Go tsibogela go tsaya lefatshe ka dikgoka
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go tsibogela go tsaya lefatshe ka dikgoka
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Lefelo la fa o nnang teng
Go tsibogela go tsaya lefatshe ka dikgoka
Go tsibogela go tsaya lefatshe ka dikgoka
Go tsibogela go tsaya lefatshe ka dikgoka
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lefatshe la mmuso (lefatshe le le ka fa tlase ga taolo ya lefapha la Merero ya Lefatshe, kgotsa ditirelo tsa setšhaba, kgotsa puso ya porofense kgotsa ya mmasepala) le lefatshe le e leng la poraefete, le ka tsewa ka dikgoka.
Puso e na le maikarabelo a molaotheo go netefatsa mo go tlhokegang ka didiriswa tse di leng teng - gore baagi botlhe ba ka itumelela go nna le ditshwanelo tsa botho tsa go nna le lefatshe le kgotsa matlo a bonno. Fa go nnang le maemo a a ikgethileng jaaka go ata ga go tsaya lefatshe ka dikgoka go go diragalang, puso e na le maikarabelo a a tshwanang le a go thusa beng ba lefatshe la poraefete go sireletsa lefatshe la bona.
Fa ditshwanelo tsa botho tsa batsei ba lefatshe ka dikgoka di se mo kotsing ba tla fudusiwa. Bothati jwa puso jo bo nang le maikarabelo a mabapi le lefatshe la puso kgotsa beng ba lefatshe la poraefete, bo tshawnetse kwa ntle ga go diega, ba ye kwa kgotlatshekelo go koba batho bao go ya ka Molao wa Tshireletso ya tseo ya Lefatshe ka Dikgoka le Molao wa go Tsaya Lefatshe ka fa e seng ka fa molaong wa 1998 (Molao wa bo 19 wa 1998). (Unlawful Occupation of Land Act, 1998 (Act 19 of 1998). Molao o ga jaana o tsamaiswa ke lefapha la dintlo).
Batho (go akaretsa le banni ka dikgoka) ba ba se nang phitlhelelo ya lefatshe la temo ba ikopantshe le Lefapha la Merero ya Lefatshe go thusiwa go bona lefatshe le le siametseng temo. Batho ba ba batlang dintho, ba ka ikopanya le mmasepala wa selegae kgotsa fa go kgonega, Lefapha la Dintlo go bona thuso.
Lefapha la Merero ya Lefatshe le tla:
ikopanya le kgotlatshekelo, go bona taolo ya go fudiswa baipei (batsei) ba ba seng ka fa Molaong wa tsa Lefatshe la mmuso ka fa tlase e se ka fa molaong di se belaetse.
thusa batsei ba lefatshe la puso ba se ka fa molaong, kgotsa la poraefete mme ba batla lefatshe le le siameng la temo.
go thusa bangwe ba bothati jwa puso go bona lefatshe le le siameng le lengwe la baipei ba ba tlhokang dintlo tsa bonno le.
fa go tlhokegang le fa maemo a a kgethegileng a leng teng, go thusa beng ba lefatshe la bona la temo le tserweng e se ka fa molaong go fudisetsa badudi ba ba tlhokang lefatshe le temo gore ba bone lefatshe le lengwe le le siameng.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa lefatshe la poraefete le tserweng e se ka fa molaong le fa maemo a a kgethegileng a leng teng, mong wa lefatshe a ka ikopanya le kantoro efe kapa efe ya Lefapha la Merero ya Lefatshe la Temo.
Fa lefatshe la poraefete le ikabilweng e se ka fa molaong mo maemo a a kgethegileng a leng teng, mong wa lefatshe a ka ikopanya le puso ya mmasepala ya selegae kgotsa, fa go tlhokega Lefapha la Dintlo la Porofense kgotsa la bosetšhaba ka thuso fa e le ditlhokego tsa dintlo tsa bonno.
Godimo
Molao o dirisiwang
(Act 19 of 1998)(Thuso wa tshireletso ya khuduso e e seng molao le melao wa go ikaba ka lefatshe)
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwa tshimologong, go tla tsaya bokaedi ba tshegetso ya ditirelo tsa setšhaba malatsi a a ka nnang somenne go phuruphutsha lefatshe le le tshwailweng. Le fa go le jalo, go ya ka kamogelo ya baamegi le ditona, tsamaiso e ka tsaya magareng ga dikgwedi tse pedi le tse tharo go konosediwa.
Godimo
Tlhotlhwa
Tlhotlhwa e e amanang le go bona lefatshe le leng siameng e ikaegile mo goreng kgetse e ntse jang. Dintlha di tshwana le bogolo ba setšhaba se se batlelwang lefatshe le tlhotlhwa ya lefatshe segolo setonna, di tsewa tsia.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Lefatshe
Lefapha la Ditiro tsa Puso Setshabeng
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
