﻿

Kopo ya go ntsha matlolo a diphenšene le a pabalelo 

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kopo e e tshwanetse go tlisiwa go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho   ke motho a tswa mo tirong, a rola tiro, a neelwa madi a kokeletse ya moputso, ditshiamelo tse di tsewang, tlhaloso"moputso otlhe" mo temaneng  dituelo jaaka e tlhalosiwa ka fa Molaong wa Lekgetho la Letseno, la 1962 kgotsa phetiso ya leloko la ditshiamelo go tswa go phenšene kgotsa letlole la pabalelo, kgotsa fa go fitlhelwang gore letlole la phenšene kgotsa a letlole la pabalelo le akareditswe.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ntsha foromo go tswa mo e-meileng mme o e tlatse mo gotlhe, o e romele pele o duela mokoma mo letloleng la mongtokololo.
Neelana ka nomoro ya setlankana sa boitshupo kgotsa boitshupo jo bongwe  ya tokololo. Tiriso ya setlankana sa boitshupo e a akanyetswa.
Neela ka aterese ya poso le ya lefelo la bonno ya tokololo.
Sekaseka letseno la moputso wa tokololo la ngwaga ka go nepagala go go kgonegang. E ka nna ya se nne ka fa tlase ga palogare ya moputso wa tokololo  mo ngwageng o le o latelang wa tshekatsheko.
Taelo nngwe le nngwe ya go ntsha madi e e ntshiwang ke SARS e e tshwanelang go latelwa.

Mokgwa o o bonolo wa go dira kopo ya kgakololo mo tuelong ya lekgetho ke go e dira ka eFiling. Kopo ya gago ya go dira kgakololo ya go duela lekgetho ka tirelo e fetisiwa mo diureng di le 48.

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  – 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo ya kgakololo ya go duela lekgetho ka eFiling e fetisiwa mo diureng tse 48.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga go duelwe sepe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Tlatsa le go romela kopo ya gago ka inthanete. Kgotsa, ntsha le go tlatsa foromo ya - Request for a tax directive: Form B) .

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


