﻿

Kopo ya nomoro ya kwadiso ya pharakano

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Nomoro ya kwadiso ya pharakano e rebolelwa baagi ba kwa ntle ga naga ba ba senang Lekwaloitshupo la Aforika Borwa mme e dira jaaka nomoro e e amogelegang ya boitshupo mo mabakeng a ditiragalo tse di amanang le pharakano. Nomoro ya kwadiso ya pharakano e tlhokega fa motswantle a batla go kwadisa serori mo Aforika Borwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Etela kantoro ya tsa pharakano e e gaufi nao.
Tlatsa foromo ya ANR, Kopo le Kitsiso mabapi le Nomoro ya Kwadiso ya Pharakano
Tlaya le ditlankana tse di latelang:


khopi e e kannweng ya phaseporoto kgotsa tetla ya bonni jwa nakwana
lekwaloitshupo le le rebotsweng ke bothati jo bo amogelegang.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya dibeke tse thataro go diragatsa kopo ya gago.

Godimo

Tlhotlhwa

