﻿



Kopo ya go rulaganya thutokatiso  jaaka moneelakatiso






Tlhaloso 



Baneelakatiso ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka mokgwa wa katiso o ba ka neelanang ka ona. Ba tshwanetse go neelwa makwalotshupo ke Bothati ba Bodirelo jwa Thuto le Katiso  pele ba ka simolola ka katiso. Baneelakatiso le bathapi ba bopa semophato go simolola dithutokatiso .



Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.



Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa .



Bannelakatiso ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka  manaanekatiso a ba ka neelanang ka ona.
Baneelakatiso ba tlhoka go neelwa makwalotshupo ke SETA. Baneelakatiso ba ba sa neelwang makwalotshupo ba ka se kgone go neelana ka thutokatiso .
Fa e le gore o neetswe makwalotshupo, moneelakatiso o tshwanetse:
A bope thulaganyo ya dithuto tsa thutokatiso  go ya ka boemo jo bo beilweng ke Bothati ba Makwalothuto ba Aforika Borwa ;
Latela thuto, katiso le mekgwa ya tsweletsopele e e itekanetseng; le
Ikwadise jaaka Mokatisi wa Thuto le Katisotswelotsopele 
Fa baneelakatiso ba tlhophile thutokatiso , ba tshwanela ke go bona bathapi ba ba ka neelang barutwana maitemogelo a mo tirong.


Baneelakatiso le bathapi ba tla neela barutwana maitemogelo a mo tirong a ba tshwanetseng go dumalana ka ona jaaka:
Palo ya barutwana ba ba tla fiwang katiso.
Mokgwa wa go tlhopha barutwana; le
Le gore ba tla bona  jang barutwana.

Barutwana e ka nna badiri ba ba setseng ba thapilwe ke mothapi kgotsa batho ba ba sa direng. Ikgolaganye le lefelo la tshedimoseto ya ditiro le le fa gaufi go tlhotlhomisa gore Lefapha la Ditiro le thusa jang barutwana ba ba sa direng.
Bathapi, baneelakatiso le barutwana ba tshwanetse go saena tumalano ya thutokatiso .
Baneelakatiso ba tshwanetse go simolola katiso ka letlha le go dumalaneng ka lona mo tumalanong ya thotukatiso .



Melao e e dirisiwang 



Skills Development Act, 1998 
Basic Conditions of Employment Act, 1997 , Sectoral Determination No 5

Boemo jwa Tirelo



E ka tsaya malatsi a le 30 go baakanya go tlhoma thutokatiso 



Tlhotlhwa 



Ga go duelwe sepe.



Diforomo tse di tshwanesteng go tladiwa 



Dira kopo kwa Lefapheng la Ditiro





Bodirelo, diaterese le megala






