Kopo ya tshwanelo ya moepo
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi laesense ya selegae go thaya ditlhapi lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Go rwala kgotsa go tshwara dijo tumelelo ya tshwaro ya maswi le thwalo
Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Kopo ya ya tumelelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo kwadiso ya tiriso ya metsi
Tirelo ya poso e e sa beeletswang
Laesense ya go dirisa Tirelo ya Poso e e Beetsweng
Tirelo ya kgaso ya maatla a modumo o o kwa tlase
Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tirelo ya modumo wa kgaso ya setshaba
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Go kopa tumelelo kgotsa lekwalotetla
Kopo ya tshwanelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo
Tlhaloso
Tshwanelo ya moepo ke tetla e o e bonwang go tswa mo pusong mme e dirwa ke Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo e e go nayang maatla a go epa dimerale mo lefelong le le rileng.
Tshwanelo ya moepo ga e a tshwanela go nna sebaka se se fetang dingwaga di le 30
Tshwanelo ya moepo e ka newa fa:
Mokopi a na le madi le bokgoni go diragatsa ditiro tsa moepo ka botlalo
Lenane la go duelela didiriswa di tsamaelana le tiro e moepo o ikaelelang go e dira le sebaka se se tla tsewang.
Ga go a tshwanela go nna le kgotlhelo ya tlholego kgotsa tshenyo ya tikologo e le ka ntata ya tiro ya mo moepong
Mokopi o setse a dirile dipaakanyo tsa ditšhelete malebana le lenane la loago le ditiro.
Tiragatso e ya tiro e tsamaelana le tšhatara ya
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dira kopo kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefatshe le leng mo go yona.
Tlatsa foromo D:Kopo ya ditshwanelo tsa moepo e o ka e fitlhelang kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo. Foromo e ka pagololwa le mo saeteng mo tsebeng e.
O ka isa foromo ka bowena kgotsa ka poso e e kwadisitsweng go Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.
Foromo e tshwanetse go tlisiwa le tuelo e o se kitlang o e busediwa jaaka e tlhomamisitswe ke Mookamedi wa Kgaolo.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a amogela kopo o tla go itsise mo malatsing a le 14 go tloga ka letsatsi le a amogetseng kopo ka lona, a bo a go itsise gore:
O ise lenane la tsamaiso ya tikologo go rebolwa.
Itsise le go rerisana le batho botlhe ba ba amegang mo malatsing a le 180 go tloga ka letsatsi le kitsiso e dirilweng ka lona.
Molaoo dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Mookamedi wa Kgaolo o tla go itsise fa kopo ya gago e amogetswe, se se raya gore o fitlheletse ditlhokego tsotlhe mo malatsing a le 14 a amogetse kopo ya gago mme o tla go kopa go rerisana le mong wa lefatshe, motho yo o nnang mo go lona le batho botlhe ba ba amegang.
Fa kopo ya gago e sa amogelwa, Mookamedi wa Kgaolo o tla go busetsa kopo ya gago mo malatsing a le 14.
Fa Tona a gana go aba tshwanelo ya moepo, o tshwanetse go go itsise ka lekwalo, mo malatsing a le 30, a tlhalose mabaka a a dirang gore a gane.
Tlhotlhwa
Tlhotlhwa e tla tlhomamisiwa ke ba Lefapha mme e bile ga e kitla e boela kwa bakoping.
Tlhotlhwa e tla farologana go ya ka dimenerale tse di rafiwang.
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
