﻿

Go bega bosenyi/molato mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e, e neelwa motho mongwe le mongwe yo o leng motswasetlhabelo wa bosenyi/molato.

Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa   e tla bula dokete ya kgetse e le go batlisisa ka bosenyi/molato, mme ba tshware ya mmelaelwa le go tlisa kgetse mo kgotlatshekelong go sekwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Fa motho e le motswasetlhabelo wa bosenyi, o tshwanetse go ikgolaganya le sepodisi ka go leletsa mogala mo go 10111 kgotsa a ka ya kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng fa gaufi.  go bega tshenyo/molato

Fa motlhankedi wa sepodisi a fitlha mo lefelong le go nang le bosenyi/molato fa teng, o tshwanetse go kwala setatamente/pego go tswa mo go mongongoregi le paki fa go kgonagalang teng.

Motlhankedi wa sepodisi o tla ya kwa seteišeneng sa mapodisi, go kwadisa molato mo Thulaganyong ya Bosenyi/molato mo , mme a neye mongongoregi tshupetso e e bidiwang gore ke nomoro ya CAS.

Mongongoregi o tshwanetse go netefatsa gore o na le nomoro e ya CAS jaaka tshupetso ya dipatlisiso mo nakong e e tlang mabapi le kgetse ya bosenyi/molato

Fa e le gore mongongoregi o etela seteišene sa mapodisi sa mo gae go ya go bega bosenyi/molato, o tshwanetse go siamisediwa ke motlhankedi wa sepodisi Kwa lefelotshedimosetsong la Ditirelo tsa Sepodisi.

Motlhankedi wa sepodisi o tla simolola pele ka go tshwara ditherisano morago a tseye setatamente go tswa go mongongoregi fa a fetsa o tla kwadisa bosenyi jo ka mo CAS.

Mongongoregi o tla neelwa nomoro ya CAS e ka yona a tla kgonang go dira ditlhotlhomiso ka yona ka dinako tsotlhe maleba le kgetse e e begilweng..

Fa go fetswa ka dokete e, e neelwa letseka mme ena o tla dira dipatlisiso. Ditlhotlhomiso malebana le kgetse eo, di ka lebantshwa letseka le.

Letseka le le tshwaraganeng le kgetse e e rileng, le tla fetsa dipatlisiso tsa lona mme a tlhagise dokete e kwa kgotlatshekelong e e maleba gore molato o, o tle o sekiwe mme o atlholwe.

Letseka le, le tla itsise mongongoregi gore a ka tla kgotlatshekelong leng.


Godimo

Molao o dirisiwang



South African Police Service Act, 1995  

Godimo

Boemo jwa tirelo

O tla thusiwa ka bonako.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e, ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Motlhankedi wa lepodisi yo o kwalang setatamente sa gago ke ena yo o tla tlatsang foromo.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


