Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kabelo ya lesole
Tlhokomelo ya boikaego
Kabelo go tshegetsa ngwana
Letlole la go fatlhosa ngwana phensene ya batsofe
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Tsosoloso ya batho ba ba sa itekanelang
Tlhokomelo ya batsofe ba ba bokoa
Ditirelo tsa tshegetso ya balelapa
Go naya batswasetlhabelo maatla
Thuso ya madi
Thibelo le tsosoloso ya tirisobotlhaswa ya ditagi
Tumelelo mo legaeng la batsofe
Kopo ya kabo go ya ka LRAD
Tirelo ya Pabalesego ya dijo
Tuelo ya kabelo loago
Tsietso ya kabelo loago
Motho yo o ka amogelang kabelo
Ketleetso ya legae la bana
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Madi le dipoelo tsa loago
Ditirelo tsa loago
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Kopo ya Tirelo ya Loago ya boditšhabatšhaba
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo ya Loago ya boditšhabatšhaba (International Social Service) (ISS) ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba o e seng wa semmuso o o sa tseyeng letlhakore mo dipolitiking, lotsong, bodumeding le mo setšhabeng e e nang le mokwaledi wa botlhe kwa Geneva, Switzerland. Tirelo e na le dikgolagano gotlhe ka badiredi loago ba ba katisitsweng mme ba na le kitso ka dinaga tsa bona.
ISS e thusa mongwe le mongwe le malapa a a nang le mathata a ona le a loago a a batlang tirisano ya dinaga se di agisaneng E ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o leng mo Aforika Borwa le kwa moseja.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dikopo tsa batho ba ba nnang mo Aforika Borwa:
Kopa mo kantorong ya modiredi loago yo o leng gaufi le fa o nnang teng
Dira thulaganyo ya tshosobanyo ya kgetse go ya ka mokgwa wa thulaganyo o o tlhophilweng ke ISS. Tshosobanyo e ya kgetse e tla bontsha mabaka le kopo ya ditirelo e e batliwang go tswa kwa dinageng tsa boditšhaba.
Tsamaisa tshosobanyo ya kgetse kwa moemeding wa porofensi wa ISS kwa kantorongkgolo ya Lefapha la Pabalesego le Loago ya porofinsi.
Moemedi wa porofinsi ena o tla romela kopo ya gago kwa Ditirelong tsa Loago tsa Boditšhabatšhaba tsa Aforika Borwa (ISS SA) tse di leng teng mo setšhabeng mo Lefapheng la Pabalesego le Loago.
Dikopo go tswa mo bathong ba e seng baagi ba Aforika Borwa:
Kopa mo go Biro e e nang le kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba.
Biro e tla romela kopo ya gago kwa go ISS SA.
Godimo
Molao o dirisiwang
Ditirelo tsa loago tsa boditšhabatšhaba di neelwa go ya ka Konteraka ya Kgolagano (Affiliation Contract ) magareng ga Lefapha la Pabalesego le Loago le ISS: Bokwaledi ba botlhe (General Secretariat).
Godimo
Boemo jwa tirelo
Dikaelo tsona di dirwa mo rasiting. Mo rasiting ya kaelo e e tswang kwa lefapheng la porobensi ISS SA e tla go kaela kopo ya gago mo ditirelong tsa Biro e e nang le Kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba. Tsibogelo ya bona ya ditirelo mo go ISS e tla ikaega ka mabaka a selegae. Morago ga go amogela rasiti ya kaelo go tswa mo nageng ya boditšhaba, ISS yona e tla kaela kopo e kwa go mokwaledi wa selegae wa porobensi yo o tla rulaganyang kopano le modiredi loago go batlisisa ka kopo mme o neele pegelo kwa go lefapha la porofinsinsi .
Fa kopo e amogetswe, pegelo e tla romelwa kwa go ISS SA, yo o tla sekasekang le go romela pegelo kwa go batho ba ba nang le kgatlhego mo tsamaisong ya setšhaba (stakeholders) ga mmogo le ditshwaelo, dipotso le/kgotsa dipelaelo.
Boemo jo bo nonofileng jwa ditirelo bo kgotsofadiwa ke badiredi loago ba selegae le ba porofinsi ga mmogo le modiredi loago yo o nang le boikarabelo jwa kopo e mo dikantorong tsa ISS SA. Bathapiwa ba Mmuso bona ba tshwanetse go latela dithulaganyo tsa motlhagolatsela/phorothokholo tse di tlhophilweng ke ISS. Bokwaledi jwa botlhe.
Godimo
Tlhotlhwa
Mo Aforika Borwa, ditirelo di neelwa kwa ntle ga go duelelwa. Mo dinageng dingwe, tuelo e ka gogiwa/ntshiwa go duela ditirelo tse dingwe tse di rileng. Dituelo tse, di farologana go ya ka naga nngwe le nngwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Tlhabololo ya Loago&#160;
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
