Morutabana yo o gaisitseng botlhe mo nageng






Potchefstroom  Moithuti kwa School for Continuing Teacher Education (SCT) kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) o tlhophilwe jaaka mofenyi yo o gaisitseng botlhe mo nageng ya rona yo o rutang sekolo sa poraemari.

 Lefapha la Bosethaba la Thuto le ne la naya Erica Magerman awate eno, wa Sekolo sa Poraemari sa Aggeneys kwa Kapa Bokone.   Ga jaanong jaana Erica ke moithuti wa Onase ya B.Ed  wa Bolaodi Jwa Tsa Thuto kwa SCT. O ne a ikwadisa kwa YBB ka 2007 mme a amogela Setifikeiti sa Borutisi Jo bo Gatetseng Pele ka go ithuta a dirisa lenaneo le moithuti a kgonang go Laola nako ya lone kwa  Kholetheng ya Upington. O ne a falola dimmojule tsotlhe tsa gagwe mme a iponela di dikirii mo go tsone mme gape ke moithuti yo o ba gaisang botlhe mo Kholetheng.




_____________________________

Erica Magerman moithuti yo o gaisitseng botlhe o tshwere sejana se a se ikgapetseng ka moletlo wa kalogo wa YBB.

