﻿
Kopo ya phemiti ya go dira
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phemiti ya go dira ke tokomane ya semmuso e e neelwang ditšhaba tsa kwa ntle tetla ya go dira le setheo sengwe le sengwe mo Aforika Borwa. Phemiti ya go dira e neelwa fela ditšhaba tsa kwa ntle.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo ya BI-1738 kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa ya boromiwa kwa nageng ya gago ya tlhago.
Dikopo tsa mefuta yotlhe ya phemiti ya tiro di tshwanetse go tsenngwa kwa kantorong e e fa gaufi ya boemedi jwa dipolomata kwa nageng ya mokopi ya tlhago kgotsa kwa dikantorong tse di fa gaufi tsa kgaolo.
Neelana ka dilo tse di latelang:

phaseporoto e e nang le malatsi a ka nna 30 morago ga nako e o neng o ikaeletse go e nna mo Repaboleking.
setifikeiti sa moento se batliwa go ya ka molao
dipegelo/Diraporoto tsa kalafo tsa radioloji. Tsona ga di tlhokege fa ngwana a le ka fa tlase ga dinyaga di le 12 kgotsa fa mosadi a le moimana
go tlhokega setifikeiti sa lenyalo , go batlege le afidefiti ya molekane go ya ka molao o o beilweng, setifikeiti sa loso  kgotsa lekwalo la tlhalano fa e le gore o tlhadile
go tlhokega ditifikeiti tse di feletseng tsa matsalo a bana botlhe ba e leng gore ba tsamaya le mokopi
setifikeiti sa mapodisi se se phimolang melato yotlhe go tswa kwa dinageng tsotlhe tse mokopi le molekane wa gagwe ba kileng ba nna kwa go tsona fa e sale ba nna dinyaga di le 18 mme le bana botlhe ba ba tsamayang le ena ba le ka fa tlase ga dinyaga di le 18 kgotsa go feta fa ba ntse ba le mo Repaboleking
go tlhokega gape Setifikeiti sa moento wa letshoroma le le setlha fa e le gore o ikaelela go etela go tswa kgotsa go feta mo karolong e e nang le letshoroma le le setlha.


Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002,  as ammended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go nako e e beilweng.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



BI-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


