Setlhopha sa NWU se tabogela go fetsa






Badiri ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ba tabogile mo ABSA Corporate Relay Challenge e e dirileng mo Johannesburg's ABSA Square .

ABSA Corporate Relay Challenge ke 'setlamo sa peiso ya thefosano (rilei) se segolo mo lefatsheng' (se se nang le makwalotshupo a a neetsweng ke ba Guinness Book of World Records go nna sesupo). Barrakgwebo ba bagolo ba lephata la ditlamo-tshwaragano tsa kgwebo ba ne ba le teng, mme Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e ne e le teng koo e na le bona.

Batabogi ba rona, badiri go tswa kwa dikhampaseng tse tharo tsa rona, ba ne ba fetsa dikilometara gotlhe di le 58 mo nakong e e kwa tlase ga diura di le nne le seripa, ba le kwa pele thata ga batabogi ba ba neng go twe ba fa gare.

