
Kopo ya taelo ya go goga lekgetho- letlole la tholotiro
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kopo e tshwanetse go romelwa fa motho a fitlhile dingwaga tsa go rolatiro mme a eletsa go dirisa ditshiamelo tsa kokoanyetso e e leng mo pholising ya tholotiro.

Kopo e, e ka diriwa gape fa leloko le eletsa go isa dipoelo tsa gagwe ka fa tlase ga letlole pholisi ya tholotiro e le nngwe.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya go gogelwa lekgetho mme o e romele kwa go South African Revenue .
Bonnye jwa kopo ya tshedimosetso e e latelang bo a batlega go tsweletsa kaelo ya kopo:

sefane sa moduelalekgetho
ditlhakaina tsa moduelalekgetho
letlha la botsalo jwa moduelalekgetho
nomoro ya bukana ya boitshupo/pasa ya moduelalekgetho kgotsa nomoro nngwe e e tlhophilweng
mofuta wa kaelo ya kopo
mabaka a go dira kopo ya kaelo
aterese ya bonno le khoutu ya poso ya moduelalekgetho
aterese ya poso le khoutu ya poso ya setheo kgotsa mothapi
moputso wa ngwaga wa moduelalekgetho.

Fa nomoro ya tshupetso ya lekgetho e ise e neelwe, neela mabaka a go se ikwadise.

Mokgwa o o bonolo wa go dira kopo ya kaelo ya lekgetho ke go o dira ka eFiling. Kopo ya gago ya kaelo ya lekgetho ka tirelo e, ka gale e rebolwa mo diureng di le 48.

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo ya go dira kaela ya lekgetho e dirwa ka eFiling mme ka gale e rebolwa mo diureng di le 48.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Tlatsa le go romela kopo ya gago ka inthanete. Kgotsa, ntsha le go tlatsa foromo ya Request for a Tax Deduction Directive, Form C  .

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


