
Kopo ya go rudisa kgwebo e e kopetsweng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Fa kgwebo e e kopetsweng e setse e kwalolotswe, kopo e ka dirwa go e rudisa, fa fela go ka latelwa dithulaganyo tse di tlhokegang.

Maemo a CC sa ntlha a tshwanetse go tlhomamisiwa le CIPRO ka gonne Batirelo ya Lotseno lwa Aforika borwa SARS ba ka bo ba setse ba kwadile kopo ya go kwalolola kgwebo e e kopetsweng e e rileng..

R150 e tshwanetse go tsenngwa kgatlhanong le khouto ya moreki mme e tla gogiwa go tswa mo akhaontong ya moreki morago ga go romela foromo.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, o ka ya go Companies and Intellectual Property Registratiion Office.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Sitlholola foromo ya kopo, CK3.
Romela afidafiti, e e saenilweng e bile e tempilwe ke Mokomisenare wa Dikano, ke motho mongwe le mongwe o tlhagisa mabaka a gore ke goreng o dirile kopo go rudisa CC ya gago.

Fa e le gore kgwebo e e kopetsweng e ne e na le thoto e e tlhomameng, bona lekwalo le le tlhomamisitsweng ke Lefapha la Ditiro tsa Setshaba ga mmogo le Lotseno la Bosetshaba gore ga ba na kemokgatlhanong fa kgwebo e e kopetsweng e rudisiwa.

Maikaelelo a go nna jaana a tshwanetse go bapatswa mo lekwalodikgannyeng la selegae go leka go netefatsa kgatlhego ya setshaba mo kgwebong e e kopetsweng le go rudisiwa ga yona

Boipelaetso bongwe le bongwe, jo bo tla tlhagisiwa. Fa go na le Mokwadise wa Dikhamphane, Mokwadise wa Khamphane o tshwanetse go itsisiwe ka kemokgatlhanong ya mothale mo malatsing a le 30 a kwalololo.

Godimo

Molao o dirisiwang

Close Corporations Act, 1984 , Section 26

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go rudisiwa ga kgwebo e e kopetsweng go ka tsaya malatsi a le 30 go ya go 40.

Godimo

Tlhotlhwa

R150

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for restoration of CC-CK3 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


