YBB gape ke e nngwe ya ditheo tse di gaisang ka katiso ya bathalwi mo sethabeng






Potchefstroom  Baithuti ba ngwaga ya bofelo ba ba leng didiri ba Sekolo sa Dithuto tsa Tlhaeletsano ba dirile gore Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  e tlhophiwe go nna mo gare ga ditheo tse di tlhano tse di katisang bathalwi ba boakanyetso ba ba etelang pele ka mo Aforika Borwa ngwaga ya botlhano jaanong.
Dithalwa tsa Boakanyetso
Diphetho tsa kgaisano ya ngwaga le ngwaga ya Sappi ya thinkahead ya baithuti ba ngwaga ya bofelo di ne tsa ntshiwa fela maloba kwa moketeng o o montle.  Baithuti ba ditheo di le 23 tsa thuto godimo ka mo Aforika Borwa ba ile ba tsaya karolo ka mo kgaisanong.

Baithuti ba ba fentseng ba ile ba abelwa thalo ya boakanyetso ya boitseanape ka mo dikarolong tse di farologaneng tsa thalo le gape ba abetswe ditiro tsa dipotefolio. Dikabelo tsa meriti kapa tsa selifara di ile tsa abelwa dikumo tsa thalo tse di ikemetseng ka bongwe ka mo dikarolong tse di tshwanang le go maketa go ya kwa dithalweng tsa boakanyetso le go tshwantshisa.

Mampodi wa ka mo YBB a ne a le Gert Schoeman yo a amogetseng dikabelo tse tharo tsa meriti le kabelo ya selifara. Dikabelo tse dingwe tsa YBB tsa meriti ke tsa Marli Heunis, Suzan van Wyk, Yvonne Lombard, Leana de Beer, ba botlhe ba leng baithuti ba ngwaga ya bofelo jwa diatshe tsa dikerafo le Carien Bester, moithuti wa onase wa media ya korporatifi.

Dikabelo tsa Sappi tsa thinkahead di tlhometswe ke Khansele ya Aforika Borwa ya Dithalwa tsa Boakanyetso(South African Graphic Design Council) ka 2002 ka maikaelelo a go fa baithuti ba ngwaga ya bofelo gore ba nne le thono ya go ka bontsha bokgoni jwa bone mo bathaping ba bone ba bo kamoso.

Ngwaga e modulasetulo wa serutwa sa Dithalwa tsa Boakanyetso, Mor Ian Marley, o ne a le e nngwe ya baatlhodi mo kgaisanong.

