Dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kwadiso ya go opafatsa dijalo
Kopo ya ntshwafatso ya kwadiso go opafatsa dijalo
Dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha
Ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha sa 2
Ntshwafatsa kgotsa phimola kwadiso ya menontsha
Kwadiso ya dijo tsa diphologolo kgotsa diruiwa
Ntshwafatsa kgotsa khansela kwadiso ya dijo
Kopo ya go ikwadisetsa kalafi ya temothuo
Ntshwafatsa kgotsa phimola kalafi ya temothuo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Menontsha ya dikotlo tsa mo polaseng dipheko tsa t
Dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha
Dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha sa 1
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Mokopi o tshwanetse ya bo e le moagi wa semmuso wa Aforika Borwa; sekao Moremi Molapisi Moagi T/A Diepsloot Stud.
Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa.
Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha.
Menontsha ya Setlhopha sa 1 ke e e nang le metswako ya naeterojene, foseforase ga mmogo le photasiamo, mme e bile e itsege gape jaaka menontsha e e tswang mo ditsheding.
Batho kgotsa dikhamphane ba ka dumelelwa go ikwadisa fa fela go latetswe dintlha tse di latelang:
motswako wa monontsha o o dirwang ga o a tshwanela go farologana le monontsha o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng monontsha ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadise (Registrar)
melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa.
ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe.
dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse menontsha e tsengwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadise.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Kopo ya go kwadisa dijo tsa diphologolo le menontsha e tshwanetse go nna le lekwalo le le tswang go motho yo o ikwadisitseng kgotsa moemedi wa gagwe. Lekwalo le tshwanetse go nna le:
o leina la kumo o nomoro ya kwadiso fa e le gore kumo e ne e setse e kwadisitswe o lebaka la go kwadisa kumo fa e le gore ke kopo e ntšhwa, kopo e e tlhabolotsweng kgotsa kopo ya go dirisa leina la khamphane e nngwe le fa e ka nna letshwao la yona o fa mokopi a filwe tetla, go tla tlhokega lekwalo la tumelelo go tswa go motho yo o ikwadisitseng (tetla ya go dirisa leina la khamphane e nngwe kgotsa letshwao la yona.)
o madi a kopo a a lekaneng o ditšheke tse di sa romelweng mmogo le dikopo di tshwanetse go direlwa lekwalo le le tlhalosang (ditšheke le di-postal order di tshwanetse go kwalelwa go Director General: Agriculture)
o tsebe ya go kwalela dikakanyo.
O tshwanetse go romela diforomo tsa kopo tse dintšhwa ga mmogo le diforomo tse di tlhabolotsweng tsa ikwadiso go akaretsa le tse di fetotsweng kwa kantorong ya ikwadiso ka ditsela tse di latelang. Romela diforomo di le pedi tse di tshwanang odi tlatsa ka botlalo kwa ntle ga go bua ka dikopo tse o kileng wa di dira le dinomoro tsa ditsebe kgotsa dikumo dingwe (khopi e le nngwe ya diforomo tsa kopo e tshwantse go nna le tshaeno ya thaego (original) Foromo e nngwe e ka nne ya nna khopi).
Go tshwanetse go nna le motho yo o tlhophilweng go ya ka molao yo Mokwadise a tla ikgolaganyang le ena malebana le merero ya khamphane, mme motho yo ke ena yo o tla saenang diforomo tsa kopo.
Leina le nomoro ya ikwadiso ya kumo di tshwanetse go dirisiwa jaaka di tlhagelela mo setefikeiting sa ikwadiso. Fa go ka nna le phetogo ya leina, le fa e le e nnye jang, kumo ya mothale o, e tla tsewa e le kumo e e fetotsweng.
Romela diforomo tsa kopo kwa kantorong ya botsamaise. O tla bo o senya nako fa o ka romela dikopo tsa gago le baeletsi ba setegeniki.
Matshwao a a kwadilweng:
o romela dikhopi di le pedi tse di tshwanang o dikhopi di tshwanetse go nna ka puo ya Seesimane kgotsa ya Seaforikanse. Ga go tlhokege gore matshwao a kwalwe ka dipuo tse ka bobedi o dikhopi di tshwanetse go bonagala sentle; ka mokwalo o o tlhapileng o o se ke wa naya matshwao a kgalemo ga mmogo le matshwao a tlhokomelo ya dinomoro o dintlha tsotlhe mo letshwaong di tshwanetse go nyalana sentle le dintlha tse di mo foromong ya kopo.
Romela kopo ya gago ga mmogo le tuelo go Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ikwadiso ya monontsha e ka tsaya lebaka la dikgwedi di le tharo go ya go di le nne.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
