Khampase ya Potchefstroom e tshwara letsatsi le le khutshwane la phuthologo






Khampase ya Potchefstroom e ne ya tshwara letsatsi la phuthologo le baithuti ba dikolo tse dikgolo go tswa mo mafelong a a mabapi go ba bolelela ka ga se Yunibesithi e ka se ba neelang. Dihosetele tse di farologaneng di lekile bojotlhe jwa tsona go ingokela baithuti ba. Lezanne Alexander, moithuti wa ntlha wa Accounting, o ne a diragatsa jaaka motlhankedi wa pharakano go gapela baagi ba ba lebelwetseng go ya kwa setolong se se neng se bontsha ditiro tsa Hosetele ya Basadi ya Heide.



