
Kopo ya go beeletsa leina la kgwebo e e kopetsweng, kgotsa sebopego sa lona se se fetoletsweng kgotsa se se khutswafaditsweng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kgwebo e e kopetsweng CC ke kgwebo e e bobebe e bile e kgona go obaobega fa e bapisiwa le khamphane. CC e tshwanetse dikgwebo tse dinnye. Ditlhokego tsa tsamaiso le taolo tsa CC ga di marara jaaka tsa khamphane.

Leina le le tshitshingwang la CC le tshwanetse go sekasekwa pele le rebolwa kgotsa le ganwa. Ofisi ya Ikwadiso ya Kgwebo e e kopetsweng e tla tlhomamisa go rebolwa kgotsa go ganwa ga leina ka lekwalo, emeile, poso go go itsise fa leina le amogetswe kgotsa le gannwe.

Leina le le rebotsweng le ka dirisiwa dikgwedi di le pedi.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomo CK7 le CM5.
Isa foromo ya kopo kwa ofising ya CIPRO.

Go tla phuruphutsiwa go netefatsa fa go na le maina a a seng matshwanedi, a a bapisang, a a sa letlelelwang kgotsa a a rumolanang.

Godimo

Molao o dirisiwang

Close Corporation Act, 1984  
Business Names Act, 1960  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Peeletso ya leina e ka tsaya malatsi a le mararo go ya go a le supa.

Godimo

Tlhotlhwa

R50

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Reserve Close Corporation's name, CK7

Application for reservation of name/translated form/shortened/defensive name, CM5


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


