiredi loago kgotsa ba saekholoji.
o o tla diragatsa mediro e e rileng mo lefelong la gagwe la boitseanape o o ka apara yunifomo ka thebolo ya molaodi wa gago o o ka katisiwa mo dintlheng tsa molao tse di nepagetseng, pholisi le ditaelo tse di leng teng mo modirong wa gago o o rileng.
Morasefe wa Setlhophasa D- Go dira ditiro tsa sepodisi mo makokong a mo magaeng le mo metsesetoropong.
o go diragatsa mediro ya sepodisi mo dikarolwaneng la ditiragatso tse di tsamaelanang le dikarolwana tsa sepodisi mo mafelong a metsesetoropong le a magae mo lekokong le le rileng la maemo a seteišene, kgotsa o tla diragatsa fela ditiro mo mafelong a a rileng mo lekokong le le rileng jaaka go tlhomamisitswe ke molaodi.
o o ka apara yunifomo, go tla ya le tiriso o o tshwanetse go katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa lekoko la sepodisi le/kgotsa mediro ya sepodisi e e tsamaelanang le ditiro tsa gago. Katiso e e oketsang e nngwe e tla batliwa fa e le gore o tla nna le seabe mo ditiragatsong tsa karolo ya sepodisi.
Morasefe yo o tlhophilweng mo setlhopheng sengwe o tshwanetse go ka nna a sutisediwa kwa setlhopheng sengwe le sengwe fa e le gore o obamela ditlhokego tsotlhe tsa setlhopha sengwe se se rileng le gore o dirile kgotsa o ikemiseditse o dira katiso e e batlegang ya setlhopha seo.
nna moagi wa leruri wa mo Aforika Borwa:
o nne bogolo jwa dingwaga tsa go lekana 18, mme o nne ka fa tlase ga dingwaga di le 70 ka bogolo o tlatse lenaneo la boitekanelo la dipotso tse o di neilweng go bona dikarabo tse di tla sekasekiwang go bona fa go na le tshedimosetso e e ka dirisiwang go ya ka fa moikanisi a tlhomamisitseng ka teng ga o na bokoa mo monaganong, bolwetse kgotsa botlhokaboitsetsepelo jo bo ka kopakopanang le bodiragatso jo bo nepagetseng jwa ditiro tsa gago nna motho yo o nang le maitseo, yo mo go ena go tla tshwanelang go bona dipatlisiso tsa maitshetlego a gagwe tse di nepagetseng ka katlego feleletsa teko ya go lekanyetsa bokgoni jwa monagano kgotsa ditlhatlhobo/ditekanyetso assessments tse di tlhomamisitsweng ke Moikanisi wa Bosetshaba wa Sepodisi National Commissioner of Police o nne le setifikeite se segolwane (senior) kgotsa borutegi bongwe bo bo tsamaelanang le setifikeite se segolo, mme o neele ka tokomane ya netefatso kgona go bua le go kwala Seisemane jaaka nngwe ya dipuo tsa semmuso dumela gore go diriwe kgatisomenwana, mme go fitlhelwe e le gore ga o a bonwa molato gope kgotsa ga o ka fa tlase ga botshotshosi ka ntlha ya molato ikemisetse go isiwa katisong ikemisetse go dira mo kantorong ya moikanisi (oath of office)
o se ke wa nna le matshwaotlanyo a a bonagalang; le fa o ka kgona o nne le lekwalotetla la go kgweetsa, le fa e le gore ga se selo se se tlhokegang pele mo go morasefe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang e tla mo seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le wena
Tlatsa foromo ya kopo ya SAPS 93
foromo e e batlang lefelo le o nnang mo go lona le diaterese le megala (Mametlelelo B)
go ikana(Mametlelelo C)
lenaneo la boitekanelo la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng batho gore go tle go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang, (Mametlelelo E)
lenaneo la pabalesego la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng gore go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang.Z204 fa e le gore ga o moagi wa mo Aforika Borwa foromo ya patlisiso ya kgatisomenwana fingerprint enquiry form SAPS 91 a tumelelo go tswa kwa batsading ba gago kgotsa kwa motlhokomeding wa gago (SAPS 30) fa e le gore o ka fa tlase fa dingwaga di le 21 ka bogolo tlisa ditokomane tse di latelang:
o khopi e e ikanetsweng ya lekwalotshupo/lekwalokao/pasa o khopi e e ikanetsweng ya lekwalotetla/laesense ya gago, fa e le gore o na le yona o dikhopi tse di ikanetsweng tsa borutegi jwa gago jwa botlhalefi.
Ke mang yo o ka se tlhophiweng go nna morasefe:
o motho yo o gololotsweng gore ga a itekanela go ya ka kalafo mo mothaping wa gagwe wa nako e e fetileng.
o motho yo o neng e le tokololo ya pele ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa (South African Police Service) yo kopo ya gagwe gore a boelediwe mo lenaneong e gannweng o motho yo o nang thapilweng mo phatlhatirong nngwe kgotsa mo kantorong mo mokgatlhong mongwe wa sepolitiki o mokwaladikgang wa leruri kgotsa moemedi wa mekgwaphasalatso o moithuti o motlhankedi wa sepodisi wa pabalesego o tokololo ya Tirelo ya Sepodisi sa masepala (Municipal Police Service)
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa e le gore go ka fitlhelwa e le gore o motho yo o tshwanetseng, kopo ya gago e tla rebolwa ke moikanisi wa Lefelo, mme o tla tshwanelwa ke go dira maikano. O ka se letlelelwe go diragatsa mediro (functional duties) pele o ka feleletsa katiso ya gago. Go latela seo, o tla neelwa ka setifikeite sa go tlhophiwa sa semmuso.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Tirelo ya Sepodisi sa Afrika Borwa
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
