Ditifikeiti tsa boditšhabatšhaba tsa disata
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Dipeo tsa semmuso
Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le din
Ditifikeiti tsa boditshabatshaba tsa disata
Ditshwanelo tsa temo ya dijalo
Kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methal
Thebolo ya ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshe
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Kumo ya dijalo
Ditifikeiti tsa boditshabatshaba tsa disata
Kopo ya go ntshiwa ga ditifikeiti tsa boditšhabatšhaba tsa Mokgatlho wa Teko ya Disata
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mefuta e le meraro ya ditifikeiti e ka abiwa, e leng ditifikeiti tsa Seed Lot (Mmala wa namune le botala jwa naga) le Ditifikeiti tsa Sekao sa Peo/ Seed sample (Botala jwa legodimo).
Setifikeiti sa Mmala wa Namune se ntshiwa fa sampole e ntshiwa semmuso go tswa mo setlhotshwaneng sa dijalo /Seed lot mme diteko di dirwa ke bolaodi jwa laboratori e e tshwanang le e e tshwailweng semmuso e sampole e ntshitsweng mo go yona
Setifikeiti se se Botala jwa Tlhago se ntshiwa fa sampole e ntshitswe semmuso go tswa mo setlhotshwana sa dijalo/Seed lot ka fa tlase ga taolo ya laboratori e e tshwailweng semmuso fela diteko di dirwa kwa laboratori e nngwe e e tshwailweng semmuso kwa nageng e e farologaneng.
Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se ntshiwa fa disampole di se ka fa tlase ga maikarabelo a laboratori e e tshwailweng semmuso gape laboratori e e tshwailweng semmuso, e na le maikarabelo a go dira diteko tsa dikao/disampole.
Setifikeiti sa Mmala wa Namune le sa Botala ba Tlhago, di maleba fela le ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot e di neng di tserwe mo go yona, fa Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se le maleba le sekao/sampole e e rometsweng go dirwa diteko fela.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Sitlholola mme o tlatse foromokopo ya Setifikeiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhabatšhaba. Ka gonne laboratori e e tshwailweng semmuso ya kwa nageng e nngwe e le yona e e tla ntshang Setifikeiti sa Botala ba Tlhago, tsweetswee, ikgolaganye le OSTS (bona dintlha tsa diateresre tsa batho ba o ka ikgolaganyang le bona).
Kopa dinomoro tsa semmuso tse di neelwang ditlhotshwana tsa dijalo (seed lot).
Fekesetsa kopo ya gago go OSTS (bona dintlha tsa diaterese tsa batho ba o tshwanetseng go ikgolaganya le bona).
Dinomoro tsa ditlhotshwana tsa dijalo di tla neelwa mme kopo ya fekesetswa kwa go wena gape. E tla fekesetswa gape kwa go batlhankedi ba baruni ba ba filweng dithata, ka e le bona ba ba tlileng go dira disampole (sekao) kwa dikantorong tsa kgaolo.
Baakanyetsa ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot go dirisiwa jaaka dikao/disampole. Se, se akaretsa le go tshwaya setlhotswana se sa dijalo ka dinomoro tse di tllhaoletsweng. Setshwari sengwe le sengwe se tshwanetse go tshwaiwa sentle (go bonagale) kgotsa se fiwe setshwao (label) se se kayang nomoro e e tlhaoletsweng ditlhotshwana tsa dijalo .
Fa ditlhotshwana tsa dijalo di siametse go dirisiwa jaaka dikao/disampole, bitsa moruni go tla go ntsha dikao/disampole tse a tlileng go di dirisa.
Dikao tse di isiwa kwa go OSTS mme di tlhatlhobiwe go bona boleng jwa tsona morago setifikeiti se se maleba se tla ntshiwa.
Duela madi a diteko tsa dipeo a a tlhomamisitsweng. Fa dikao di amogelwa, go ntshiwa lenanetheko. Dintlha tsa banka ke tse di latelang:
Dituelo di ka diriwa ka eleketeroniki kgotsa kwa pele kwa khaontareng fela go botlhokwa gore o bitse nomoro ya lenanetheko ka tlhogo gore banka e tle e kgone go nyalanya madi a a tsentsweng le lenanetheko le le ntshitsweng.
Dira kopo ya Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo o dirisa tlhogokwalo (letterhead) la mokgatlho wa gago, ka gonne go tshwaya ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot, le dikao/disampole tse di tshwerweng semmuso di se maleba.
Godimo
Molao o dirisiwang
Ga go na molao diriswang.
Godimo
Boemo jwa tirelo
Seteišene sa Semmuso sa Diteko tsa Dipeo se kaya diteko tsa dikao/disampole tsa dipeo di le botlhokwa thata fa di ama mabaka a thomelontle. Mefuta e e farologaneng ya dijalo di na le maemo a a farologaneng mme nako ya teko e ka farologana go simolola ka malatsinyana go ya go dibeke di le mmalwanyana.
OSTS e kgaratlhela go medisa dikao/disampole tsa dipeo ka maemo a diteko a a tshwanang go tswa mo thomelong e le nngwe. Gape modirelwa a ka nna a kopa diteko tse di farologaneng. Ka jalo, ga go kgonege go neela boemo jwa tirelo. Botsa kwa go direlwang teng diteko tse (bona dintlha tsa diaterese tsa batho ba o tshwanetseng go ikgolaganya le bona).
Godimo
Tlhotlhwa
Setifikeiti sa Peo ya boleng
R85 setifikeiti se le sengwe
Go ntsha dikao le go tswala ditshwari
R230 ka ura
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Temothuo
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
