﻿
Kopo ya go ntšhwafatsa kgotsa go phimola ikwadiso ya kalafi ya temothuo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Dikalafi tsotlhe tse di rekwang ntle go tliswa mo Aforika Borwa, tse di dirwang mono, di baakanngwa kgotsa di rekisiwa mo Aforika Borwa di tshwanetse go kwadisiwa le Mokwadise go ya ka Molao 36 wa 1947.

Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ntšhwafatso:

tlatso foromo ya kopo  ka seraro mme o gatise ka go dirisa ditlhakakgolo fela
isa foromo ya kopo go Mokwadise: Molao wa 36 wa 1947
letlha la bofelo la go amogela diforomo tsa ntšhwafatso ke 30 Seetebosigo.

Go phimola:

tlatsa foromo B ka seraro mme o gatise o dirisa ditlhakakgolo fela
isa setefikeiti sa tota sa ikwadiso.

Dintlha tsa mokopi:

tlatsa foromo C gore mokwadise a kgone go baakanya rekoto ya lefelo, aterese le megala ga mmogo le motho yo go tshwanetsweng go ikgolaganya le ena.


Godimo

Molao o dirisiwang

Fertilizers, Farm Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ntšhwafatso e dirwa fa madi a amogelwa.

Godimo

Tlhotlhwa

R2 480

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


