﻿

Kwadiso e e kgethegileng jaaka rasaense wa tsa tlhago wa porofešenale – Temogo ya thuto ya pele le maitemogelo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Khansele ya Aforika Borwa ya Diporofešene tsa Saense ya Tlhago  e lemoga ntlha ya gore go batho bangwe ba ba se kileng ba nna le tšhono ya go bona dithuto tse di kwa godimo tse di tlhokwang ke Khansele go ka kwadisiwa seporofešenale. Le fa go le jalo, batho bao ba ka bo ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense mo dingwageng di le dintsi mme ba ka tswelela go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang.

Khansele e sweditse go tlamela batho ba ba jalo ka tšhono ya go dira kopo ya go kwadisiwa jaaka Borasaense ba tsa Tlhago ba Porofešenale ka fa tlase ga mabaka a a rileng.

Mongwe le mongwe yo o senang dithutego tse di amogelwang ke Khansele a ka dira kopo.

Badirakopo ba tshwanetse go:

tlotliwa ke bakaulengwe ba bona ka boitseanape jwa bona mo lekaleng le le tlhophilweng

ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense

ba na le bonnye maitemogelo a dingwaga di le lesome tse di sa kgaodiwang, a le maleba e bile e le a porofešenale pele ga go dira kopo mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona.


Ela tlhoko: Fa o ne o tlogetse porofešene ya gagwe mo pakeng ya dingwaga tse lesome, o ka se letlwe go kwadisiwa ka fa tlase ga paka.

Tshekatsheko ya dikopo e tla dirwa kwa Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba, tumelelo ka Komiti ya Kwadiso ya SACNASP le tetla ka Khansele e e tletseng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo ya kwadiso.
Isa foromo e e saennweng ga mmogo le photefolio ya dintlha ka ga thuto le maitemogelo e e nang le:

bopaki jwa katiso ya semmuso le e e seng ya semmuso – dikhopi tse di kannweng tsa ditifikeiti tsa digerata kgotsa dipoloma, go akaretsa rekoto ya dirutwa ya dithutego tse
rekoto ka botlalo e e maleba ya maitemogelo a porofešenale mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona
lenaneo la dikgatiso
bopaki jwa botokololo jwa mekgatlo ya dirutegi, sk. ; Setheo sa Dikhemikhale sa Aforika Borwa ; Mokgatlo wa Thutalefatshe wa Aforika Borwa .

Bonnye dipegelo tse tharo tse di feletseng  tse o di rulagantseng kgotsa o nnile le seabe se segolo mo go tsona. Fa e le gore ga o kgone go romela dipegelo tse ka ntlha ya sephiri, seabe sa gago se tshwanetse go kgona go netefadiwa.
Afitafiti e e tlhalosang gore ke tiro ya gago le go tlhalosa seabe sa gago mo dipegelong tse o di rometseng.
Diafitafiti ka batho ba babedi ba ba ka netefatsang bokgoni le boitseanape jwa gago mo lekaleng la tiro la gago.

Godimo

Molao o dirisiwang

.

Natural Scientific Professions Act, 2003  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kwadiso e ka tsaya dibeke tse 6 go ya go 8 go ka gore a ditlankana tse di tlhokegang di rometswe.
Setlhopha sa bonnye batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke Komiti-Kgakololo ya Porofešene  e e maleba ya SACNASP se tla go botsolotsa.

Ditlamorago tsa tshekatsheko di tla itsiwe fela morago ga kopano ya Khansele.


Godimo

Tlhwatlhwa

Registration fees including Vat:

Professional Natural Scientist: R665 per field of practice
Candidate Natural Scientist: R365 per field of practice
Certificate Natural Scientist: R430 per field of practice
Upgrading of registration status: R665 per field of practice

Annual fees including Vat:

Professional Natural Scientist: R600 per field of practice
Candidate Natural Scientist: R240 per field of practice
Certificate Natural Scientist: R385 per field of practice
Pensioner : R130

Go banka ka mokgwa wa ileketeroniki kgotsa diphetisetso ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa ntlha le sefane go supa tuelo ya gago mo setatamenteng sa rona sa banka mme o romele bopaki jwa tuelo mmogo le tsebe ya ntlha ya foromo ya gago ya kopo go  841 1057 ka fekese.

Dintlha tsa banka:
Beneficiary: SACNASP
Nedbank
Branch: Silverton
Branch code: 164445
Account No: 1644292289

Godimo

Diforomo tse tladiwang

.

Application for Professional Registration 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


