﻿
Kopo ya tetla ya nakwana ya serori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Fa o na le serori se se iseng se kwadisiwe le go rebolelwa laesense mme o eletsa go kgweetsa serori seo mo tseleng ya botlhe gore o se kwadise le go se bonela laesense, go se isa kwa borekisetsong jwa dirori, go leka serori seo, go kgweetsa go ya le go boa kwa lefelong la paakanyo, go fitlha kwa motlhatlhobing wa dirori kgotsa busetsa serori seo go mong, o tshwanetse go nna le tetla ya nakwana ya serori.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo ya TSP1, Kopo ya tetla ya nakwana kwa kantorong e e gaufi nao ya pharakano kgotsa bothati jo bo kwadisang.
Romela khopi ya lekwaloitshupo la gago.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.

Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.

Godimo

Tlhotlhwa

