lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi laesense ya selegae go thaya ditlhapi lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Go rwala kgotsa go tshwara dijo tumelelo ya tshwaro ya maswi le thwalo
Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Kopo ya ya tumelelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo kwadiso ya tiriso ya metsi
Tirelo ya poso e e sa beeletswang
Laesense ya go dirisa Tirelo ya Poso e e Beetsweng
Tirelo ya kgaso ya maatla a modumo o o kwa tlase
Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tirelo ya modumo wa kgaso ya setshaba
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Go kopa tumelelo kgotsa lekwalotetla lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Kopo ya phemiti ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi (A fish processing establishment) (FPE) ke koloi, mokoro, ntlo kgotsa lefelo mo sere (substance) kgotsa ketla (article) e ntshiwang mo tlhaping. Sere se ka baakanngwa ka mokgwa ofe kapa ofe jaaka go sega, go se kgaola, go se kgaoganya ka diripana, go se phepafatsa, go se rulaganya ka mefuta e e tshwanang, go lolamisa kgotsa go boloka tlhapi. Lefelo le, le akaretsa le lefelo le tlhapi e tsenngwang mo thining, e phuthelwang, e omisiwang, e buiwang, e nokiwang letswai, go tsenngwa mo setsidifatsing, go gatsetsiwa kgotsa go e baakanyetsa go rekisiwa mo Repaboliki ya Aforika Borwa kgotsa kwa dinageng tsa kwa ntle.
Fa o batla go tsaya karolo mo tsamaisong ya paakanyong ya tlhapi, sa ntlha o tshwanetse go dira kopo ya FPE/ tshwanelo ya go baakanya tlhapi mme o abelwe tshwanelo e. Go diragatsa tshwanelo ya go baakanya tlhapi kgotsa go tsamaisa lefelo la go baakanya tlhapi, FPE, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti e e ntšhwafadiwang ngwaga mongwe le mongwe e e tla abiwang ke Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala Department of Environmental Affairs and Tourism DEA&T. Mong wa phemiti o tshwanetse go latela melawana e e kwadilweng mo phemiting. Fa mokopi a ka palelwa ke go latela melawana e, phemiti e ka beelwa kwa thoko nakwana kgotsa ya khanselwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fa o laleditswe go dira jalo go tswa mo legatisong la Kuranta ya Puso.
Fa o dira kopo, bona foromo go tswa kwa dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala (DEA&T) , kgotsa go tswa mo mafelong a Lefapha le go isiwang diforomo mo go ona jaaka ba tla itsise batho.
Buisa ka kelotlhoko mme o netefatse gore o tlhaloganya tsotlhe sentle le gore o kgotsofatsa ditlhokego tse di beilweng.
Tlatsa foromo, o e saene o bo o e ise ga mmogo le ditokomane tse di kanetsweng tse di tlhokegang o bo o tsenye le madi a tuelo a o ka se a busediweng.
Dithulaganyo tsa go sekaseka dikopo di tla simolola morago ga letlha la bofelo la go tsenya dikopo mme dipholo di tla itsisiwe ka lekwalo go tswa go DEA&T. Fa e le gore o abelwa tshwanelo ya FPE, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya paakanya ditlhapi mme o tshwanetse wa bo o kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe pele o ka fiwa phemiti.
Thebolo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya/go baakanya ditlhapi e ka sekasekiwa ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng, mme se se ka dirwa go ya ka kakanyo ya Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala (DEA&T).
Fa thebolo ya FPE e abiwa, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo ya tshwanelo ya go tlhoma lefelo la FPE e ka tsaya dikgwedi di le 1 go ya go 3 kgotsa go feta, go ya fela ka bontsi jwa dikopo. Kopo ya phemiti ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi FPE e ka tsaya letsatsi le le 1 kgotsa go feta, go ya fela le gore o dirile kopo ya gago ka tshwanelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Dituelo di sekasekiwa ke Tona kgotsa baaemedi ba gagwe, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
R6 000 - Go dira kopo ya FPE/tshwanelo ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.
R1 330 e tlhakana le tuelo ya kopo R125 - Kopo ya phemiti ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Kapa-Bodikela
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
