Baithuti le motlhatlheledi ba mo YBB ba itlhaolela kwa pele mo kgaisanong ya bodithabathaba






POTCHEFSTROOM  Setlhopha sa baithuti le motlhatlheledi ba mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba ba ne ba ikwadisitse sa ntlha ka mo kgaisanaong ya Aforika Borwa ya sethaba ya SIFE (Students in Free Enterprise).

Setlhopha sa baithuti sa YBB SIFE - Brian van Wyngaardt (Moporesidente), Maribe Mamabolo, Kelebogile Modingoana, Jennifer Mokqweng le Carien van der Merwe  ba ne ba tshwanetse tlhomela diporojeke ka mo merafeng ya bone ka mo tlase ga dipinagare tse thataro tsa SIFE (dietiki tsa kgwebo, kitso ya dithelete, bokgwebofatsi, bokgoni jwa katlego, ekonomi ya mebaraka le tswelelopele).  Ba feletse ba dule mo maemong a bobedi mo kgaisanong mo kgaolong ya bone mme ba amogetse dikgele mo dipinagereng di le tlhano go tswa mo go tse thataro.

Moporof Japie Kroon, Moeteledipele wa Bokgwebofatsi ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo le Bokgwebofatsi ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya mo YBB, le mogakolodi wa fakalthi wa SIFE YBB, o amogetse kabelo ya go tswa a le mampodi wa bagakolodi ba difakalthi ba SIFE ba sethaba mme a fenya le leeto la go ya kwa kgaisanong ya SIFE ya Bodithabathaba kwa Singapore.

Go ne go ikwadisitse diyunibesiti die le 18 go tswa mo Aforika Borwa mme ba tsaya karolo mo kgaisanong ya ngwaga. Diyunibesiti di ne tsa tlhaolelwa mo dikarolong tse nne  SIFE YBB ba ne ba tlhaoletswe le Yunibesiti ya Kwazulu Natal (UKZN), Yunibesiti ya Kapa Bophirima (UWC) le Yunibesiti ya Lekwa ya Thekenoloji (VUT).  UKZN ke bone ba ba neng ba fentse mme SIFE YBB ba makaditse ka go bone kemo ya bobedi e e tlotlegang e be e diretseng ruri.

Moporof Kroon o kgatlhegile thata ka se ba se fitlhetseng mme a re: Re ikutlwa gore re ka tokofala fela go feta mme re ithutile ruri mme e ne e le maitemogelo a magolo mo go botlhe ba ba neng ba le mo setlhopheng.  Go tsenelela mo kgaisanong ya sethaba e dirile gore re lemoge fa re le baemedi ba YBB, mmogo re ka bopa sethaba se se botoka go feta ka ditiro tsa rona.

SIFE ke setheo sa baithuti sa bodithabathaba se se direlang ka mo diyunibesiting di le 1600 mo mafatsheng a a 47.  Baithuti ba ba tsayang karolo mo diporojekeng tsa SIFE ba amogela ditifikeiti tsa SIFE SA mme di botlhokwa thata fa ba simolola go batla go thapiwa, ka gore baemeladitshenyegelo ba bagolo le dikgwebo ba batla baithuti ba SIFE.  Ikopantshe le Moporof Kroon kwa (018) 299 1423 go ka amogela tshedimosetso gape kapa etela kwa wepeng ya SIFE kwa: www.sife.org (Link: http://www.sife.org).






Carien van der Merwe, Jennifer Mokweng, Moporof Japie Kroon le Kelebogile Modingoana.



Setlhopha sa baithuti ba SIFE YBB: Carien van der Merwe, Jennifer Mokweng, Maribe Mamabolo, Kelebogile Modingoana le Brian van Wyngaardt (Moporesidente).

