Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Thomelontle le thomeloteng ya dikuno tsa phetherol
Kopo ya thekontle ya dithoto tsa mong ka sebele
Kopo ya go romela dithoto ka mo nageng
Tumelelo ya thekontle ya sejanaga se se dirisitswe thekontle ya tlhapi ka maikaelelo a kgwebo
Kopo ya thekontle tlhapi go ijesa monate
Thekontle kgotsa phetiso ya dikumo tsa diphologolo
Kopo ya thekontle ya dikhemikale
Reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntl
Thomelotsamaiso ya dikumo tse nama tse di fetotswe
Tumelelo ya thomeloteng ya dijalo le dikumo tsa di
Thekontle ya dikumo tsa deri go di tlisa mo SA
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa thomeloteng le tsa diyantle
Ditirelo tsa thomeloteng le tsa diyantle
Kopo ya phemiti ya thekontle ya meento go tla mo Aforika borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
O ka kgona go dira thekontle ya meento e e dirisiwang go tlhaba diphologolo ya ba ya phatlaladiwa kgotsa ya rekisiwa mo Aforika Borwa fa fela meento ya mothale o e kwadisitswe go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Menontsha le Dijo tsa Diphologolo, Melemo ya Temothuo le Melemo ya Leruo wa 1947 Molao wa 36 wa 1947 Fertilizers, Farms Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947 Act 36 of 1947.
Fa go le maemo a tshoganyetso mme bolwetse bo tlhasetse e bile go se na moento o o kwadisitsweng mo nageng, go ka tlhokagala go dirisa moento o o sa kwadisiwang. Ka jalo, wena jaaka morekantle wa isago, o tshwanetse go dira kopo kwa Khanseleng ya Taolo ya Melemo (Medicines Control Council) gore o bone lekwalothebolo la Karolo 21 le le go letlang go dirisa moento o o sa kwadisiwang go ya ka Molao wa Taolo wa Melemo le Metswako e e nyalanang le yona (Medicines and Related Substances Control Act) (Act 101 of 1965, as amended by Act 90 of 1997).
O tla tlhoka gape phemiti ya thekontle go tswa kwa go Bokaedi (Directorate Animal Health) gore moento o tsene mo nageng. Phemiti ya thekontle ya mothale o e ntshiwa fa fela o filwe tetla ke ba Khansele ya Taolo ya Melemo (Medicines Control Council) mme e bile o ba naya bosupi. Mo lebakeng la mothale o, moento o o sa kwadisiwang o ka rekisiwa mo sebakeng se le sennye fela go fitlha setlhare se kwadisiwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa moento o sa kwadisiwa mme o dirisiwa jaaka thutopatlisiso, romela lekwalo le le tlhalosang mo pampiring e e nang le setlhogokwalo sa khamphane o le romele go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 (Registrar of Act 36 of 1947) o mo kope phemiti ya thekontle. Lekwalo la gago le tshwanetse go akaretsa dintlha tse di latelang:
o bontsi o leina la kumo o motswako wa moento, go akaretsa dilwana tse di kopantsweng o naga e di tswang kwa go yona o modirakumo o nomoro ya Betšhe ya serekwantle o tsebe ya dintlha tsa setegeniki kgotsa letshwao (ka Seesemane) se se nang le nomoro ya ikwadiso ya setheo sa semolao ya naga e kumo e kwadisitsweng kwa go yona.
o lefelo le kumo e fitlhelang mo go lona o gore kumo e tlhokagala neng o lebaka la gore se se dirwa jaaka thutopatlisiso ya go kwadisiwa ga melemo ya leruo.
o maemo a ikwadiso ya kumo kwa dinageng dingwe (kwa e kwadisitsweng teng)
o motlhagolatsela wa thutopatlisiso o o nang le dintlha tsotlhe (go ya ka ditlhokego tsa VICH GCP), go akaretsa le matlha a go solofelwang go ka simololwa ka ona tlhokomelo e e kgethegileng ya tlholelo ya dijo go tswa mo diphologolong tse di ntshang dijo (di tla beelwa thoko) le maikarabelo malebana le tiriso ya melemo.
Fa e le gore moento o setse o kwadisitswe go ka dirisiwa mo Aforika Borwa go ya ka ditlhokego tsa Molao 36 wa 1947, o tlhoka fela phemiti ya thekontle e le nngwe go tswa go Bokaedi (Directorate Animal Health). Romela khopi ya ikwadiso go ya ka ditlhokego tsa Molao wa 36 wa 1947 ga mmogo le lekwalokopo la gago.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tswee-tswee, dira kopo ya phemiti ya thekontle ya leruo bonnye dibeke di le thataro pele dithoto di rekwa. Fa ngaka ya leruo ya mmuso e rebotse kopo ya gago, go tla tsaya fela dibeke di le pedi go ya go di le tharo tsa tiro pele ofisi ya diphemiti e wetsa tiro ya o aba phemiti.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
