﻿

Go busiwa ga tshedimosetsokakaretso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go busiwa ga tshedimosetsokakaretso e dumelela bathapi go neela Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho ka dintlha ka ga bathapiwa ba bona bao ba neng ba sa gogelwe lekgetho jaaka go tshwanetse ka Molao wa Lekgetho wa 1962.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Karolo A: tiro le ditirelo  tse di busiwang.

Mo mabakeng a go fitlhelwang selekanyo sa moputso wa ngwaga wa mothapiwa se lekana le R2000 kgotsa se le ka fa tlase mme lekgetho la mothapiwa le ne le sa gogiwe, IT3 kgotsa lenane, go ya ka go latelana ga dialefabete, le le tlhalosang tshedimosetso ka botlalo, le tshwanetse go neelwa mongwe le mongwe. Go tlhokega:

tlhakaina le sefane kgotsa leina la kgwebo
nomoro ya tshupetso ya lekgethotseno 
nomoro ya Setlankana sa Boitshupo kgotsa paseporoto
aterese
moputso
nako eo a neng a thapilwe kgotsa letlha le le tswang mo go yona
IT3 e tla neelwa mo mabakeng a a latelang:

Fa moputso otlhe wa mothapiwa kgotsa o o lekaneng le wa ngwaga o lekana le wa bonnye ba R2000 mme o sa fete serepodi sa lekgetho.  e tshwanetse go neelwa).
Fa palokgotlhe ya moputso  e sena lekgetho le le gogilweng.
Tuelo nngwe le nngwe e e duetsweng motho yo o neelaneng ka ditirelo kgotsa tse di sa yang go neelwa go tswa mo lekgethong le le sa gogiwang.

Se neele ka namana go ya ka tse di latelang:

Tuelo e e duetsweng ya ditirelo tse di neetsweng ke batho mo go direng tiro ya bona ya semmuso, Sekao. dingaka, boramolao, diafokate, bommalamatlotlo,le moruni.
Moputso ofe kapa ofe  kgotsa o o sa tlhagisiwang mo setefikeiteng sa IRP5.
Moputso kgotsa se se lekanang le ona ka ngwaga se sa fete R2000 mo ngwageng wa lekgetho.


Karolo B: Dithoto, dipeeletso, ditshwanelo le dikatso

Neelana ka dintlha mabapi le tefo e e duetsweng kgotsa e o e neetsweng mokitlana go ya ka:

merokotso ya dikadimo le peelo ya ntlo 
morokotso mo matloleng a a beeleditsweng ke wena
morokotso mo tshupamolatong
morokotso mo tshupamatlotlong e e bolokelang
karolelo mo diabong
khiro e e duetsweng ke wena jaaka mohiri kgotsa e e tserweng ke wena jaaka moemedi
dikatso kgotsa tuelo e e duetsweng go dirisa patente, popo, letshwaokgwebo kgotsa tetlokgatiso kgotsa go neelana ka kitso e e tsamaisanang le tiriso ya patente mo Aforika Borwa.

Karolo C: Tshekego ya terasete ya yuniti kgotsa didiriswa dingwe tsa matlole  lenane)

Neelana ka dintlha tse di latelang go ya ka tshekego ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole boemong jwa motho ofe kapa ofe:

tlhaloso ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole
palo ya diyuniti kgotsa didiriswa tse di sekegilweng
boima jo bo lekanyetswang boleng mo tshekogong 
ditswamoputsong tse di sekegilweng
madi a a fitlhelwang mo moputsong morago ga ditefelo a bonwe kgotsa a latlhegile go ya ka tshekego.

Karolo D: Ditswatemong, makgong, leruo, tshipi, dimenerala, matlapana a mabonwa le dikatso tse di duetsweng go ditokololo tsa dikhamphani tsa matsema le mekgatlho  lenane)

Neelana ka ditlankana tsa:

Ditswatemong tsotlhe, makgong, leruo, tshipi, diminerala, le matlapana a mabonwa a a fitlhetsweng ke wena ka theko, kananyo kgotsa thefosanyo .
Ditswatemong tsotlhe, lekgong, leruo, tshipi, diminerale le matlapana a a rekisitsweng ke wena jaaka moemedi wa moumusi.
Dikuno, tshipi kgotsa diminerale tse di rometsweng ke wena jaaka moemediwa wa mmumuso mo thomelong
Dikatso tse di duetsweng ditokololo tsa dikhampani tsa matsema kgotsa mekgatlho.

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  – 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go nakao e e tsepameng.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga go duelwe sepe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Return of general information, IT3 
Return of general information schedule (Ga di bonwe mo inthaneteng. Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


