Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya phemiti ya kagisano
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Kopo ya tumelelo ya losika
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Go tsena Aforika Borwa
Go tsena mo Aforika Borwa
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tumelelo ya kalafi ya melemo e abelwa batswantle ba ba batlang go fiwa kalafi ya melemo mo Aforika Borwa. Tumelelo ya kalafi ya melemo ya mothale o e ka dirisiwa dikgwedi di le thataro mo sebakeng se o e filweng. Dira kopo ya tumelelo ya kananyo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa e e gaufi le wena.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo B1-1738.
Romela phaseporoto ya gago e e sa ntseng e na le malatsi a a fetang 30 pele tiriso ya yona e khutla o sa le mo leetong.
Romela bosupi jwa tšhelete e e tla tlhokomelang botlhe ba ba tsamayang le motshodi wa tumelelo ya kalafi (fa ba le teng) ka diseteitemente tsa banka, sesupo sa tuelo ya gago, fa se le teng kgotsa ditšheke tsa mosepele (travelers cheques)
Romela lekwalo le le tswang kwa ngakeng ya gago kgotsa setheo sa kalafi le le tlhalosang mabaka kgotsa tlhokego ya kalafi, nako e e tla tsewang ke kalafi le dintlha tsa thulaganyo ya kalafi mo Aforika borwa.
Neela dintlha tsa motho kgotsa setheo se se tlileng go duela ditshenyegelo tsa kalafi le madi a bookelo ya motshodi wa tumelelo (fa a le teng)
Romela bosupi jwa tšhelete kgotsa moduedi fa e le gore sekema sa thuso ya kalafi kgotsa mothapi ga ba kitla ba duelela ditshenyegelo tsa kalafi.
Romela nngwe ya ditokomane tse di latelang ga mmogo le lekwalokopo la gago la tumelelo:
o setefikeiti se se feletseng sa kalafi o setefikeiti se se feletseng sa matsalo o setefikeiti se se feletseng sa lenyalo (fa go kgonagala)
o afidafiti B1-1712A fa o na le molekane mme le sa nyalana, le bosupi jwa gore le nna mmogo o konteraka ya tlamano, fa le nna mmogo o bosupi jwa lenyalo la setso, fa bo le teng o tshupetso ya katlholo ya tlhalano, fa go tlhokagala o bosupi jwa taelo ya kgotlatshekelo e e go nayang tetla ya tlhokomelo ya bana (custody) fa go tlhokega o setefikeiti sa loso sa molekane yo o suleng fa go tlhokega o lekwalo la tumelelo go tswa mo batsading kgotsa go tswa mo batlhokomeding, mo go tlhokegang, ka bosupi jwa tetla ya tebelelo ya bana o bosupi jwa tlhokomelo ya bana jwa semolao fa go tlhokega o taelo ya kgaogano ya semolao, fa go tlhokega o setefikeiti sa kgololo sa sepodise fa mokopi a le dingwaga di le 21 kgotsa go feta, go akaretsa dinaga tsotlhe tse o ntseng mo go tsona ngwaga o le mongwe kampo go feta o setefikeiti sa moento, fa go tlhokega.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Dikopo di ka tsaya bontsi jwa malatsi a ka nna 30.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
BI-1738(Kopo ya tumelelo ya nakwana ya bonno)
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
